MATHAIO 10

10
Jesu o tlhopha barutwa
(Mar 3:13-19; Luke 6:13-16)
1A ipiletsa barutwa ba gagwe ba ba 12, a ba naya thata mo meweng e e maswe, go e kgoromeletsa ntle, le go fodisa dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe, le malwetse mangwe le mangwe otlhe fela. 2Jaana maina a baaposetole ba ba 12 ke a: Wa ntlha ke Simone yo o bidiwang Petere, le Anterea monnawe; Jakobe morwa Sebete, le Johane monnawe; 3Filipo, le Baretholomea; Thomase, le Mathaio wa mokgethisi; Jakobe morwa Alefaio, le Thataeo; 4Simone wa Mokanana, le Jutase Isekariote, yo e leng ene o mo okileng.
Thomo ya ba ba lesome le bobedi
(Mar 6:7-13; Luke 9:1-6)
5Ba ba 12 ba, Jesu a ba roma, mme a ba laya a re: “Lo se ka lwa tsamaya mo tseleng epe ya Baditšhaba, le fa e le mo motseng ope wa Basamaria, lo se ka lwa tsena mo go ona. 6Bogolo lo yeng kwa dinkung tse di timetseng tsa ntlo ya Iseraele. 7 Lo ete lo rera lo re: ‘Bogosi jwa legodimo bo atametse.’ 8Fodisang babobodi, tsosang baswi, ntlafatsang balepero, kgoromeletsang mewa e e maswe ntle. Lo amogetse fela, nayang fela. 9Se tseyeng gouta le fa e le selefera, le fa e le kgotlho mo pataneng tsa lona tsa madi; 10 le fa e le kuana ya loeto, le fa e le dikobo di le pedi, le fa e le ditlhako, le fa e le tsamma; gonne modiri o tshwanetswe ke sejo sa gagwe.
11“Le fa e ka ne e le motse ofe, le fa e le motsana o lo tsenang mo go one, lo senke yo o tshwanetseng teng; mme lo nne foo, go tle go tsamaye lo tswe teng. 12E re lo tsena mo ntlong lo e dumedise. 13Fa ntlo eo e le yone e tshwanetseng, a kagiso ya lona e tle mo go yone; mme fa e le e e sa tshwanelang, a kagiso ya lona e boele mo go lona. 14 Mme le fa e le bomang ba ba se ketlang ba lo tshola, le fa e le go reetsa mafoko a lona, e re lo tswa mo ntlong eo, kgotsa mo motseng oo, lo itlhotlhore ditlhole mo dinaong tsa lona. 15 Ammaaruri ke a lo raya: E tlaa re mo motlheng wa tsheko, go tlaa nna botoka ka ga lefatshe la Sotoma le Gomora bogolo go motse oo.
Dipogisego tse di tlang
(Mar 13:7-13; Luke 21:12-17)
16 “Bonang, ke lo roma jaaka dinku mo gare ga diphiri; ke gone lo nneng botlhale jaaka dinoga, le bori jaaka maphoi. 17 Lo itise mo bathong; gonne ba tlaa lo neela ditshekong, ba tlaa lo seola mo matlong a bone a thuto. 18Ee, lo tlaa isiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go tla lo nna tshupo mo go bone le mo go Baditšhaba. 19Mme e re mogang ba lo neelang mo ditshekong, lo se ka lwa tlhobaelela gore lo tlaa bua jang, le gore lo tlaa bua eng; gonne lo tlaa newa mo lobakeng loo fela se lo tlaa se buang. 20Gonne e bo e se lona ba lo buang, mme e le Mowa wa ga Rraeno o o buang mo go lona.
21 “Motho o tlaa neela morwa rraagwe mo losong, le rramotho ngwana wa gagwe; bana ba tlaa tsogologela batsadi ba bone, ba ba bolaya. 22 Lo tlaa ilwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, ene o tlaa bolokwa. 23E re ba lo bogisa mo motseng o, lo tshabele mo go o o tlhomaganyeng nao, gonne ammaaruri ke a lo raya: Lo tlaa re lo ise lo wetse go ralala metse ya Iseraele, Morwa Motho a ba a bile a tsile.
24 “Morutwa ga a mogolo go feta moruti wa gagwe, le motlhanka ga a mogolo go feta morena wa gagwe. 25 Go lekanye morutwa fa a ntse jaaka moruti wa gagwe, le motlhanka fa a ntse jaaka morena wa gagwe. Fa ba reile mong wa ntlo ba re, Beelesebube, bogolo jang ba tlaa raya ba ntlo ya gagwe jalo.
Go boifiwa mang
(Luke 12:2-9)
26 “Ke gone se ba boifeng, gonne ga go na sepe se se bipilweng, se se se ketlang se senolwa, le fa e le se se lobilweng se se se ketlang se itsege. 27Se ke se lo bolelelang mo lefifing, lo se bolele mo leseding; le se lo se sebediwang, lo se kakanye mo godimo ga matlo. 28Le gone lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele, mme ba sa nonofa go bolaya mowa; bogolo lo boife ene yo o nonofileng go senya mowa le mmele mo moleteng. 29Dithaga di le pedi a ga di rekwe ka bontlhanngwe jwa peni? Mme epe ya tsone ga e ke e wela fa fatshe kwa ntle ga Rraeno. 30Mme le e leng meriri tota, ya ditlhogo tsa lona, e badilwe yotlhe fela. 31Ke gone se boifeng; gonne lo tlhwatlhwa e kgolo bogolo go ya dithaga di le dintsi.
Go ipolela Jesu fa pele ga batho
(Luke 12:8-9)
32“Ke gone mongwe le mongwe yo o tlaa impolelang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo ipolela fa pele ga Rre yo o kwa legodimong. 33 Mme le fa e le mang yo o tlaa intatolang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo itatola fa pele ga Rre yo o kwa legodimong.
Ke tlisitse tšhaka e seng kagiso
(Luke 12:51-53; 14:26-27)
34“Lo se ka lwa gopola gore ke tsile go lere kagiso mo lefatsheng; ga ke a tla go lere kagiso, fa e se tšhaka fela. 35 Gonne ke tsile go lotlhanya monna le rraagwe, motsetsana le mmaagwe le ngwetsi le matsalaagwe; 36le baba ba motho e tlaa nna bone ba ntlo ya gagwe.
37“Yo o ratang rraagwe kgotsa mmaagwe bogolo go nna, ga a ntshwanela; le yo o ratang morwawe kgotsa morwadie bogolo go nna, ga a ntshwanela. 38 Le yo o sa tseyeng mokgoro wa gagwe a ntshala morago, ga a ntshwanela. 39 Yo o bolokang botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, o tlaa bo boloka.
Dituelo
(Mar 9:41)
40 “Yo o tsholang lona o tshola nna, le yo o tsholang nna, o tshola ene yo o nthomileng. 41Yo o tsholang moperofeti ka leina la moperofeti, o tlaa bona tuelo ya moperofeti; le yo o tsholang mosiami ka leina la mosiami, o tlaa bona tuelo ya mosiami. 42Le fa e le mang yo o tlaa nayang mongwe wa babotlana ba, le fa e ka bo e le metsi a a tsididi fela ka senwelo, ka leina la me, ammaaruri ke a lo raya, ga a ketla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe ka gope.”

선택된 구절:

MATHAIO 10: TSW08NO

하이라이트

공유

복사

None

모든 기기에 하이라이트를 저장하고 싶으신가요? 회원가입 혹은 로그인하세요