YouVersion Logo
Search Icon

JOŠUA 24

24
Taelo ya ga Jošua
1Jošua a ba a phuthela ditso tsotlhe tsa Iseraele kwa Šegeme, a bitsa bagolo ba Baiseraele le ditlhogo tsa bone le baatlhodi ba bone le bakwaledi ba bone. Ba tla ba eme fa pele ga Modimo. 2Ke fa Jošua a raya morafe otlhe a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Bogologolo borraeno ba ne ba agile kwa moseja ga noka ya Ferathe, e bong Thara rraagwe Aborahame le rraagwe Nahore, ba direla medimo e sele. 3Mme ke tsere rraeno Aborahame kwa moseja ga noka ya Ferathe, ka mo tsamaisa mo lefatsheng lotlhe la Kanana, ka atisa losika lwa gagwe, ka mo naya Isaka. 4Mme Isaka ka mo naya Jakobe le Esau. Ka naya Esau dithaba tsa Seire gore e nne tsa gagwe. Mme Jakobe le bana ba gagwe ba ya kwa Egepeto. 5Ka roma Moše le Arone, ka betsa Baegepeto jaaka ke dirile mo go bone. Morago ga moo ka lo ntsha teng. 6Ka ntsha borraeno kwa Egepeto, lwa fitlha fa lewatleng, mme Baegepeto ba latelela borraeno ka dikoloi tsa ntwa le ka bapalami kwa Lewatleng la Motlhaka. 7Ke fa ba lelela Moreneng, mme a baya lefifi fa gare ga lona le Baegepeto, a ba nwetsa mo lewatleng, la ba bipa. Matlho a lona a bonye tse ke di diretseng Baegepeto. Jaanong lwa nna mo sekakeng malatsi a mantsi.
8“ ‘Morago ga moo ka lo isa kwa lefatsheng la Baamori ba ba neng ba agile kwa moseja ga Joretane; ba tlhabana le lona, mme ka ba neela mo diatleng tsa lona, lwa thopa lefatshe la bone, ka ba nyeletsa fa pele ga lona. 9Ga tsoga Balake morwa Siphore, kgosi ya Moabe, a lwa le Iseraele; a roma a bitsa Bileame morwa Beore gore a lo hutse. 10Mme ka gana go utlwa Bileame, mo a bileng a lo tshegofatsa; ka lo pholosa jalo mo diatleng tsa gagwe. 11Mme ya re lo tshela Joretane, lo fitlha kwa Jerigo, beng ba Jerigo ba tlhabana le lona, bone Baamori le Baferesi le Bakanana le Bahethe le Bagiregasi le Bahewi le Bajebusi, mme ka ba neela mo diatleng tsa lona. 12Ka roma mefu, ya lo etelela pele, ya ba leleka gore ba lo tshabe jaaka dikgosi tse pedi tsa Baamori, e se ka ditšhaka tsa lona le e seng ka mara a lona. 13Ka lo naya lefatshe le lo sa itapisang ka lone le metse e lo sa e agang; lo nna mo go yona. Lo ja masimo a moweine le ditlhare tsa olefa tse lo sa di jwalang.’
14“Jaanong he, boifang Morena, lo mo direle ka nnete le ka boikanyego! Tlosang medimo e borraeno ba neng ba e direla kwa moseja ga noka ya Ferathe le kwa Egepeto, lo direle Morena. 15Mme fa e le bosula mo matlhong a lona go direla Morena, itlhopheleng kajeno yo lo ratang go mo direla, a medimo e borraeno ba neng ba e direla ba le kwa moseja ga noka ya Ferathe kampo medimo ya Baamori ba lo agileng mo lefatsheng la bone, mme nna le ba lapa la me re tla direla Morena.”
16Ke fa morafe o araba o re: “A go nne kgakala le rona go ka tlogela Morena le go ka direla medimo e sele. 17Gonne Morena ke Modimo wa rona; ke ona o o re ntshitseng le borraetsho kwa lefatsheng la Egepeto kwa ntlong ya botlhanka; ke ona o o dirileng ditshupo tse dikgolo tsele mo matlhong a rona; ke ona o o re bolokileng mo tseleng yotlhe e re e tsamaileng le mo merafeng yotlhe e re neng re e raletse. 18Ke ene Morena yo o lelekileng merafe yotlhe eo le Baamori, baagi ba lefatshe le fa pele ga rona. Le rona re rata go direla Morena; gonne ke ene Modimo wa rona.”
19Mme Jošua a raya morafe a re: “Ga lo ne lo kgona go direla Morena; gonne ene ke Modimo o o boitshepo, ke Modimo o o lefufa; ga o kitla o lo itshwarela ditlolo tsa lona le maleo a lona. 20Gonne fa lo ka tlogela Morena, lwa direla medimo e sele, o tla lo fetogela, a lo direla tse di botlhoko, a lo nyeletsa a sena go lo direla tse di molemo.”
21Mme morafe wa raya Jošua wa re: “Nnyaya, re tla direla Morena.”
22Ke fa Jošua a raya morafe a re: “Lona lo itshupela ka losi, fa lo itlhophetse Morena go mo direla.” Ba re: “Ee, re a itshupela.”
23“Ka moo he tlosang medimo e sele e e mo go lona, mme a dipelo tsa lona di sekamele ka fa Moreneng, Modimo wa Iseraele!”
24Ke fa morafe o raya Jošua o re: “Re tla direla Morena, Modimo wa rona, re utlwa lentswe la ona.”
25Jošua a tlhomamisetsa morafe kgolagano ya Modimo jalo ka letsatsi leo, a o beela molao le ngwao kwa Šegeme. 26Jošua a ba a kwala mafoko ao mo lokwalong lwa molao wa Modimo, a ba a tsaya letlapa le legolo, a le tlhoma teng fa tlase ga setlhare sa eike, se se fa Tempelaneng ya Morena. 27Mme Jošua a raya morafe otlhe a re: “Bonang, letlapa le e tla nna mosupi ka ga rona; gonne le utlwile mafoko otlhe a Morena a o a buileng le rona; le gona e tla nna mosupi ka ga lona, e se re gongwe lwa itatola Modimo wa lona.” 28Ke fa Jošua a naya morafe tsela, mongwe le mongwe a boela kwa legaeng la gagwe.
Loso lwa ga Jošua le lwa ga Eleasare
29Mme morago ga dilo tseo Jošua morwa Nune motlhanka wa Morena a swa a le dinyaga di le 110. 30Ba mo fitlha mo nageng ya gagwe kwa Thimenatshera e e kwa dithabeng tsa Eferaime ntlheng ya bokone ya thaba ya Gaaše. 31Baiseraele ba ne ba direla Morena ka malatsi otlhe a ga Jošua le ka malatsi otlhe a bagolo ba ba neng ba phela sebaka se seleele sehularong sa ga Jošua, e le ba ba itseng ditiro tsotlhe tsa Morena tse o di diretseng Baiseraele. 32Le marapo a ga Josefa a Baiseraele ba duleng nao kwa Egepeto ba a fitlha mo Šegeme mo karolong ya tshimo e Jakobe o neng a e rekile mo go bomorwa Hemore rraagwe Šegeme ka dipapetlana tsa madi di le kgolo, a ba a e naya Josefa go nna boswa. 33Le Eleasare morwa Arone, e rile a swa, ba mo fitlha mo motseng wa Gibea wa ga Phinehase morwawe, o a o filweng kwa dithabeng tsa ga Eferaime.

Currently Selected:

JOŠUA 24: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy