1
JAKOBO 1:2-3
Setswana 1970
Ba ga etsho, e re fa lo wela mo ditekong tsa mefutafuta, lo di kaye boitumelo fela, ka lo itse gore go lekwa ga tumelo ya lona go tsosa tlhomamo.
Compare
Explore JAKOBO 1:2-3
2
JAKOBO 1:5
Mme fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a bo kope mo Modimong o o nayang mongwe le mongwe ka boitumelo, o sa nyatse, mme o tla bo newa.
Explore JAKOBO 1:5
3
JAKOBO 1:19
Ka moo, ba ga etsho ba ba rategang, a motho mongwe le mongwe a akofe go utlwa, a iketle go bua, a iketle go galefa.
Explore JAKOBO 1:19
4
JAKOBO 1:4
Mme tlhomamo e tshwanetse go nna le tiro e e tletseng gore lo nne botlalo, lo itekanele, lo se tlhaele mo go sepe.
Explore JAKOBO 1:4
5
JAKOBO 1:22
Mme lo nne badiri ba Lefoko, e seng bautlwi fela, lwa tloga lwa itsietsa.
Explore JAKOBO 1:22
6
JAKOBO 1:12
Go sego monna yo o itshokelang diteko; gonne e tla re a sena go bonwa a fentse diteko, a amogele serwalo sa bophelo se Morena o se solofeditseng bone ba ba mo ratang.
Explore JAKOBO 1:12
7
JAKOBO 1:17
Neo nngwe le nngwe e e molemo le mpho nngwe le nngwe e e tletseng e tswa kwa godimo, e fologa kwa go Rra-masedi yo go se nang phetogo epe mo go ene, le e seng kamogano ya bosigo le motshegare.
Explore JAKOBO 1:17
8
JAKOBO 1:23-24
Gonne fa mongwe e le moutlwi wa Lefoko, e se modiri, yoo o tshwana le monna yo o iponang sefatlhego sa tlholego mo seiponing; gonne e a re a sena go ipona, a tsamae, a lebale ka pele ka fa a ntseng ka teng.
Explore JAKOBO 1:23-24
9
JAKOBO 1:27
Tirelo-Modimo e e itshekileng e e se nang sebala fa pele ga Modimo Rara ke ya go lekola dikhutsana le batlholagadi mo matshwenyegong a bone, le go ipoloka ka bophepa mo lefatsheng.
Explore JAKOBO 1:27
10
JAKOBO 1:13-14
A go se nne ope yo e reng a raelwa a re: “Ke raelwa ke Modimo.” Gonne Modimo ga o ka ke wa raelwa ke bosula, mme ona ka osi ga o raele ope. Mme mongwe le mongwe o a raelwa, fa a gogwa gongwe a okwa ke keletso ya gagwe.
Explore JAKOBO 1:13-14
11
JAKOBO 1:9
Mme mokaulengwe yo o kwa tlase a a ipoke ka bogolo jwa gagwe.
Explore JAKOBO 1:9
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos