1
MATHAIO 4:4
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Mme ene a fetola a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Modimo.’ ”
비교
MATHAIO 4:4 살펴보기
2
MATHAIO 4:10
Foo Jesu a mo raya a re: “Tloga o ye koo Satane! Gonne go kwadilwe ga twe: ‘O obamele Morena Modimo wa gago, ke ene esi yo o tlaa mo direlang.’ ”
MATHAIO 4:10 살펴보기
3
MATHAIO 4:7
Jesu a mo raya a re: “Go bile go kwadilwe ga twe: ‘O se ka wa leka Morena Modimo wa gago.’ ”
MATHAIO 4:7 살펴보기
4
MATHAIO 4:1-2
Foo Jesu a gogelwa ke Mowa kwa nageng, a ya go raelwa ke diabolo. E rile a sena go ikitsa go ja ka malatsi a le 40, le masigo a le 40, morago a tloga a bolawa ke tlala.
MATHAIO 4:1-2 살펴보기
5
MATHAIO 4:19-20
Mme a ba raya a re: “Ntshalang morago, mme ke tlaa lo dira batshwara batho.” Mme ba akofa ba tlogela ditloa tsa bone, ba mo sala morago.
MATHAIO 4:19-20 살펴보기
6
MATHAIO 4:17
E sa le ka lobaka loo Jesu a simolola go rera, le go re: “Ikwatlhaeng, gonne bogosi jwa legodimo bo atametse.”
MATHAIO 4:17 살펴보기
홈
성경
묵상
동영상