YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 7

7
Bomonnaa Jesu ga ba dumele
1Morago ga tseo Jesu a nna a tsamaya mo Galelea; gonne o ne a sa rate go tsamaya mo Jutea, ka Bajuta ba batla go mmolaya. 2Jaanong moletlo wa Bajuta wa Metlaagana o ne o le gaufi. 3Ke fa bomonnawe ba mo raya ba re: “Tloga mono, o ye kwa Jutea gore le barutwa ba gago ba bone ditiro tsa gago tse o di dirang. 4Gonne ga go ope yo o dirang sengwe mo sephiring, fa ene ka esi a batla go nna mo ponatshegong. Fa o dira dilo tse, iponatse mo lefatsheng.” 5Gonne le bone bomonnawe ba ne ba sa dumele mo go ene ka sebaka sele.
6Jesu a ba raya a re: “Nako ya me ga e ise e tle, mme lona lo ka dira ka nako tsotlhe. 7Lefatshe ga le ka ke la lo tlhoa, mme nna le ntlhoile; gonne nna ke ntse ke supa ka ga lone gore ditiro tsa lone di bosula. 8A go ye lona kwa moletlong, nna ga ke ye kwa go ona jaanong; gonne nako ya me ga e ise e tlale.” 9E rile a sena go bua dilo tseo nabo, a sala mo Galelea.
Jesu o ya kwa Jerusalema
10Ya re bomonnawe ba sena go ya, le ene a ya kwa moletlong, e se mo pepeneneng, mme e le mo sephiring. 11Ke fa Bajuta ba mmatla mo moletlong ba re: “Yole o kae?”
12Mme go ne go le phapaano e kgolo mo bathong ka ntlha ya gagwe; gonne bangwe ba ne ba re: “O molemo;” ba bangwe ba re: “Nnyaya, kana o timetsa batho.” 13Le fa go ntse jalo ga bo go se ope yo o buang ka ga gagwe ka phuthologo ka ntlha ya go boifa Bajuta.
Jesu o emela thuto ya gagwe
14E rile e setse e le fa gare ga moletlo, Jesu a ya kwa Tempeleng, a ruta. 15Ke fa Bajuta ba gakgamala ba re: “Monna yo, o itse Dikwalo jang, etswe a sa rutwa?”
16Jesu a ba araba a re: “Thuto ya me ga se ya me, ke ya yo o nthomileng. 17Fa motho a rata go dira thato ya Modimo, o tla itse ka ga thuto gore a e tswa go ona, kampo ke bua se se tswang mo go nna fela. 18Yo o buang se se tswang mo go ene fela o ipatlela tlotlo; mme yo o batlang tlotlo ya yo o mo romileng, yoo ke ene wa nnete, ga go na tshiamololo epe mo go ene. 19A Moše ga a a lo naya molao? Mme le fa go ntse jalo ga go ope wa lona yo o tshegetsang molao. Lo batlelang go mpolaya?”
20Batho ba araba ba re: “O a tsenwa; ke mang yo o batlang go go bolaya?”
21Jesu a ba araba a re: “Ke dirile tiro e le nngwe fela, mme lo gakgametse lotlhe. 22Moše o lo neile bogwera; – e se gore bo tswa mo go Moše, bo tswa mo go borraeno – mme lo a tle lo rupise motho ka letsatsi la Sabata. 23Fa motho a rupisiwa ka Sabata, gore molao wa ga Moše o se dirololwe, ke eng fa lo nkgalefetse, fa ke fodisitse motho yotlhe ka Sabata? 24Se atlholeng ka fa lo bonang; atlholang ka katlholo e e siameng.”
Jesu ke mang?
25Jaanong bangwe ba Jerusalema ba re: “Yoo a ga se ene yo ba batlang go mmolaya? 26Kana o bua ka phuthologo, mme ga ba mo ree sepe. A jaana ruri balaodi ga ba a lemoga, fa e le ene Keresete? 27Mme re itse kwa monna yo a tlhagang teng; mme motlhang Keresete a tlang, ga go ope yo o tla itseng kwa a tlhagang teng.”
28Foo Jesu a tsholetsa lentswe mo Tempeleng, a ruta a re: “A lo a nkitse, a lo itse kwa ke tswang teng? Kana ga ke a itlisa, mme yo o nthomileng ke wa nnete, yo lo sa mo itseng. 29Nna ke a mo itse; gonne ke fa go ene, e bile o nthomile.”
30Jaanong ba batla go mo tshwara; mme ga se ka ga nna ope yo o mo ntshetsang letsogo, ka nako ya gagwe e ne e ise e tle. 31Mme ba bantsi ba morafe ba dumela mo go ene, ba be ba re: “A fa Keresete a tla, o tla dira ditshupo tse dintsi bogolo go tse monna yo a di dirileng?”
Jesu le baganetsi ba gagwe
32Ya re Bafarisai ba utlwa gore batho ba seba jalo ka ga gagwe, bone baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba roma batlhanka go mo tshwara. 33Jaanong Jesu a re: “Ke sa na le lona ka bokhutshwanyane fela, mme ke ya go ene yo o nthomileng. 34Lo tla mpatla, mme ga lo kitla lo mpona; le gona kwa ke leng teng lona ga lo kgone go fitlha teng.”
35Foo Bajuta ba raana ba re: “Yoo o tla ya kae, fa a re, ga re ka ke ra mmona? A o tla ya kwa go ba ba falaletseng kwa Bagerikeng, a ya go ruta Bagerika? 36Lefoko la reng, le a le buileng a re: ‘Lo tla mpatla, mme lo se ke lo mpone, le gona fa ke leng teng, lona ga lo kgone go fitlha teng’?”
Jesu ke motswedi wa nnete
37Ka letsatsi la bofelo, e le le legolo la moletlo, Jesu a bo a eme, a tsholetsa lentswe a re: “Fa mongwe a nyorilwe, a a tle go nna, a nwe! 38Yo o dumelang mo go nna, ‘dinoka tsa metsi a a phelang di tla ela di tswa mo mmeleng wa gagwe,’ jaaka Dikwalo di buile.” 39Mme o ne a bua jalo ka ga Mowa o ba ba dumelang mo go ene ba tla o amogelang; gonne Mowa o o Boitshepo o ne o ise o nne teng, ka Jesu a ne a ise a galalediwe.
Kganetsanyo ya Bajuta
40Jaanong e rile bangwe mo bathong ba sena go utlwa mafoko ao, ba bua ba re: “Ammaaruri, ke ene moporofeti yole.”
41Ba bangwe ba re: “Ke ene Keresete.”
Ba bangwe ba re: “A Keresete a ka tswa kwa Galelea? 42A Lokwalo ga lo a ka lwa re: Keresete o tla tswa mo losikeng lwa ga Dafita le mo motsaneng wa Betleheme, mo Dafita a neng a le teng?” 43Ga ba ga nna kgaogano mo bathong ka ga gagwe. 44Bangwe ba bone ba batla go mo tshwara, mme ga bo go se ope yo o mo ntshetsang letsogo.
Go sa dumeleng ga ba Lekgotla
45Ke fa batlhanka ba boela kwa baperesiting ba bagolo le Bafarisaing; mme bone ba ba raya ba re: “Lo ne lo sa mo tsisetseng?”
46Batlhanka ba araba ba re: “Ga go ise go ko go bue motho ope jaaka motho yole.”
47Bafarisai ba ba fetola ba re: “A le lona lo timeditswe? 48A mongwe wa balaodi gongwe wa Bafarisai o dumetse mo go ene? 49Kana morafe o, o o sa itseng molao, o hutsitswe!”
50Nikotemo, mongwe wa bone yo o kileng a tla go ene, a ba raya a re: 51“A molao wa rona o ka atlhola motho, a ise a sekisiwe, go ise go itsiwe se a se dirileng?”
52Ba mo araba ba re: “A le wena o wa kwa Galelea? Tlhotlhomisa o bone gore ga go na moporofeti ope yo o ka tswang kwa Galelea.” 53Jaanong ba tsamaya, mongwe le mongwe a ya kwa ga gagwe.

Currently Selected:

JOHANE 7: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy