YouVersion Logo
Search Icon

JOŠUA 6

6
Jerigo o thopiwa le go senngwa
1Dikgoro tsa Jerigo di ne di tswetswe ka ntlha ya Baiseraele, go se na yo o tswang le e seng yo o tsenang. 2Mme Morena a raya Jošua a re: “Bona, ke neetse Jerigo mo diatleng tsa gago le kgosi ya gagwe le bagale ba mephato. 3Dikologang motse o, e bong banna botlhe ba batlhabani, lo o potologe gangwe ka letsatsi; lo dire jalo ka malatsi a marataro. 4Gape a baperesiti ba supa ba etele Letlole pele ba tshotse dinaka tse supa tsa diphelehu, mme ka letsatsi la bosupa lo dikologe motse o gasupa, mme baperesiti ba letse dinaka. 5Jaanong e re go lediwa lonaka lwa phelehu ka boleele, fa lo utlwa lonaka lo lela, a morafe otlhe o thele lešalaba, foo lobota lwa motse lo tla wela fa lo leng teng, mme banna ba lona ba tla o tlola, mongwe le mongwe fa go lebaganyeng nae.”
6Ke fa Jošua, morwa Nune a bitsa baperesiti, a ba raya a re: “Sikarang Letlole la Kgolagano, mme a baperesiti ba supa ba tsee dinaka tse supa tsa diphelehu, ba etelele Letlole la Morena pele.” 7A ba a raya morafe a re: “Nanogang lo dikologe motse o, mme ba ba tshotseng marumo a ba etelele Letlole la Morena pele.”
8Ya re Jošua a sena go laela morafe jalo baperesiti ba supa ba ba tshotseng dinaka tse supa tsa diphelehu fa pele ga Morena, ba nanoga ba letsa dinaka; Letlole la Kgolagano ya Morena la ba sala morago. 9Ba ba neng ba tshotse marumo ba etelela baperesiti ba ba letsang dinaka pele; ba bangwe ba latela Letlole go ntse go lediwa dinaka. 10Jošua a laela morafe a re: “Se openg mokgosi le e seng go utlwatsa mantswe a lona; a go se ka ga tswa lefoko mo melomong ya lona go ya letsatsing le ke tla lo rayang ka lone ke re: ‘Thelang lešalaba!’ Foo lo thele lešalaba.” 11Jošua a dikolosa Letlole la Morena jalo gangwe fela mo tikologong ya motse; morago ga moo ba boela kwa bothibelelong, ba lala teng.
12Jošua a ba a phakela mo mosong; baperesiti ba sikara Letlole la Morena; 13baperesiti ba supa ba ba tshotseng dinaka tse supa tsa diphelehu ba etelela Letlole la Morena pele ba ntse ba letsa dinaka; ba ba tshotseng marumo ba ba eteletse pele, ba bangwe ba sala Letlole la Morena morago go ntse go lediwa dinaka. 14Ba dikologa motse jalo ka letsatsi la bobedi gangwe fela, ba be ba boela kwa bothibelelong. Ba dira jalo ka malatsi a marataro.
15Mme ka letsatsi la bosupa ba phakela, fa mahube a tswa, ba dikologa motse ka mokgwa oo gasupa. Ke letsatsi leo fela le ba dikologileng motse gasupa ka lone. 16Mme ya re ba o dikologa lwa bosupa, baperesiti ba letsa dinaka; ke fa Jošua a raya morafe a re: “Thelang lešalaba! Gonne Morena o lo neetse motse o. 17Mme a motse o le tsotlhe tse di mo go ona di neelwe Morena ka go bolawa le go fisiwa; go phele Rahabe wa seaka fela, ene le botlhe ba ba nang nae mo ntlong; gonne ene o ne a fitlha barongwi ba re neng re ba romile. 18Fela lo itise mo go tse di neetsweng Morena jalo, e se ka ya re fa lo dirafatsa khutso, lwa tsaya dingwe tsa tse di hutsitsweng, lwa tloga lwa tsenya bothibelelo jwa Baiseraele mo khutsong, lwa bo isa mo tatlhegong. 19Mme selefera yotlhe le gouta le dilo tsa kgotlho le tsa tshipi ke tse di boitshepo tsa Morena; a di tsene mo lehumong la Morena.”
20Ke fa batho ba thela lešalaba, ba letsa dinaka; ya re batho ba utlwa lonaka lo lela, batho ba thela lešalaba le legolo; ke fa lobota lo wela fa lo leng teng, mme batho ba tlolela mo motseng mongwe le mongwe fa go lebaganyeng nae. Ba thopa motse jalo. 21Ba dirafatsa khutso ya Modimo mo go tsotlhe tse di neng di le mo motseng. Ba bolaya banna le basadi, ba bašwa le batsofe le dikgomo le difutshane le diesele ka bogale jwa tšhaka. 22Mme Jošua a raya banna ba babedi ba ba neng ba ile go tlhola lefatshe a re: “Tsenang mo ntlong ya mosadi yole wa seaka, lo ntshe teng mosadi yoo le botlhe ba e leng ba ga gabo jaaka lo mo ikanetse.” 23Ke fa makau a e neng e le batlhodi a tsena, a ntsha Rahabe le rraagwe le mmaagwe le bokgaitsadie le ba ga gabo botlhe; a ba baya ka fa ntle ga bothibelelo jwa Baiseraele. 24Jaanong ba fisa motse ka molelo le tsotlhe tse di mo go ona; fela selefera le gouta le dilo tsa kgotlho le tsa tshipi ba di tsenya mo lehumong la Tempelana ya Morena. 25Mme Jošua a phedisa Rahabe wa seaka le ba lelapa la ga rraagwe le ba ga gabo botlhe; ba nna mo gare ga Baiseraele go fitlha letsatsing la kajeno, ka a ne a fitlha barongwi ba Jošua o neng a ba romile go tlhola Jerigo.
26Ka sebaka seo Jošua o ne a ikanisa Baiseraele a re:
“A go hutsiwe monna fa pele
ga Morena yo o ka tlogang,
a aga motse o wa Jerigo gape;
fa a o thaya,
o tla swelwa ke morwawe
yo mogolo;
fa a tsenya dikgoro tsa ona,
o tla swelwa ke morwawe
yo mmotlana.”
27 Morena o ne a na le Jošua, mme a tuma mo lefatsheng lotlhe.

Currently Selected:

JOŠUA 6: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy