Λογότυπο YouVersion
Εικονίδιο αναζήτησης

GENESI 3

3
Go sa utlweng ga batho
1Noga e ne e feta diphologolo tsotlhe tsa naga ka boferefere tse Morena Modimo o di dirileng; ya botsa mosadi ya re: “A ruri Modimo o buile wa re: ‘Lo se ka lwa ja ditlhare dipe tsa tshimo’?”
2Ke fa mosadi a araba noga a re: “Go tilwe, re je maungo a ditlhare tsa tshimo. 3Fela Modimo o buile ka ga maungo a setlhare se se fa gare ga tshimo wa re: ‘Lo se ka lwa a ja le e seng go a ama, e se re gongwe lwa swa.’ ”
4Mme noga ya raya mosadi ya re: “Nnyaya, ga lo kitla lo swa! 5Kana Modimo o itse gore motlhang lo a jang, matlho a lona a tla buduloga, lo tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.”
6Ke fa mosadi a bona gore setlhare seo se molemo go ka jewa, le gona se kgatlha matlho; setlhare seo se eletsega ka ntlha ya go tlhalefisa motho. A ba a tsaya maungo a sona, a ja, a naya le monna wa gagwe yo o neng a na nae, mme le ene a ja. 7Ya baa gona matlho a bone a budulogang, ba lemoga gore ga ba a tswala; ba rokaganya matlhare a mofeie, ba itirela ditswalo.
8Jaanong ya re ba utlwa mokgwasa wa Morena Modimo o sepela mo tshimong go le phefo ya mantsiboa, motho le mosadi wa gagwe ba tshaba sefatlhego sa Morena Modimo, ba iphitlha mo teng ga ditlhare tsa tshimo. 9Ke fa Morena Modimo o bitsa motho, o mo raya o re: “O fa kae?”
10Ene a re: “Ke utlwile mokgwasa wa gago mo tshimong, jaanong ka boifa, ka ke ne ke sa ikatega, ka ba ka iphitlha.”
11 Morena a fetola a re: “Ke mang yo o go boleletseng gore ga o a ikatega? A kampo o jele setlhare se ke go laetseng ka re: O se ka wa se ja?”
12Motho a re: “Mosadi yo ò mo nneileng gore a nne le nna ke ene yo o mphileng leungo la setlhare seo, ka ja.”
13 Morena Modimo wa botsa mosadi wa re: “Ke eng se o se dirileng?” Mosadi a re: “Noga e ntsieditse, mo ke bileng ka ja.”
Katlholo ya Modimo
14Ke fa Morena Modimo o raya noga o re: “E re ka o dirile jalo o hutsitswe mo diruiweng tsotlhe le mo diphologolong tsotlhe tsa naga. O tla gwapa ka mpa, o ja lerole ka malatsi otlhe a bophelo jwa gago. 15Le gona ke tla baya letlhoo fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe; lone lo tla go tšhwetla tlhogo, mme wena o tla lo loma serethe.”
16 Morena a raya mosadi a re: “Ke tla go ntsifaletsa ditapisego thata, fa o ithwele; o tla belega bana ka botlhoko, o tla tlhologelelwa monna wa gago, mme ene o tla go laola.”
17A raya Atame a re: “E re ka o utlwile lentswe la mosadi wa gago, wa ja setlhare se ke go laetseng ka re: ‘O se ka wa se ja!’ masimo a hutsitswe ka ntlha ya gago. O tla ja tsa ona ka matsapa ka malatsi otlhe a bophelo jwa gago. 18A tla go tlhogela mitlwa le ngwang; o tla ja merogo ya naga. 19O tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlhelela o boela kwa mmung, gonne o ntshitswe mo go ona; o lerole, mme o tla boela leroleng.”
20Motho a taya mosadi wa gagwe leina la Efa; gonne ke ene mma-baphedi botlhe. 21Morena Modimo wa direla motho le mosadi wa gagwe diaparo tsa matlalo, wa di ba apesa.
Atame le Efa ba lelekwa mo tshimong ya Etene
22Jaanong Morena Modimo wa re: “Bonang, motho o fetogile, o tshwana le rona ka go itse molemo le bosula. Jaanong a a se ka a ntsha letsogo, a fula le maungo a setlhare sa bophelo, a a ja, a tloga a phela ka bosakhutleng!” 23Ke ka moo Morena Modimo o mo ntshitseng mo tshimong ya Etene gore a ye go lema mmu o a ntshitsweng mo go ona; 24wa leleka motho, wa baya boKerubime mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya tshimo ya Etene, ba nna le tšhaka ya molelo e e kgadikang go disa tsela e e yang kwa setlhareng sa bophelo.

Επιλέχθηκαν προς το παρόν:

GENESI 3: TSW70

Επισημάνσεις

Κοινοποίηση

Αντιγραφή

None

Θέλετε να αποθηκεύονται οι επισημάνσεις σας σε όλες τις συσκευές σας; Εγγραφείτε ή συνδεθείτε

Η YouVersion χρησιμοποιεί cookies για να εξατομικεύσει την εμπειρία σας. Χρησιμοποιώντας τον ιστότοπό μας, αποδέχεστε τη χρήση των cookies όπως περιγράφεται στην πολιτική απορρήτου