YouVersion Logo
Search Icon

JOŠUA 1

1
Morena o laela Jošua gore Baiseraele ba ipaakanyetse go tsaya Kanana
1Morago ga loso lwa ga Moše, motlhanka wa Morena, Morena a raya Jošua morwa Nune, modiredi wa ga Moše, a re: 2“Moše, motlhanka wa me o sule. Jaanong tloga o tshele noka e ya Joretane wena le morafe otlhe o, lo tsene mo lefatsheng le ke le nayang bone Baiseraele. 3Felo gongwe le gongwe kwa dipato tsa dinao tsa lona di tla gatang teng ke go lo neile jaaka ke boleletse Moše. 4Go tloga kwa sekakeng le kwa Lebanone go ya go fitlha kwa nokeng e kgolo, e bong ya Ferathe – lefatshe lotlhe la Bahethe – le go fitlha kwa lewatleng le legolo le le kwa bophirimatsatsi, e tla nna naga ya lona. 5Ga go na ope yo o tla kgonang go emelana nao ka malatsi otlhe a bophelo jwa gago. Ke tla nna nao jaaka ke ne ke na le Moše. Ga nkitla ke go nyemisa moko le e seng go go tlogela. 6Tia o nne pelokgale; gonne lefatshe le ke le ikanetseng borraabo go le ba naya, wena o tla le abela morafe o go nna boswa jwa ona. 7Fela o tie, o nne pelokgale thata go ela tlhoko gore o dire ka fa molaong otlhe o Moše, motlhanka wa me, a o go laetseng. Se o fapoge mo ntlheng ya le le jang le e seng mo go ya la molema gore tiro ya gago e tswelele pele sentle gongwe le gongwe kwa o tla yang teng. 8A lokwalo lo lwa molao lo se tloge mo molomong wa gago, o lo akanye bosigo le motshegare gore o ele tlhoko go dira tsotlhe ka fa di kwadilweng ka teng mo go lone; gonne foo o tla tlhogonolofala mo ditseleng tsa gago; foo o tla tswelela pele sentle. 9Kana ke go laetse ka re: Tia o nne pelokgale! Ka moo se rerege, o se kgobege marapo. Gonne Morena, Modimo wa gago, o na nao gongwe le gongwe kwa o tla yang teng.”
Jošua o laola Baiseraele
10Jaanong Jošua a laola baokamedi ba morafe a re: 11“Ralalang bothibelelo, lo laele morafe lo re: ‘Ipaakanyetseng mefago, gonne lo tla tshela Joretane yo morago ga malatsi a le mararo gore lo tsene lo thope lefatshe le Morena, Modimo wa lona, o le lo nayang gore e nne la lona.’ ”
12Gape Jošua a raya Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase a re: 13“Gakologelwang lefoko le Moše, motlhanka wa Morena, o le lo laetseng a re: ‘Morena, Modimo wa lona, o lo ikhutsisitse, a lo naya lefatshe le.’ 14A go sale basadi ba lona le bana ba lona le diruiwa tsa lona mo lefatsheng le Moše o le lo neileng ka kwano ga Joretane, mme lona lotlhe ba lo leng bagale ba mephato, tshelang lo etelele ba ga lona pele lo tshotse marumo, lo ba thuse, 15go fitlhelela Morena a be a ikhutsise bomorwa-rraeno jaaka lona, mme le bone ba be ba thopile lefatshe le Morena, Modimo wa lona, o tla le ba nayang. Morago ga moo lo ka boela kwa lefatsheng le e leng la lona, lwa le rua, le Moše, motlhanka wa Morena, o le lo neileng ka kwano ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi.”
16Ba araba Jošua ba re: “Re tla dira tsotlhe tse o di re laelang; re tla ya gongwe le gongwe kwa o re romang teng. 17Re tla go utlwa mo dilong tsotlhe fela jaaka re utlwile Moše. Fela a Morena, Modimo wa gago, a nne nao jaaka a ne a na le Moše. 18Mongwe le mongwe yo o ganetsang se o se bolelang, a sa utlwe mafoko a gago mo go tsotlhe tse o di re laelang, a a bolawe! Fela tia, o nne pelokgale.”

Currently Selected:

JOŠUA 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy