YouVersion Logo
Search Icon

LUKE 11

11
Thapelo ya Morena
(Math 6:9-15; 7:7-11)
1Ga dirala, ya re a rapela felong gongwe, ya re a khutla, mongwe wa barutwa ba gagwe a mo raya a re: “Morena, re rute go rapela, jaaka Johane le ene a ne a ruta barutwa ba gagwe.”
2A ba raya a re: “E re fa lo rapela lo re:
“ ‘Rra, leina la gago
a le itshepisiwe.
Bogosi jwa gago a bo tle.
3Re neye
ka letsatsi lengwe le lengwe
sejo sa letsatsi.
4O re itshwarele dibe tsa rona;
gonne le rona
re itshwarela mongwe le mongwe
yo o molato le rona.
O se re gogele mo thaelong.’ ”
5A ba raya a re: “Ke ofe wa lona yo o ka reng a na le tsala, mme a ya kwa go ene gare ga bosigo, a mo raya a re: ‘Tsala, nkadima dinkgwe di le tharo; 6gonne tsala ya me e nkgorogetse, e tswa loetong, mme ga ke na sepe se nka se mo fang;’ 7mme yole yo o kwa teng a ka mo fetola a re: ‘Se ntshwenye; go setse go tswetswe, le bana ba me ke na nabo mo bolaong; ga nka ke ka tsoga ka go naya?’ 8Ke a lo raya, le fa a gana go tsoga a mo naya, ka gobo e le tsala ya gagwe, le fa go ntse jalo, ka ntlha ya kemelelo ya gagwe o tlaa tsoga a mo naya ka fa o tlhokang ka teng.
9“Ke lo raya ke re:
Lopang, mme lo tlaa newa;
batlang, mme lo tlaa bona;
kgwanyakgwanyang,
mme lo tlaa bulelwa.
10“Gonne mongwe le mongwe yo o lopang, o a amogela; le yo o batlang o a bona; le yo o kgwanyakgwanyang o tlaa bulelwa. 11Ke ofe wa lona yo o ka reng e le rrabana, mme fa morwawe a mo lopa senkgwe, o ka mo naya lentswe? Kgotsa fa a lopa tlhapi, o ka mo naya noga mo boemong jwa tlhapi? 12Gongwe fa a lopa letsae a o ka mo naya phepheng? 13Ke gone, fa lona lo le bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo; bogolo jang Rraeno wa legodimo o tlaa naya ba ba mo lopang Mowa o o Boitshepo.”
Jesu le Beelesebube
(Math 12:22-30; Mar 3:20-27)
14Ya re motlha mongwe a bo a kgoromeletsa ntle mewa e e bosula, mme ya bo e le e e dimumu. Ga dirala ya re mowa o o maswe o sena go tswa, motho yo o semumu a bua; mme batho ba gakgamala. 15 Bangwe ba bone ba re: “O kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka Beelesebube kgosana ya mewa e e maswe.”
16 Ba bangwe ba mo raela, ba batla mo go ene sesupo se se tswang legodimong. 17Mme ene, ka a itse megopolo ya bone, a ba raya a re: “Bogosi bongwe le bongwe jo bo ikgaogantseng bo a swafala; le lolwapa lo lo ikgaoganyang lo a thubega. 18E ka re fa Satane le ene a ikgaogantse, bogosi jwa gagwe bo tlaa ema jang? Gonne lo re: Ke kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka Beelesebube. 19Mme fa ke kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka Beelesebube, bomorwaa lona bone ba ba kgoromeletsa ntle ka mang? Ke gone bone ba tlaa nnang baatlhodi ba lona. 20Fa ke kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka monwana wa Modimo, e tlaa bo jalo bogosi jwa Modimo bo tsile mo go lona.
21“E a re fa motho yo o thata, yo o tlhometseng dibolao, a disitse lolwapa lwa gagwe, dilo tsa gagwe di nna ka kagiso. 22Mme e tlaa re fa mongwe yo o thata bogolo go ene a mo tlhasela, a mo fenya, o tlaa mo tseela dibolao tsotlhe tsa gagwe tse o di ikantseng, a ba a aba dithoto tsa gagwe tse di gapilweng.
23 “Yo o sa emang le nna, o tlhabana le nna; le ene yo o sa phutheng le nna o a falatsa.
Go boa ga mowa o o bosula
(Math 12:43-45)
24“Mowa o o maswe o a re o dule mo mothong, o tlo o ye o ralale dikaka o batla boikhutso; mme o re o sa bone bope, o itheye o re: ‘Ke tlaa boela kwa ntlong ya me e ke duleng mo go yone.’ 25O re o fitlha, o fitlhele e feetswe, e baakantswe. 26Foo o ye o tseye mewa e sele e supa, e e bosula bogolo go one; mme e tsene e age teng; mme bokhutlo jwa motho yo, bo bife bogolo go ga ntlha.”
Tshegofatso ya nnete
27Ga dirala ya re a sa ntse a bua dilo tse, mosadi mongwe mo bontsing, a tsholetsa lentswe la gagwe, a mo raya a re: “Go sego sebopelo se se go belegeng le mabele a o a amuleng.”
28Mme ene a re: “Ee, mme bogolo go sego ba ba utlwang lefoko la Modimo, ba le boloka.”
Losika lo lo bosula lo batla sesupo
(Math 12:38-42; Mar 8:12)
29 E rile matshutitshuti a batho a phuthegela kwa go ene, a simolola go re: “Losika lo, ke losika lo lo bosula; lo batla sesupo; mme ga lo ketla lo newa sesupo, fa e se sesupo sa moperofeti Jona. 30 Gonne jaaka Jona a kile a ne a le sesupo mo go Baninefe, Morwa Motho le ene o tlaa nna jalo mo losikeng lo. 31 Mohumagadi, kgosi ya Borwa, o tlaa ema mo tshekong le banna ba losika lo, mme o tlaa ba sekisa; gonne ene o kile a tswa dikhutlong tsa lefatshe, a tla go utlwa botlhale jwa ga Solomone; mme bonang, yo mogolo go feta Solomone o fa. 32 Banna ba Ninefe ba tlaa ema mo tshekong le losika lo, mme ba tlaa lo sekisa; gonne ba ne ba ikwatlhaya ka thero ya ga Jona; mme bonang, yo mogolo go feta Jona o fa.
Lesedi la mmele
(Math 5:15; 6:22-23)
33 “Ga go ope yo o ka reng fa a tshubile lobone, a lo beye mo go fitlhegileng, le fa e le kwa tlase ga seelo sa mabele, fa e se mo setlhomong fela gore ba ba tsenang ba bone lesedi. 34Lobone lwa mmele wa gago ke leitlho; ke gone fa leitlho la gago le bona sentle, mmele otlhe wa gago o a bo o tletse lesedi; mme fa le le bosula, mmele wa gago le one o tletse lefifi. 35Ke gone o ipone, e se re kgotsa lesedi le le mo go wena ya bo e le lefifi. 36Ke gone ya re mmele wa gago otlhe o tletse lesedi, go se na gope fa go leng lefifi, o tlaa bonesega otlhe fela; fela jaaka go tuka sentle ga lobone go tle go go neye lesedi.”
Jesu o naya Bafarisai le ba molao molato
(Math 23:1-36; Mar 12:38-40; Luke 20:45-47)
37Jaana ya re a sa ntse a bua, Mofarisai mongwe a mo lopa gore a ye go ja nae motshegare; mme a tsena, a dula a ja. 38Ya re Mofarisai a go bona, a gakgamala ka a se ka a tlhapa diatla pele go ise go jewe. 39Morena a mo raya a re: “Aitse jaana lona Bafarisai lo a tle lo tlhatswe bokafantle jwa senwelo le mogotšana, mme bokafateng jwa lona bo tletse bogagapa le bosula fela. 40Dieleele ke lona, yo o dirileng bokafantle, a ga a a dira bokafateng le jone? 41Le fa go ntse jalo, atswang bahumanegi ka dilo tse di mo teng; mme bonang, dilo tsotlhe di tlaa bo di lo ntlafaletse.
42 “Go a bo go latlhega lona Bafarisai! Ka gobo lo ntsha sa bosome sa mosukujwane, le sa rue, le sa merogo yotlhe lekgetho; mme lo tlhokomologa tshiamiso le lorato lwa Modimo; tseno, lo ne lo tshwanetse go di dira, le tse dingwe lo sa di tlogele di sa dirwa.
43“Go latlhega lona Bafarisai! gonne lo rata ditulo tse di kwa pelepele mo matlong a thuto, le ditumediso mo marekelong. 44Go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Gonne lo tshwana jaaka diphupu tse di sa bonaleng, mme batho ba tsamaya fa godimo ga tsone ba sa itse.”
45Ga fetola mongwe wa ba molao, a mo raya a re: “Moruti, fa o bua jaana le rona, o a re kgoba.”
46A re: “Le lona, go latlhega lona ba molao, gonne lo belesa batho merwalo e e botlhokotlhoko go rwalwa; mme lona ka losi lo gana go ama merwalo eo le fa e le ka monwana mongwe wa lona. 47A bo go latlhega lona! Ka lo aga difikantswe tsa baperofeti, mme ke borraeno ba ba ba bolaileng. 48Jalo lo supa fa lo dumalana le ditiro tsa borraeno; gonne ruri ba ba bolaile, mme lona lo aga difikantswe tsa bone. 49Ke gone go buileng le jone botlhale jwa Modimo jwa re: ‘Ke tlaa roma baperofeti le baaposetole kwa go bone; mme bangwe ba bone ba tlaa ba bolaya, ba ba bogisa;’ 50gore madi a baperofeti botlhe, a a tsholotsweng e sa le ka motheo wa lefatshe, a lopiwe mo losikeng lo; 51 go simolola ka madi a ga Abele, go tla go fitlha mo mading a ga Sakaria, yo o swetseng fa gare ga sebeso le tempele; ee, ke a lo raya, a tlaa lopiwa mo losikeng lo.
52“Go latlhega lona ba molao, ka lo tlositse sekopololo sa kitso; lona ka losi ga lo a ka lwa tsena, le ba ba rileng ba a tsena, lo ba kgoreleditse.”
53E rile a sena go tswa teng, bakwadi le Bafarisai ba simolola go mo tlhotlheletsa ka thata, le go leka go mo gakatsa, gore a bue ka ga dilo di le dintsi; 54ba mo lalela, ba batla go tshwara sengwe se se ka tswang mo molomong wa gagwe.

Currently Selected:

LUKE 11: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy