Logo de YouVersion
Ícono Búsqueda

GENESI 2

2
Sabata
1Go ne ga wediwa legodimo le lefatshe jalo le masomo otlhe a a mo go tsona. 2Ka letsatsi la bosupa Modimo o ne wa wetsa tiro ya ona e o e dirileng; wa ikhutsa ka letsatsi la bosupa, o sena go fetsa tiro yotlhe ya ona e o e dirileng. 3Mme Modimo wa tshegofatsa letsatsi la bosupa, wa le itshepisa; ka gonne Modimo o ne wa ikhutsa ka lone o sena go fetsa tiro yotlhe ya ona e o e tlhodileng ka go e dira.
Tshimo ya Etene
4Ditirafalo tsa legodimo le lefatshe, fa di tlholwa, ke tse: E rile ka motlha o Morena Modimo o dirileng lefatshe le legodimo ka ona 5ga bo go ise go nne ditlhatshana dipe tsa naga mo lefatsheng, go ise go mele botala bope jwa naga; ka gonne Morena Modimo o ne o ise o nese pula mo lefatsheng; le gona go se na motho yo o ka lemang naga. 6Fela ga tla mouwane mo lefatsheng, wa kolobisa mmu otlhe wa naga. 7Ke fa Morena Modimo o bopa motho ka lerole la mmu, o budulela mowa wa bophelo mo dinkong tsa gagwe; motho a nna mophedi jalo.
8Jaanong Morena Modimo wa dira tshimo kwa Etene mo ntlheng ya botlhabatsatsi, wa baya motho teng yo o mmopileng. 9Morena Modimo wa tlhogisa ditlhare tsa mefutafuta teng, di medile mo lefatsheng, e le tse di eletsegang mo matlhong, tse di monate go jewa. Setlhare sa bophelo sa bo se le fa gare ga tshimo mmogo le setlhare sa kitso ya molemo le bosula.
10Noka ya bo e tswa mo Etene go nosa tshimo eo; fa e sena go tswa teng, ya kgaogana, ya nna dinoka di le nne. 11Leina la ya ntlha ke Phišone; ke yona e e potologang lefatshe lotlhe la Hawila kwa gouta e leng teng. 12Gouta ya lefatshe leo ga e a pekwa; teng go na le boroku jwa bedula le majwe a a tlhokegang a šohama. 13Leina la noka ya bobedi ke Kihone; ke yona e e potologang lefatshe lotlhe la Ethiopia. 14Leina la noka ya boraro ke Hitekele; ke yona e e elang mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Asiria. Noka ya bone ke Ferathe.
15 Morena Modimo o ne wa tsaya motho, wa mmaya mo tshimong ya Etene gore a e leme, a e dise. 16Morena Modimo wa laela motho wa re: “O ka ja mo ditlhareng tsotlhe tsa tshimo ka kgololesego. 17Fela setlhare sa kitso ya molemo le bosula sona o se ka wa se ja! Gonne ka letsatsi le o se jang, o tlile go swa.”
18Le gona Morena Modimo wa re: “Ga go molemo fa motho a nna a le nosi fela; ke tla mo direla mothusi yo o mo tshwanetseng.” 19Jaanong e rile Morena Modimo o sena go bopa diphedi tsotlhe tsa naga le dinonyane tsotlhe tsa legodimo, wa di isa kwa mothong go bona, ka fa a tla di bitsang ka teng gore mafoko otlhe a motho o tla bitsang diphedi ka ona, e nne maina a tsona. 20Diruiwa tsotlhe le dinonyane tsotlhe tsa legodimo le diphologolo tsotlhe tsa naga motho a di taya maina, mme motho a bo a se na mothusi yo o mo tshwanetseng.
21Ke fa Morena Modimo o thulametsa motho; ya re a sena go robala, wa ntsha longwe lwa dikgopo tsa gagwe, wa thiba ka nama, fa lo duleng teng. 22Mme logopo loo Morena Modimo o lo ntshitseng mo mothong wa bopa mosadi ka lone, wa mo isa kwa mothong. 23Ke fa motho a re:
“Ahee! Kana yo ke lesapo
la marapo a me
le nama ya nama ya me;
ene yo o tla bidiwa monnagadi,
gonne o ntshitswe mo monneng.”
24Ke ka moo monna a tla tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe; mme ba tla nna nama e le nngwe fela.
25Motho le mosadi wa gagwe ba bo ba sa ikatega ka bobedi jwa bone, mme ba se na ditlhong.

Actualmente seleccionado:

GENESI 2: TSW70

Destacar

Compartir

Copiar

None

¿Quieres guardar tus resaltados en todos tus dispositivos? Regístrate o Inicia sesión

YouVersion utiliza cookies para personalizar su experiencia. Al usar nuestro sitio web, acepta nuestro uso de cookies como se describe en nuestra Política de privacidad