YouVersion Logo
Search Icon

ESERA 1

1
Korese o busetsa Bajuta kwa gae
1Ka ngwaga wa ntlha wa ga Korese kgosi ya Peresia – e le go dirafatsa lefoko la Morena le o le buileng ka molomo wa ga Jeremia – Morena a tsosa mowa wa ga Korese kgosi ya Peresia, ya ba ya tlhaba mokgosi mo pusong yotlhe ya yona le ka dikwalo ya re: 2“Korese kgosi ya Peresia o bua jaana a re: ‘Morena, Modimo wa legodimo, o nneile magosi otlhe a lefatshe, a ba a ntaela ka esi gore ke mo agele Ntlo kwa Jerusalema mo Juta. 3Jaanong le fa e le mang mo go lona yo e leng wa morafe wa gagwe, a Modimo wa gagwe o nne nae; mme a a boele kwa Jerusalema yo o kwa Juta, a age Ntlo ya Morena, Modimo wa Iseraele. Ke ona Modimo o o kwa Jerusalema. 4Mongwe le mongwe wa lesalela wa felo gongwe le gongwe kwa a jakang teng a batho ba gona ba mo thuse ka selefera le gouta le dithoto le diruiwa mmogo le dineo tsa lorato tsa Ntlo ya Modimo o o kwa Jerusalema.’ ”
5Ke fa go nanoga ditlhogo tsa dikgoro tsa Juta le Benyamene le baperesiti le Balefi le mongwe le mongwe yo Modimo o tsositseng mowa wa gagwe, go boela le go aga Ntlo ya Morena yo o kwa Jerusalema. 6Mme botlhe ba ba neng ba le mo tikologong ya bone ba tiisa mabogo a bone ka dilo tsa selefera le ka gouta le ka dithoto le ka diruiwa le ka dilo tse di tlhokegang kwa ntle ga dineo tsotlhe tsa bopelotshweu.
7Dilo tsa Ntlo ya Morena tse Nebukatenesare o neng a di ntshitse kwa Jerusalema, a di baya mo tempeleng ya modimo wa gagwe, tsona kgosi Korese a di ntsha. 8Korese kgosi ya Peresia a di neela mo diatleng tsa ga Mitheretathe, mookamedi wa dikhumo; ene a di bala, a di neela Sesebasare, mogogi wa Bajuta. 9Palo ya tsona ke e: Megopo ya gouta e le 30, megopo ya selefera e le 1 000; dithipa di le 29, 10dinwelo tsa gouta di le 30, dinwelo tsa selefera di le 410, dilwana tse dingwe di le 1 000.
11Dilo tsotlhe tsa gouta le tsa selefera di ne di le 5 400. Tsotlhe tseo Sesebasare o tlile natso jale fa a ntsha batshwarwi kwa Babele, a ba isa kwa Jerusalema.

Currently Selected:

ESERA 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy