MALAKI 4

4
Letsatsi la Morena le etla
1“Gonne motlha o etla, o tuka jaaka leiso la boubelo; botlhe ba ba bokaka, le botlhe ba ba dirang boikepo ba tlaa nna dirine; motlha o o tlang o tlaa ba laila,” go bua Jehofa wa masomosomo, “ga o ketla o ba tlogelela le fa e le motswe kgotsa kala. 2Mme lona lo boifang leina la me, letsatsi la tshiamo le tlaa lo tlhabela, ka phodiso mo diphukeng tsa lone; mme lo tswela kwa ntle, lo kalapa jaaka dinamane tsa lesaka. 3Lo tlaa gataka baikepi; gonne ba tlaa nna melora fa tlase ga dinao tsa lona mo motlheng o ke dirang selo se ka one,” go bua Jehofa wa masomosomo.
4“Gakologelwang molao wa ga Moše motlhanka wa me, o ke o mo laoletseng kwa Horebe ka ga Baiseraele botlhe, e bong ditao le dikatlholo.
5“Bonang, ke tlaa roma Elija moperofeti kwa go lona pele, motlha o mogolo le o o boitshegang wa ga Jehofa o ise o tle. 6Mme o tlaa sokololela pelo ya borrabana mo baneng ba bone, le pelo ya bana kwa go borraabo; e se re kgotsa ka tla, mme ka itaya lefatshe ka phutso.”

선택된 구절:

MALAKI 4: TSW08NO

하이라이트

공유

복사

None

모든 기기에 하이라이트를 저장하고 싶으신가요? 회원가입 혹은 로그인하세요