YouVersion Logo
Search Icon

MIGA 6

6
Modimo o seka le Baiseraele ka ntlha ya go sa lebogeng le ka ntlha ya bosula jwa bone
1A ko lo utlwe se Morena a se buang: Nanoga ò seke fa pele ga dithaba; a dithabana di reetse kodu ya gago!
2Lona dithaba, utlwang kgang ya Morena, le lona metheo ya lefatshe e e sa fetogeng; gonne Morena o na le tsheko le morafe wa gagwe; o tla sekisanya le Iseraele.
3“Wena morafe wa me, ke go dirile eng? Ke go lapisitse ka eng? Supa ka ga me! 4Kana ke go ntshitse kwa lefatsheng la Egepeto, ka go rekolola mo ntlong ya botlhanka; ka roma Moše le Arone le Miriame gore ba go etelele pele! 5Morafe wa me, a ko ò gakologelwe se Balake, kgosi ya Moabe, o neng a se ikaeletse le se Bileame, morwa Beore, o se mo arabileng le se se dirafetseng go tswa kwa Sitime go fitlha kwa Gilegala gore lo tle lo itse ditiro tse di siameng tsa Morena.”
Se Morena o se batlang
6Ke tla kgatlhantsha Morena ka eng? Ke tla ikoba jang fa pele ga Modimo wa bogodimo? A nka mo kgatlhantsha ka ditlhabelo tsa phiso, ka dinamane tsa ngwaga? 7A Morena o tla kgatlhwa ke diphelehu di le dikete gongwe dinoka tsa lookwane di le dikete tse? A nka ntsha morwaake yo mogolo ka ntlha ya tlolo ya me? Gongwe leungo la mmele wa me ka ntlha ya boleo jwa mowa wa me? 8Wena motho, Morena o go itsisitse tse di leng molemo le tse a di batlang mo go wena: O batla gore ò dire tse di siameng, ò rate bopelotlhomogi, o tsamaya le Modimo wa gago ka boikokobetso!
9Utlwang! Morena o tlhabela motse mokgosi! – Ke botlhale go boifa leina la gago. – Utlwang, lotso le phuthego ya motse. 10“A nka lebala ntlo ya moikepi e e kgobokanyang mahumo a tshiamololo le selekanyo sa tsietso se se hutsitsweng? 11Yo o nang le sekale se se tsietsang le ditshipi tse di lekanyang tse e seng tsona mo kgetsaneng, a nka mo kaya yo o phepa? 12E re ka bahumi ba motse ba tletse kgatelelo, baagi ba ona ba bua maaka, ba na le diteme tsa bolotsana mo maganong a bona, 13le nna ke tla go itaya botlhoko, ke go fetola sekaka ka ntlha ya maleo a gago. 14Wena ò tla ja, mme ò sa kgore; tlala ya gago e ntse e le mo teng ga gago. O tla ipeela, mme ò sa boloke sepe, mme tse ò di bolokang ke tla di neela tšhaka. 15Wena ò tla jwala, mme ò sa robe; ò gata maungo a olefa segatelong, mme ò sa tlole lookwane; ò tlhotlha maungo a moweine, mme ò sa nwe weine. 16Gonne melao ya ga Omeri e a tshegediwa, le ditiro tsotlhe tsa ntlo ya ga Ahabe; lo sepela ka fa dikgakololong tsa bone gore ke tle ke go dire sekaka se se tshosang, le baagi ba sona ke ba dire tshotlego; lo tla rwala kgobo ya morafe wa me.”

Currently Selected:

MIGA 6: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy