YouVersion Logo
Search Icon

MAREKO 11

11
Jesu o tsena Jerusalema ka megolokwane
(Math 21:1-11; Luke 19:28-40; Joh 12:12-19)
1E rile ba setse ba atametse Jerusalema, ba le kwa Bethefage le Bethania, fa Thoteng ya Lotlhware, a roma barutwa ba gagwe ba le babedi. 2A ba raya a re: “Yang mo motsaneng o lo lebaganyeng nao; lo tlaa re lo tsena mo go one lo akofe lo fitlhele eselana e golegilwe, e e iseng e ke e palangwe ke ope; lo e golole, lo e lere kwano. 3Mme e re fa mongwe a lo raya a re: ‘Lo dirang jaana?’ Lo re: ‘Morena o a e batla, mme o tlaa ba a akofa a e busetsa kwano.’ ”
4Ba tsamaya ba ya ba fitlhela eselana e golegilwe fa mojako, ka fa ntle, mo mmileng o o paa fela; mme ba e golola. 5Bangwe ba batho ba ba emeng teng, ba ba raya ba re: “Lo dirang lo golola eselana?”
6Ba bua nabo fela jaaka Jesu a ne a buile, mme ba ba lesa ba tsamaya. 7Mme ba isa eselana kwa go Jesu, ba baya diaparo tsa bone mo go yone, mme a e palama. 8Batho ba le bantsi ba ala diaparo tsa bone mo tseleng, ba bangwe ba ala dikala tse ba tswang go di kgaola mo nageng. 9 Ba ba eteletseng pele, le ba ba setseng morago, ba thela lošalaba, ba re: “Hosana, go bakwe yo o tlang ka leina la Morena; 10a go bakwe bogosi jo bo tlang, bogosi jwa ga rraetsho Dafite; Hosana mo bogodimodimong.”
11Mme a tsena mo Jerusalema, mo tempeleng; mme a re a sena go kobakoba dilo tsotlhe, ka go setse go le maitseboa thata, a tswa a ya kwa Bethania a na le ba ba 12.
Jesu o hutsa mofeige
(Math 21:18-19)
12Ya re ka moso, ba sena go tswa mo Bethania, a bolawa ke tlala. 13Ya re a bonela mofeige kgakala, o na le makakaba, a ya kwa go one, a re e tlaa re gongwe a bone sengwe mo go one, mme a re a fitlha fa go one a se ka a fitlhela sepe fa e se makakaba fela, gonne e ne e ise e nne lobaka lwa difeige. 14Mme a o raya a re: “Motho ope a se ka a tlhola a ja loungo mo go wena gope.” Barutwa ba gagwe ba mo utlwa.
Go phepafadiwa ga tempele
(Math 21:12-17; Luke 19:45-48; Joh 2:14-22)
15Mme ba fitlha mo Jerusalema; mme a tsena mo tempeleng, a simolola go kgoromeletsa kwa ntle ba ba rekisang, le ba ba rekang mo tempeleng, a pitikolola dimati tsa ba ba ananyang madi, le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi; 16a se ka a leseletsa motho ope go ralala tempele a tshotse sejana. 17 Mme a ruta, a ba raya a re: “A ga go a kwalwa ga twe: ‘Ntlo ya me e tlaa bidiwa Ntlo ya thapelelo ya merafe yotlhe’? Mme lona lo e ntshitse mongobo wa dinokwane.”
18Ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi ba go utlwa, mme ba senka ka fa ba ka mo senyang ka teng, gonne ba mmoifa, ka batho botlhe ba gakgamaletse thuto ya gagwe.
19E ne e tle e re go le maitseboa a tswe mo motseng.
Thuto ya setlhare sa feige
(Math 21:20-22)
20Ya re ka moso ba feta, ba fitlhela mofeige o omeletse go ya le kwa meding. 21Mme Petere ka a gakologelwa, a mo raya a re: “Moruti bona, mofeige o o letseng o o hutsitse o bile o omeletse.”
22Mme Jesu a ba raya a re: “Nnang le tumelo mo Modimong. 23 Ammaaruri ke a lo raya, le yo o tlaa rayang thaba e, a re: ‘Manologa o thabuegele mo lewatleng;’ fa a sa belaele mo pelong ya gagwe, a dumela fa se o se buang se tlaa dirala; o tlaa se bona. 24Ke gone ke lo rayang ke re, dilo tsotlhe tse lo di rapelelang lo di lopa, lo dumela fa lo di amogetse, mme lo tlaa di bona. 25 E tle e ne e re lo ema lo rapela, fa mongwe a le molato le lona lo mo itshwarele; gore Rraeno yo o kwa legodimong le ene a lo itshwarele ditlolo tsa lona. ( 26Fa lona lo sa itshwarele, le gone Rraeno yo o kwa legodimong ga a ketla a lo itshwarela ditlolo tsa lona.)”
Go bodiwa ka ga thata ya ga Jesu
(Math 21:23-27; Luke 20:1-8)
27Mme ba ba ba tla gape mo Jerusalema; ya re a tsamayatsamaya mo tempeleng ga tla kwa go ene ditlhogo tsa baperesiti, le bakwadi, le bagolwane; 28ba mo raya ba re: “Dilo tse o di dira ka taolo efe? Le yo o go neileng taolo ya go dira dilo tse ke mang?”
29Jesu a ba raya a re: “Ke tlaa lo botsa potso nngwe, lo mphetole, mme ke tlaa lo bolelela taolo e ke dirang dilo tse ka yone. 30Kana kolobetso ya ga Johane, a e ne e tswa legodimong kgotsa mo bathong? Mphetolang.”
31Ba tseisanya kgang ba re: “E tlaa re fa re re: ‘E tswa legodimong,’ ene a re reye a re: ‘Mme lo ne lo sa mo dumeleleng?’ 32Fa re ka re: ‘E tswa mo bathong’ ” – ba ne ba boifa batho; gonne ruri batho botlhe ba kaya Johane fa e ne e le moperofeti. 33Mme ba fetola Jesu ba re: “Ga re itse.” Jesu a ba raya a re: “Le nna ga ke lo bolelele taolo e ke dirang dilo tse ka yone.”

Currently Selected:

MAREKO 11: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy