YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 16

16
1“Dilo tse ke di buile le lona gore lo se ka lwa kgopega. 2Ba tla lo kgaola mo disenagogeng; ee, nako e e tla e mongwe le mongwe yo o lo bolayang o tla itlhomang e le go direla Modimo. 3Ee, dilo tse ba tla di dira, ka gonne ga ba itse Rara le e seng nna. 4Dilo tse ke di lo boleletse gore motlhang nako e tlang, lo gakologelwe gore ke di lo boleletse.
“Ga ke a ka ka di lo bolelela go tloga tshimologong, ka gonne ke ne ke ntse ke na le lona.
Thuso ya Mowa o o Boitshepo
5“Jaanong ke ya go ene yo o nthomileng, mme ga go ope wa lona yo o mpotsang a re: ‘O ya kae?’ 6Mme bohutsana bo tletse mo dipelong tsa lona, ka ke lo boleletse dilo tseo. 7Mme ke lo bolelela boammaaruri, fa ke re: Go molemo go lona, fa ke tsamaya; gonne fa ke sa tsamae, Mogomotsi ga a ka ke a tla go lona. Mme fa ke tsamaya, ke tla mo romela go lona. 8Fa a sena go tla, o tla lemosa lefatshe boleo le tshiamo le katlholo; 9boleo, e le go sa dumeleng ga bone mo go nna; 10tshiamo, e le fa ke ya kwa go Rre, mme lo se ne lo tlhola lo mpona; 11katlholo, e le fa molaodi wa lefatshe leno a atlhotswe.
12“Ke sa na le dilo tse dintsi go di lo bolelela, mme lo palelwa ke go di itshokela jaanong. 13Fela e tla re Mowa wa boammaaruri o sena go tla, o lo gogele mo boammaaruring jotlhe; gonne ga o nke o bua ka bogaona, mme o tla bua tsotlhe tse o di utlwang; o bile o tla lo itsise dilo tse di tlang. 14Ona o tla nkgalaletsa; gonne o tla tsaya mo go tse e leng tsa me, o di lo itsise. 15Tsotlhe tse Rara o nang natso ke tsa me, ke ka moo ke rileng: ‘O tla tsaya mo go tse e leng tsa me, o di lo itsise.’
Khutsafalo e fetoga boitumelo
16“Morago ga sebakanyana ga lo nke lo tlhola lo mpona, mme morago ga sebakanyana gape lo tla mpona; gonne ke ya kwa go Rara.”
17Ke fa bangwe ba barutwa ba gagwe ba raana ba re: “Ke eng se o se re bolelelang, fa a re: ‘Morago ga sebakanyana ga lo nke lo mpona, mme morago ga sebakanyana gape lo tla mpona;’ le fa a re: ‘Ke ya kwa go Rara’?” 18Ba boa ba re: “Ke go reng, fa a re: ‘Morago ga sebakanyana’? Ga re itse se a se buang.”
19Jesu a lemoga gore ba rata go mmotsa; a ba raya a re: “A lo botsanya ka ga se ke se buileng, fa ke re: ‘Morago ga sebakanyana ga lo nke lo mpona, mme morago ga sebakanyana gape lo tla mpona’? 20Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Lo tla lela, lo tlhokofala, lefatshe lone le tla itumela. Lo tla hutsafala; mme khutsafalo ya lona e tla fetoga boitumelo. 21Mosadi, fa a belega, o na le bohutsana, ka nako ya gagwe e tlile. Mme e a re a sena go belega ngwana, a se ke a tlhole a gopola tlalelo ka ntlha ya boitumelo jwa gore motho o tsaletswe mo lefatsheng. 22Jalo le lona lo na le bohutsana jaanong, mme ke tla boa ke lo bona; dipelo tsa lona di tla itumela, mme ga go ope yo o tla lo amogang boitumelo jwa lona.
23“Motsing oo ga lo nke lo mpotsa sepe. Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo kopa Rara sengwe mo leineng la me, o tla se lo naya. 24Go fitlha nakong eno ga lo ise lo ke lo kope sepe mo leineng la me; kopang, mme lo tla amogela gore boitumelo jwa lona bo tlale.
Taelo ya bofelo
25“Dilo tse ke di buile le lona ka diane; nako e e tla e ke se kitlang ke tlhola ke bua le lona ka yona ka diane, mme ke tla lo begela tsa ga Rara ka thanolo. 26Ka motlha oo lo tla kopa mo leineng la me, mme ga ke lo ree ke re, ke tla lo rapelela Rara; 27gonne Rara ka esi o a lo rata, ka lo nthatile, lo bile lo dumetse gore ke tswa mo Modimong. 28Ke dule kwa go Rara, ka tla mo lefatsheng; ke bile ke tlogela lefatshe, ke ya kwa go Rara.”
29Barutwa ba gagwe ba re: “Bona, jaanong ò bua ka thanolo, ga o bue seane sepe. 30Jaanong re itse gore o itse dilo tsotlhe, mme ga go batlege gore motho a go botse. Ke ka moo re dumelang gore o tswa mo Modimong.”
31Jesu a ba fetola a re: “A jaanong lo a dumela? 32Itseng, nako e e tla, e bile e setse e tsile, e lo tla faladiwang ka yona, mongwe le mongwe a ya ga gabo, lo ntlogela ke le nosi. Fela ga ke nosi; gonne Rara o na le nna. 33Dilo tse ke di buile le lona gore lo nne le kagiso mo go nna. Lo tla nna le pitlagano mo lefatsheng, mme namatshegang, ke fentse lefatshe.”

Currently Selected:

JOHANE 16: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy