YouVersion Logo
Search Icon

EKESODU 2

2
Botsalo jwa ga Moše
1Monna mongwe wa lotso lwa ga Lefi a ya a tsaya mosadi mo go bomorwadia Lefi. 2Mosadi yoo a ithwala, a tshola ngwana wa mosimane. Ya re a bona a le montle, a mo fitlha dikgwedi di le tharo. 3Ya re a sa tlhole a kgona go mo fitlha, a mo tseela seroto sa lotlhaka, a se thiba ka boroku jwa mmu le boka, a baya ngwana mo go sona, a ba a se fitlha mo motlhakeng fa losing lwa noka ya Nile. 4Mme kgaitsadie a ema kgakalanyana gore a tle a bone, fa sengwe se mo dirafalela.
5Ke fa morwadia Farao a fologela kwa nokeng ya Nile go tlhapa, basetsana ba gagwe ba ntse ba tsamaya fa losing lwa noka ya Nile. Jaanong ya re a bona seroto seo mo motlhakeng, a roma lelata la gagwe, la ya la se tsaya. 6Ya re a se khurumolola, a bona ngwana, a fitlhela e le mosimanyana yo o lelang, a mo tlhomogela pelo a re: “Ke ngwana mongwe wa Bahebere.”
7Ke fa kgaitsadie a botsa morwadia Farao a re: “A ke ye go go biletsa mosadi yo o amusang wa Bahebere gore a go amusetse ngwana yo?”
8Morwadia Farao a mo araba a re: “Ee, dira jalo!” Ke fa lekgarebe leo le ya, le bitsa mmaagwe ngwana. 9Mme morwadia Farao a mo laela a re: “Tsaya mosimanyana yo, o mo nkamusetse; ke tla go naya tuelo.” Mosadi a tsaya ngwana yo, a mo amusa. 10Ya re ngwana a sena go gola, a mo isa kwa go morwadia Farao, a nna morwawe, mme a mo taya leina la Moše a re: “Kana ke mo ntshitse mo metsing!”
Moše o tshabela kwa Midiane
11Jaanong ya re Moše a sena go nna monna, a ya kwa go ba ga gabo, a bona ditiro tse di bokete tsa bone; a bona monna wa Moegepeto a itaya monna wa ga gabo wa Mohebere. 12A gadima kwa le kwa, mme ya re a bona go se na ope, a bolaya Moegepeto, a mo epela mo motlhabeng. 13A ba a ya gape ka letsatsi la bobedi, a bona banna ba le babedi ba Bahebere ba lwa, mme a botsa yo o rumotseng a re: “O iteelang wa ga eno?”
14Mme ene a re: “Ke mang yo o go beileng molaodi le moatlhodi wa rona? A o rata go mpolaya jaaka o bolaile Moegepeto yole?” Ke fa Moše a tshoga a re: “Ka nnete, tiro eo e utlwetswe.” 15Jaanong e rile Farao a utlwela tirafalo eo, a batla go bolaya Moše, mme Moše a tshaba, a ya a nna kwa lefatsheng la Midiane, a nna fa sedibeng sengwe. 16Mme moperesiti wa Midiane o ne a na le bomorwadie ba supa; bone ba tla, ba ga metsi, ba tlatsa digopo go nosa letsomane la ga rraabo. 17Ke fa badisa ba bangwe ba tla, ba ba leleka, mme Moše a nanoga, a ba thusa, a nosa letsomane la bone. 18E rile ba fitlha kwa go Rehuele rraabo, ene a re: “Ke ka ntlha ya eng, fa lo boile ka pele kajeno?”
19Ba re: “Monna mongwe wa Moegepeto o re namotse badisa, a ba a re gelela metsi, a nosa letsomane lotlhe.”
20Mme a raya bomorwadie a re: “Kana o kae? Monna yoo lo mo tlogeletseng? Yaang lo mmiletse dijo.”
21Moše a dumela go nna le monna yoo; ene a neela Moše Siphora morwadie go nna mosadi wa gagwe. 22Siphora a tshola ngwana wa mosimane, mme Moše a mo taya leina la Geresome; gonne a re: “Ke moeng mo lefatsheng le sele.”
23Jaanong ya re sebaka se seleele se sena go feta, kgosi ya Egepeto ya swa, mme Baiseraele ba fegelwa ka ntlha ya botlhanka, ba lelela thuso; mme selelo sa bone sa tlhatlogela kwa Modimong se tswa mo botlhankeng jwa bone. 24Modimo wa utlwa diphegelo tsa bone, wa gopola kgolagano ya ona e o e dirileng le Aborahame le Isaka le Jakobe. 25Modimo wa bona Baiseraele, wa ba itshenolela.

Currently Selected:

EKESODU 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy