YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 9

9
Jesu o fodisa monna yo o tsetsweng a le sefofu
1Ya re a feta, a bona motho yo o sa leng a tsalwa a foufetse. 2Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: “Rabi, go ne go leofile mang, a monna yo, kgotsa batsadi ba gagwe, fa e bo ne ne a tsetswe a foufetse?”
3Jesu a ba fetola, a re: “Go ne go sa leofa monna yo, le fa e le batsadi ba gagwe; e ne e le gore ditiro tsa Modimo di tle di bonadiwe mo go ene. 4Re na le go dira ditiro tsa yo o nthomileng go sa ntse go le motshegare; bosigo bo etla, jo go se nang ope yo o ka dirang mo go jone. 5 E re fa ke sa ntse ke le mo lefatsheng, ke be ke le lesedi la lefatshe.”
6Ya re a sena go bua jalo, a kgwela mathe fa fatshe, a duba seretse ka mathe, mme a mo tshasa seretse mo matlhong, 7a mo raya a re: “Ya o tlhape mo lekadibeng la Siloame,” – ke go re, Romilwe, fa go phuthololwa. Mme a tloga a tsamaya, a ya a tlhapa, mme a tla a bona.
8Foo ba ga gabo le ba ba mmonyeng gale fa e le mokopi, ba re: “Yo, a ga se ene yo o ne a tle a nnele go kopa?”
9Ba bangwe ba re: “Ke ene.” Ba bangwe ba re: “Nnyaa, o tshwana nae.” Mme ene a re: “Ke nna.”
10Ba mo raya ba re: “Fa e le jalo, matlho a gago a foufolotswe jang?”
11A ba fetola a re: “Monna yo go tweng Jesu, a duba seretse, a se ntshasa mo matlhong, a nthaya a re: ‘Ya mo Siloame, o tlhape,’ mme ka tsamaya, ka ya ka tlhapa, mme ka foufologa.”
12Ba mo raya ba re: “Ene o kae?” A re: “Ga ke itse.”
Bafarisai ba a tlhotlhomisa
13Ba mo isa kwa Bafarisaing, ene yo e rileng gale a bo a foufetse. 14Jaana ga bo go le Sabata mo tsatsing leo Jesu a dubileng seretse, a mo foufolola matlho ka lone. 15Bafarisai ba ba ba mmotsa gape ka fa o foufologileng ka teng. A ba raya a re: “O mpeile seretse mo matlhong, mme ka tlhapa, mme ke a bona.”
16Bafarisai bangwe ba re: “Monna yoo ga a a tswa Modimong, gonne ga a ilele Sabata.” Ba bangwe ba re: “Motho yo e leng moleofi o ka dira ditshupo tse di ntseng jalo jang?” Ga nna kgaogano mo go bone.
17Ba ba ba raya monna wa sefofu gape ba re: “Wena wa reng ka ga gagwe, ka e le fa a foufolotse matlho a gago?” A re: “Nna ka re, ke moperofeti.”
18Bajuta ba belaela ka ga gagwe, gore a jaana o kile a ne a foufetse, a ba a foufologa, ba ba ba tla ba bitsa batsadi ba yo o foufologileng. 19Ba ba botsa ba re: “A yo ke ene ngwana wa lona yo lo reng o tsetswe a foufetse? Mme o bona jang gompieno?”
20Batsadi ba gagwe ba ba fetola ba re: “Re a itse fa yo e le ngwana wa rona, a bile a ne a tsetswe a foufetse; 21mme ga re itse ka fa o bonang ka teng gompieno; le yo o mo foufolotseng matlho ga re mo itse. Botsang ene, o godile, o tlaa ikarabela.” 22Batsadi ba gagwe ba bua dilo tse ka go boifa Bajuta; gonne Bajuta ba ne ba dumalanye gale, gore, fa mongwe a ka mo ipolela fa e le Keresete, ba tlaa mo kgaola mo ntlong ya thuto. 23Ke gone batsadi ba gagwe ba reng: “O godile, botsang ene.”
24Jalo monna yo o neng a foufetse ba mmitsa lwa bobedi, ba mo raya ba re: “Naya Modimo kgalalelo; re a itse fa monna yo e le moleofi.”
25Foo a ba fetola a re: “Kgotsa a o moleofi, ga ke itse; sengwe ke a se itse, ka re, ke ne ke foufetse, mme gompieno ke a bona.”
26Ba mo raya ba re: “O go dirileng? O go foufolotse matlho jang?”
27A ba fetola a re: “Ke lo boleletse gompieno jaana, mme ga lo a ka lwa utlwa; lo ratelang go ba lo go utlwa? A le lona lo rata go tswa barutwa ba gagwe?”
28Ba mo gobolola ba re: “Wena o morutwa wa gagwe; rona re barutwa ba ga Moše. 29Re a itse fa Modimo a buile le Moše; mme ka ga monna yoo, ga re itse kwa o tswang teng.”
30Monna a ba fetola a re: “Ana golo mo go gakgamatsa jang! Ka lo sa itse kwa o tswang gone, le fa go ntse jalo, nna o mphoufolotse matlho. 31Re a itse fa Modimo o sa utlwe baleofi; mme fa motho le fa e le mang e le moobamedi wa Modimo, a ba a dira go rata ga one, yoo o a mo utlwa. 32E sa le ka tlholego ya lefatshe ga go ise go ke go utlwiwe fa mongwe a kile a foufolola matlho a motho yo o tsetsweng a foufetse. 33Fa motho yo a sa tswe Modimong, o ne a sa ka ke a dira sepe.”
34Ba mo fetola ba re: “O tsaletswe fela mo dibeng, mme a o a re ruta?” Mme ba mo kgaolela ntle.
Bofofu jwa semowa
35Jesu a utlwa fa ba mo kgaotse; ya re a mo fitlhela, a mo raya a re: “A o dumela mo go Morwa Modimo?”
36A fetola a re: “Ene ke mang, Morena, gore ke dumele mo go ene?”
37Jesu a mo raya a re: “O mmonye, e bile ke ene yo o buang nao.”
38A re: “Morena ke a dumela.” Mme a mo obamela.
39Jesu a re: “Ke tletse katlholo mo lefatsheng leno, gore ba ba sa boneng ba bone; le gore ba ba bonang ba foufale.”
40Bafarisai ba ba neng ba na nae ba utlwa dilo tse, mme ba mo raya ba re: “A le rona re foufetse?”
41Jesu a ba raya a re: “Fa lo ka bo lo ne lo foufetse lo ka bo lo se na boleo; mme ke fa, lwa re, lo a bona; boleo jwa lona bo sa le teng.

Currently Selected:

JOHANE 9: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy