YouVersion Logo
Search Icon

HABAKUKE 1

1
Selelo sa ga Habakuke
1Lefoko la Modimo le moporofeti Habakuke o le bonyeng. 2Morena, ke tla bitsa sebaka se se kana kang, mme ò sa utlwe? Ke goela kwa go wena ke re: “Kgatelelo!” mme ò sa thuse? 3O mpontshetsang boithamako, ò tlhokomologelang tapisego? Kgatelelo le pogiso di fa pele ga me, le kgang e teng, le ntwa e a tsoga. 4Ka ntlha ya moo molao o repile, tshiamo ga e bonale ka gope; gonne baikepi ba dikanyeditse mosiami; ke ka moo go tswang katlholo e e sokameng.
Karabo ya Morena
5“Lebang kwa ditšhabeng, lo ele tlhoko; gakgamalang lo tlhoke puo; gonne ke tla dira tiro mo malatsing a lona e lo se kitlang lo e dumela, le fa lo e bolelelwa. 6Gonne bonang, ke tla tsosa Bakalatea ba e leng setšhaba se se galakang, se se gaketseng, se se ralalang boatlhamo jwa lefatshe go thopa maago a e seng a sona; 7ke se se setlhogo, se se boitshegang; tshiamo ya sona le bogolo jwa sona di tswa mo go sona ka sosi.
8“Dipitse tsa sona di lobelo bogolo go dinkwe, di bofefo go feta diphiri tse di tlang ka lotlatlana. Bapalami ba sona ba thata ka dipitse, bapalami ba sona ba tswa kwa kgakala. Ba fofa jaaka lenong le akofela go ja.
9“Botlhe ba sona ba e tla go gatelela; difatlhego tsa bone di lebile kwa pele; se phutha batshwarwi jaaka motlhaba. 10Se tla sotla dikgosi, dikgosana ke setshego mo go sona; se tshega dikago tsotlhe tsa phemelo; se kgobela mmu fa go tsona, se di thopa. 11Morago ga tseo se tla feta jaaka phefo, se fetela pele, mme se wela mo molatong, sona se thata ya sona e leng modimo wa sona.”
Habakuke o lela gape
12A ga se wena Morena go tloga bogologolo, Modimo wa me, Moitshepi wa me? Ga re nke re swa! Morena, ò se laoletse go re sekisa; wena Lefika, ò se tlhomamiseditse go re betsa. 13Wena ò matlho a a itshekileng mo go kalo, mo ò sa ka keng wa leba bosula, le e seng go bona tapisego! Ke ka ntlhaang, fa ò leseletsa balotsana; ò didimaletseng, fa moikepi a metsa yo o siameng bogolo go ene?
14A ò dira ka batho jaaka ka ditlhapi tsa lewatle le ka digagabi tse di se nang yo o di busang? 15Kana Mokalatea o ba ntsha botlhe ka kobe, o ba goga ka letloa la gagwe, o ba phutha ka sethaiso sa gagwe; ke ka moo a itumelang, a duduetsa. 16Ka ntlha ya moo o tlhabela letloa la gagwe ditlhabelo, o fisetsa sethaiso sa gagwe maswalo; gonne kabelo ya gagwe e mafura ka tsona, dijo tsa gagwe di letlotlo.
17A o tla tsholola tse di mo letloeng la gagwe ka ntlha ya moo, a bolaya ditšhaba ka metlha, a sa rekegele?

Currently Selected:

HABAKUKE 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy