YouVersion Logo
Search Icon

HESEKIELE 1

1
Hesekiele o bona kgalalelo ya Modimo
(Hes. 1:1 – 7:27)
1E rile ka ngwaga wa 30, ka letsatsi la botlhano la kgwedi ya bone, ke le mo gare ga batshwarwi fa nokeng ya Kebare, magodimo a bulega, ka bona dipono tsa Modimo. 2Ka la botlhano la kgwedi – e ne e le ka ngwaga wa botlhano, kgosi Joyagine a ntse a tshwerwe – 3Lefoko la Morena la tla tota kwa go moperesiti Hesekiele, morwa Busi, a le mo lefatsheng la Kalatea fa nokeng ya Kebare; teng koo seatla sa Morena sa nna mo go ene.
4Ka leba ka bona phefo ya ledimo e tla e tswa kwa bokone, le leru le legolo le le tshwaranganyeng le molelo le tswa marang mo tikologong; mme mo gare ga lone, mo gare ga molelo, go bonala kgotlho e e phatsimang. 5Mo gare ga ona ga tswa dilo di le nne tse e keteng ke diphedi. Setshwano sa tsona ke se: Di ne di bopegile jaaka batho. 6Sengwe le sengwe se ne se na le difatlhego di le nne; le gona sengwe le sengwe sa tsona se na le diphuka di le nne. 7Maoto a tsona e ne e le maoto a a tlhamaletseng. Pato tsa dinao tsa tsona di ne di tshwana le kgato tsa ditlhako tsa dinamane, di phatsima jaaka kgotlho e e gotlhilweng. 8Di ne di na le diatla tsa batho mo ditlhakoreng tse nne tsa tsona ka fa tlase ga diphuka tsa tsona. Diphuka tsa bone jwa tsona di ne di amana; 9difatlhego tsa bone jwa tsona di ne di sa retologe, fa di tsamaya; sengwe le sengwe se tlhamalalela kwa pele fela.
10Ponalo ya difatlhego tsa tsona e ne e le jaana: Sengwe le sengwe sa tsona se ne se na le difatlhego tse nne: Fa pele go le sa motho, ka fa ntlheng ya le le jang go le sa tau, ka fa go ya la molema go le sa kgomo, ka fa morago go le sa ntsu. 11Diphuka tsa tsona di ne di tsharologetse kwa godimo; tse pedi tsa sengwe le sengwe di amana le tsa tse dingwe; tse pedi di bipile mebele ya tsona. 12Sengwe le sengwe sa tlhamalalela kwa pele, tsa ya kwa mowa o di isang teng; tsa se ka tsa retologa, fa di tsamaya.
13Fa e le ponalo ya diphedi, difatlhego tsa tsona di ne di tshwana le magala a molelo a a tukang, jaaka ponalo ya dirumola. Molelo ona o ne o ya kwa le kwa mo gare ga diphedi, o phatsima, go tswa dikgadima mo go ona. 14Diphedi tsa ya kwa le kwa ka bonako jwa logadima.
15Ya re ke leba diphedi, ka fitlhela go le leotwana la koloi fa fatshe fa thoko ga sengwe le sengwe sa diphedi tse nne tseo. 16Ponalo ya maotwana le ya go dikologa ga ona e ne e tshwana le go tsabakela ga taemane e tala. A bopegile ka go tshwana ka bone jwa ona. Ponalo ya ona le ya go dikologa ga ona, e kete leotwana le ne le le mo teng ga leotwana le lengwe. 17E ne e a re fa a tsamaya, a itse go ya kwa ntlheng tse nne tsa ona; a se ke a retologe, fa a tsamaya. 18Digoro tsa ona di ne di godile, di boitshega; digoro tsa ona di ne di tletse matlho mo tikologong ya bone jwa ona. 19E ne ya re fa diphedi di tsamaya, maotwana le ona a tsamae a bapile natso; fa diphedi di tlhatloga mo fatsheng, le maotwana a tlhatloge. 20Kwa mowa o neng o di isa teng, maotwana le ona a ya teng; le gona a tlhatloge mmogo le tsona. Gonne mowa wa diphedi o ne o le mo maotwaneng. 21E ne e a re fa di tsamaya, le ona a tsamae; fa di ema, le ona a eme; fa di tlhatloga mo fatsheng, le maotwana a tlhatloge mmogo le ona. Gonne mowa wa diphedi o ne o le mo maotwaneng.
22Kwa godimo ga ditlhogo tsa diphedi go ne go le setshwano sa loapi se se tsabakelang jaaka legakwa le lentlentle, se tsharolotswe kwa godimo ga ditlhogo tsa tsona. 23Fa tlase ga loapi loo go ne go tsharologile diphuka tsa tsona, longwe le longwe lo amanye le lwa se sengwe. Gape sengwe le sengwe se ne se na le tse pedi tse se ipipang mmele ka tsona. 24Jaanong e a re di tsamaya, ke utlwe diphuka tsa tsona di suma jaaka metsi a mantsi le jaaka tumo ya Mong-wa-thata-yotlhe. E ne e le modumo o o tshwanang le loratla lwa mathibelelo a mephato. Fa di ema, di phuthe diphuka tsa tsona. 25Mme e a re fa di ema, di phuthile diphuka tsa tsona, go utlwale tumo kwa godimo mo loaping lo lo godimo ga ditlhogo tsa tsona.
26Jaanong kwa godimo ga loapi lo lo neng lo okame ditlhogo tsa tsona ga bonala se e keteng ke sedulo sa bogosi sa lentswe le letala la safire; mme yo e keteng ke motho a ntse mo sedulong sa bogosi kwa godimo. 27Ka bona go tsabakela jaaka kgotlho e e phatsimang le jaaka molelo o o mo teng ga sebeso, go tloga fa e keteng ke letheka la gagwe le go ya kwa godimo. Mme go tloga fa go se se bonalang jaaka letheka la gagwe go ya kwa tlase ka bona se se tshwanang le molelo, mme o ne a dikanyeditswe ke kgalalelo. 28Ponalo ya kgalalelo e e mo tikologong e ne e tshwana le mebala ya motshewabadimo, fa o le mo marung ka letsatsi la pula. Ke yona ponalo ya setshwantsho sa kgalalelo ya Morena. Ya re ke sena go se bona, ka wela fa fatshe ka sefatlhego, ka utlwa lentswe la yo o buang.

Currently Selected:

HESEKIELE 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy