YouVersion Logo
Search Icon

LUKE 20

20
Go bodiwa ka ga thata ya ga Jesu
(Math 21:12-17,23-27; Mar 11:27-33)
1Ga dirala ka letsatsi lengwe la malatsi ao, ka a ruta mo tempeleng, a rera Mafoko a a Molemo, a tshogana ka a kgatlhantshiwa ke ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi, ba na le bagolwane; 2ba bua nae ba re: “Re bolelele gore o dira dilo tse ka taolo efe? Kgotsa yo o go neileng taolo e e mang?”
3A ba fetola a re: “Le nna ke tlaa lo botsa potso nngwe; lo e mpolelele: 4Kolobetso ya ga Johane a e ne e tswa kwa legodimong, kgotsa mo bathong?”
5Mme ba gakololana ba re: “E tlaa re fa re re: ‘E ne e tswa kwa legodimong,’ ene o tlaa re: ‘Lo ne lo sa mo dumeleleng?’ 6Fa re re: ‘E ne e tswa mo bathong,’ batho botlhe ba tlaa re kgobotletsa ka maje; ka ba dumetse ruri fa Johane e ne e le moperofeti.” 7Mme ba mo fetola ka go re: “Ga re itse kwa e ne e tswa teng.”
8Jesu a ba raya a re: “Le nna ga ke lo bolelele taolo e ke dirang dilo tse ka yone.”
Setshwantsho sa balemi ba ba bosula
(Math 21:33-46; Mar 12:1-12)
9 A simolola go bua le batho ka setshwantsho, ke se, a re: “Monna mongwe a tlhoma tshimo ya mafine, mme a e neela badiri ba masimo, ba e thapa ka tuelo, mme a tloga a ya go nna mo lefatsheng le sele ka lobaka lo loleele. 10Ya re ka lobaka lwa loungo, a roma motlhanka kwa badiring ba tshimo, gore ba mo neye ntlhanngwe ya loungo lwa tshimo ya mafine; mme badira tshimo ba mmetsa, ba mo leleka a iphotlere fela. 11A ba a roma motlhanka yo mongwe; le ene ba mmetsa, ba mo gagautla ka mo go tlhabisang ditlhong, ba mo leleka a iphotlhere fela. 12A fela a roma wa boraro; mme le ene ba mo ntsha dintho, ba mo latlhela kwa ntle. 13Morena wa tshimo ya mafine a re: ‘Ke tla dirang? Ke tlaa roma morwaake yo o rategang; e tlaa re kgotsa ene ba mo sisimoge.’ 14Mme ya re badiri ba tshimo ba mmona, ba gakololana ba re: ‘Yo ke ene moruaboswa; ntlhong, re mmolayeng, gore boswa e nne jwa rona.’ 15Mme ba mo latlhela kwa ntle ga tshimo ya mafine, ba mmolaya. Ke gone, morena wa tshimo ya mafine o tlaa ba dirang? 16O tlaa tla a senya badiri bao ba tshimo; mme tshimo ya mafine o tlaa e neela ba sele.” Ba re ba utlwa jalo ba re: “A go se nne jalo.” 17 A ba leba a re: “Se se kwadilweng e be e le eng fa go twe: ‘Lentswe le baagi ba le latlhileng, e bile ke lone le le dirilweng la tlhogo ya kgokgotsho?’ 18Mongwe le mongwe yo o welang mo lentsweng leo o tlaa thubaganngwa; mme yo le tlaa mo welang le tlaa mo gasagasa jaaka lorole fela.”
Potso ka ga lekgetho
(Math 22:15-22; Mar 12:13-17)
19Bakwadi le ditlhogo tsa baperesiti ba senka go mo tsenya diatla ka nako eo fela; mme ba boifa batho; gonne ba lemoga fa a buile setshwantsho se ka ga bone. 20Ba mo lepa, ba ntsha ditlhola tse di itshemang basiami, gore di ye go tshwara mafoko a gagwe, gore ba tle ba mo neele mo thateng le mo taolong ya molaodi wa motse. 21Ba mmotsa ba re: “Moruti, re a itse fa o bua, o ruta ka tshiamo, o sa tlhokomele bomangmang jwa ope, mme o ruta tsela ya Modimo ka boammaaruri; 22a re letleletswe go kgethela Kaesare kgotsa nnyaa?”
23A lemoga bolotsana jwa bone, mme a ba raya a re: 24“Ntshupetsang thušeleng. O na le setshwantsho le sekwalo sa ga mang?” Ba re: “Sa ga Kaesare.”
25A ba raya a re: “Fa e le jalo, ntshetsang Kaesare, dilo tse e leng tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leng tsa Modimo.”
26Ba retelelwa ke go tshwara lefoko le fa pele ga batho; ba gakgamalela phetolo ya gagwe, mme ba didimala fela.
Potso ka ga go tsoga ga baswi
(Math 22:23-33; Mar 12:18-27)
27 Foo ga tla kwa go ene bangwe ba Basadukai, ba ba latolang go tsoga ga baswi; ba mmotsa ba re: 28 “Moruti, Moše o re kwaletse a re, fa morwa rraamotho a swa, a na le mosadi, mme fa a se na ngwana, morwa rraagwe yo mongwe a tseye mosadi wa gagwe, go tsosetsa morwa rraagwe yo o suleng losika. 29Jaana go kile ga ne go le bomorwa motho ba supa; wa ntlha a tsaya mosadi, mme a swa a se na ngwana; 30le wa bobedi a tsaya mosadi yoo, 31le wa boraro a mo tsaya; le boo ba supa, ga nna fela jalo; ba swa fela ba sa tlogele ngwana ope. 32Mme morago mosadi le ene a swa. 33Ke gone, e tlaa re mo go tsogeng ga baswi, e tlaa nna mosadi wa ga mang mo go bone? Gonne ba ne ba mo nyetse botlhe ka bosupa jwa bone.”
34Jesu a ba fetola a re: “Bana ba lefatshe leno ba a nyala, ba neelwa nyalong; 35mme ba ba kaiwang ba tshwanetse go bona lefatshe lele, le go tsoga ga baswi, ga ba nyale, le gone ga ba neelwe nyalong; 36le gone ga ba ka ke ba tlhola ba swa, ka ba tshwana le baengele; mme ke bana ba Modimo, ka e le bana ba go tsoga ga baswi. 37 Moše le ene o supile fa go kwadilweng ka ga setlhare, fa baswi ba tsosiwa, ka a bitsa Morena, Modimo wa ga Aberahame, le Modimo wa ga Isake, le Modimo wa ga Jakobe. 38Aitse ga se Modimo wa baswi, fa e se wa batshedi fela; gonne botlhe ba tshelela one.”
39Mme bangwe ba bakwadi ba fetola ba re: “Moruti, o buile sentle.” 40Gonne morago ga mo ba tshaba go tlhola ba mmotsa sepe.
Keresete ke morwa mang
(Math 22:41-46; Mar 12:35-37)
41Mme a ba raya a re: “Ba bua jang fa ba re: ‘Keresete ke morwa Dafite?’ 42 Gonne Dafite ka esi a bua mo lokwalong lwa Dipesalema a re: ‘Morena o reile Morena wa me a re: Dula ka fa letsogong la me le le siameng, 43go tle go tsamaye ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.’ 44Jalo Dafite o mmitsa Morena, mme o bile o ntse morwawe jang?”
Jesu o tlhagisa ka ga baruti ba molao
(Math 23:1-36; Mar 12:38-40)
45A bua le barutwa ba gagwe mo kutlong ya batho botlhe a re: 46“Itiseng mo bakwading, ba ba eletsang go tsamaya ba apere dikobo tse di kgokgothang, ba rata ditumediso mo marekelong, le ditulo tse di kwa pelepele mo matlong a thuto; le manno a a kwa pele mo medirong; 47e le ba ba suputsang matlo a basadi ba batlholagadi, mme ba ipate ka go dira merapelo e melele. Bao ba tlaa bona tshekiso e kgolo e e feteletseng.”

Currently Selected:

LUKE 20: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy