YouVersion Logo
Search Icon

BAHEBERE 1

1
Keresete o feta baengele kgakala
1E rile Modimo o sena go bua gantsi le ka mekgwa e mentsi le borraetsho ka baporofeti mo metlheng ya bogologolo, 2wa bua le rona mo bofelong jwa malatsi ano ka Morwaa-ona yo o mmeileng morua-boswa wa dilo tsotlhe, yo e bileng o dirile mafatshe ka ene. 3Ke ene marang a kgalalelo ya ona le setshwano sa bodimo jwa ona, o tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la thata ya gagwe; ya re a sena go dira phepafatso ya dibe, a nna ka fa letsogong le le jang la Borena kwa magodimong, 4a nna mogolo go feta baengele, jaaka a filwe boswa jwa leina le legolo bogolo go maina a bone.
5Gonne ke ofe wa baengele yo o kileng wa mo raya wa re:
“O Morwaake,
ke go tsetse kajeno”?
Wa ba wa re:
“Ke tla nna rraagwe,
mme ene
o tla nna Morwaake”?
6Mme e tla re o tsisa Motsalwapele gape mo lefatsheng, o laele o re:
“Baengele botlhe ba Modimo
ba tshwanetse go mo obamela.”
7Fa e le ka ga baengele, o buile wa re:
“O dira baengele ba ona
diphefo le badiredi ba ona
dikgabo tsa molelo.”
8Mme o raya Morwa o a re:
“Modimo, sedulo sa bogosi
sa gago ke sa bosakhutleng;
thobane ya bogosi jwa gago
ke thobane ya tshiamo.
9O ne o rata tshiamo,
mme o tlhoa tshiamololo;
ke gona ka moo, Modimo,
Modimo wa gago
o go tloditseng lookwane
lwa boitumelo
go gaisa balekane ba gago.”
10Gape wa re:
“Wena Morena, o theile
lefatshe mo tshimologong,
magodimo ke ditiro
tsa diatla tsa gago.
11Tseo di tla nyelela,
mme wena o nnetse ruri,
mme tsona tsotlhe di tla onala
jaaka seaparo.
12O tla di mena jaaka kobo,
jaaka seaparo,
di tla fetolwa, mme wena
o ntse o le yo o leng ene;
dinyaga tsa gago
ga di nke di khutla.”
13Mme ke ofe wa baengele yo o kileng wa mo raya wa re:
“Dula ka fa letsogong la me
le le jang,
ke tle ke tsamae ke dire
baba ba gago
sebeo sa dinao tsa gago”?
14Bone botlhe a ga se mewa e e direlang, e e romelwang tirelong ka ntlha ya ba ba tla ruang pholoso boswa?

Currently Selected:

BAHEBERE 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy