YouVersion Logo
Search Icon

1 TIMOTHEO 4

4
Tenego mo metlheng ya bofelo
1Mowa o bolela ka thanolo gore mo metlheng ya bofelo bangwe ba tla tenega mo tumelong, ba ineela mo meweng e e timetsang le mo dithutong tsa medemone, 2e le ka boitimokanyo jwa ba ba buang maaka, ba digakolodi tsa bone di tshwailweng jaaka ka tshipi e e molelo. 3Ba iletsa batho go nyalana, ba laola gore go ilwe dijo tse Modimo o di diretseng go amogelwa ka tebogo ke badumedi ba ba itseng boammaaruri; 4gonne sengwe le sengwe se Modimo o se dirileng se molemo, mme ga go sepe se se nang le go latlhwa, fa se amogelwa ka tebogo; 5gonne se itshepisiwa ka Lefoko la Modimo le ka thapelo.
Ka ga boikanyo le tlhokomelo mo tirelong
6Fa o gakolola bakaulengwe dilo tseo, o tla bo o le modiredi yo o molemo wa ga Keresete Jesu, o le yo o ikotlang ka mafoko a tumelo le a thuto e e siameng e o ntseng o e setse morago. 7Mme o gane dinaane tse di sa itshepang tsa basadi bagolo. Bogolo o itlwaetse poifo-Modimo. 8Gonne go sidila mmele go na le thuso e nnye fela, mme poifo-Modimo yona e na le thuso mo dilong tsotlhe, ka e na le tsholofetso ya botshelo jwa gompieno le ya jo bo tlang. 9Ke lefoko le le ikanyegang le le tshwanetseng go amogelwa tota; 10go nne re itapisetsa sona seo le go se tlhabanela, ka re solofela mo Modimong o o tshelang, o e leng Mopholosi wa batho botlhe, bogolo wa bone ba ba dumelang.
11Dilo tseo o di ba laele, o di ba rute. 12A go se nne ope yo o nyatsang bokau jwa gago, mme o nne sekao mo go ba ba dumelang ka puo le motsamao le lorato le mowa le tumelo le ka boitsheko. 13Tswelela pele go buisa le go kaela le go ruta, go ya ke be ke tle. 14O se ka wa tlhokomologa neo e e mo go wena, e o e neilweng ka polelelopele le ka go bewa diatla ke bagolo. 15Tlhoafalela dilo tseo, o nne mo go tsona gore botswelelopele jwa gago bo bonatsege mo go botlhe. 16Ikele tlhoko, o be o tlhokomele le yona thuto; o tlhomame mo dilong tseo. Fa o dira jalo, o tla ipholosa, o be o pholosa ba ba go utlwang.

Currently Selected:

1 TIMOTHEO 4: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy