Jaanong ya re Moše a sena go nna monna, a ya kwa go ba ga gabo, a bona ditiro tse di bokete tsa bone; a bona monna wa Moegepeto a itaya monna wa ga gabo wa Mohebere. A gadima kwa le kwa, mme ya re a bona go se na ope, a bolaya Moegepeto, a mo epela mo motlhabeng.