YouVersion Logo
Search Icon

DITIRO 28

28
Paulo mo Maleta
1E rile re sena go phologa, ra utlwa go twe, setlhake seo se bidiwa Maleta. 2Batho ba teng ba re direla ka botsalano jo bogolo; ba ne ba re gotsetsa molelo, ba re tshola rotlhe ka ntlha ya pula e e neng e na le ka ntlha ya serame.
3Jaanong ya re Paulo a sena go rwalela ngata ya dikgong le go di baya mo molelong, ga tswa noga, e ntshitswe ke bolelo, ya mo palama letsogo. 4Fa batho ba teng ba bona noga e lepeletse mo seatleng sa gagwe, ba raana ba re: “Ruri, motho yo ke mmolai; le fa a falotse lewatleng, pusoloso ga e mo leseletse go phela.” 5Mme ene a tlhotlhorela noga mo molelong, a se ka a direga sepe. 6Bone ba bo ba lebeletse gore o tla ruruga, gongwe a wele fa fatshe, a swe ka bonako. Ya re ba sena go lebelela nako e telele, mme ba sa bone sepe se se bosula se mo tlela, ba fetoga mogopolo ba re: “Ke modimo.”
Paulo o fodisa balwetse. Ba fitlha kwa Roma
7Mo tikologong ya felo foo go ne go le masimo a mookamedi wa setlhake yo leina la gagwe e leng Pubilio, yo o neng a re tshola, a re babalela ka botsalano malatsi a le mararo. 8Jaanong rraagwe Pubilio o ne a robetse fatshe, a tshwerwe ke go fisa le go tsholola madi; Paulo a ya kwa go ene, a rapela, a ba a mmaya diatla, a mo fodisa.
9Ya re go sena go dirafala jalo, ga tla le ba bangwe ba setlhake ba ba nang le malwetse, ba fodisiwa. 10Bao le bone ba re tlotla gagolo; ya re re tsamaya, ba re abela tse re di tlhokang.
11Morago ga dikgwedi di le tharo ra tsamaya ka mokoro wa Aleksanteria o o neng o nnetse mariga fa setlhakeng; letshwao la one e ne e le Kastore le Polokese. 12Ya re re fitlha kwa Sirakuse, ra tlhola malatsi a le mararo teng. 13Ra ba ra tswa teng, ra fitlha mo Regio; ya re morago ga letsatsi le le lengwe fela ga tsoga phefo ya borwa; mme ka letsatsi la bobedi ra fitlha kwa Puteoli. 14Teng ra fitlhela badumedi, ra rapelwa gore re nne malatsi a a supang nabo; morago ra fitlha kwa Roma. 15E rile bakaulengwe ba re utlwela, ba tswa teng, ba tla go re kgatlhantsha kwa Patlelong ya ga Apio le kwa Matlong-mararo-a-baeti. Ya re Paulo a ba bona, a leboga Modimo, a ba a namatshega.
Paulo o fetolana le Bajuta ba kwa Roma; o ruta dinyaga di le pedi a golegilwe
16E rile re sena go tsena mo Roma, molaodi-wa-lekgolo a neela molaodi wa bafemedi ba Kaisara bagolegwi, mme Paulo a letlelelwa go nna a le esi le motlhabani yo o mo disitseng.
17Morago ga malatsi a le mararo a phutha baeteledipele ba Bajuta; ya re ba sena go phuthega, a ba raya a re: “Banna, bakaulengwe, le fa ke sa dira sepe se se lwantshang morafe wa ga etsho gongwe mekgwa ya borraetsho, ke neetswe mo diatleng tsa Baroma ke le mogolegwi, ke tswa kwa Jerusalema. 18Bone, e rile ba sena go mpotsolotsa, ba rata go nkgolola, ka go se na molato ope wa loso mo go nna. 19Ya re Bajuta ba ganetsa, ka patelesega go ipiletsa Kaisara, e se gore ke na le sengwe se ke latofatsang morafe wa ga etsho ka sona. 20Jaanong ke ka ntlha ya moo ke kopileng go lo bona le go bua le lona; gonne ke golegilwe ka keetane ena ka ntlha ya tsholofelo ya Iseraele.”
21Ba mo fetola ba re: “Ga re a amogela dikwalo tse di tswang kwa Jutea ka ga gago; le gona ga go a tla ope wa ba ga rona go bolela le fa e le go bua sepe se se bosula ka ga gago. 22Le gale re fitlhela e le tshwanelo gore re utlwe mo go wena se o se gopolang; gonne fa e le thuto eo, re itse gore e ganediwa ntlheng tsotlhe.”
23Ya re ba sena go mmeela letsatsi, ba bantsi ba tla kwa go ene mo ntlong e o ntseng mo go yona, a ba phuthololela tsa puso ya Modimo, a supa ka ga yona; go tloga mosong go ya maitsiboeng a leka go ba kgona ka molao wa ga Moše le ka baporofeti gore ba dumele mo go Jesu. 24Bangwe ba dumela tse a di buileng, ba bangwe ba se ka ba dumela. 25Ya re ba sa dumelelane, ba phatlalala, Paulo a sena go bua lefoko le le lengwe a re: “Mowa o o Boitshepo o buile sentle le borraeno ka moporofeti Jesaya 26wa re:
“ ‘Yaa kwa morafeng oo o re:
Go utlwa lo tla utlwa,
mme ga lo nke lo tlhaloganya
ka gope;
le go leba lo tla leba,
mme ga lo nke lo bona
ka gope;
27gonne dipelo tsa morafe
o di thatafaditswe,
ba kabetse ditsebe,
ba ipuduladitse matlho,
e se re gongwe ba bona
ka matlho,
ba utlwa ka ditsebe,
ba tlhaloganya ka dipelo,
ba sokologa,
mme ka ba fodisa.’
28“Ka moo he, itseng gore pholoso e ya Modimo e rometswe kwa baheitaneng; e bile bona ba tla utlwa.” 29Ya re a sena go bua jalo, Bajuta ba tsamaya, ba le mo kganetsanyong e kgolo.
30Paulo a nna dinyaga di le pedi tse di tletseng mo ntlong e o e adimileng ka tuelo, a tshola batho botlhe ba ba tlang go ene, 31a rera puso ya Modimo, a ba a ruta tsa Morena Jesu Keresete ka phuthologo yotlhe, go se na kgoreletso.

Currently Selected:

DITIRO 28: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy