YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 16

16
1“Dilo tse ke di buile le lona gore lo se ka lwa kgopisiwa ke batho. 2Ba tlaa lo kgaola mo matlong a thuto. Ee, motlha o etla, o mongwe le mongwe yo o lo bolayang ka one, o tlaa gopola gore o direla Modimo. 3Dilo tse ba tlaa di dira, ka gobo ba ntse ba sa itse Rara, le fa e le nna. 4Dilo tse ke di buile le lona, gore e tle e re motlha wa tsone o tla, lo bo lo di gakologelwe ka fa ke lo boleletseng ka gone.
Tiro ya Mowa o o Boitshepo
“Dilo tse ga ke a ka ka di bua le lona mo tshimologong, ka gobo ke ne ke na le lona. 5Jaanong ke ya kwa go ene yo o nthomileng; mme ga go ope wa lona yo o mpotsang, go re: ‘O ya kae?’ 6Bohutsana bo tletsa ka dipelo tsa lona, ka gobo ke lo boleletse dilo tse. 7Le fa go ntse jalo ke lo bolelela boammaaruri; go ka nna molemo ka ga lona fa ke tsamaya, gonne fa ke sa tsamaye, Mogomotsi ga a ketla a tla mo go lona; mme fa ke tsamaya, ke tlaa mo roma mo go lona. 8Mme ene o tlaa re a tsile, o tlaa senolela lefatshe molato ka ga boleo, le ka ga tshiamo, le ka ga katlholo; 9ka ga boleo, ka gobo ba sa dumele mo go nna; 10ka ga tshiamo, ka gobo ke ya kwa go Rara, mme lo sa tlhole lo mpona; 11ka ga katlholo ka gobo kgosana ya lefatshe leno e atlhotswe.
12“Ke sa na le dilo di le dintsi go di bua le lona, mme ga lo ka ke lwa di itshokela gompieno. 13Le fa go ntse jalo, mogang one Mowa wa boammaaruri o tsileng, o tlaa lo gogela mo boammaaruri o tsileng, o tlaa lo gogela mo boammaaruring jotlhe; gonne ga o ketla o ipuisa ka osi; mme dilo tse o di utlwang le fa e ka nna dife, ke tsone tse o di buang; mme o tlaa lo bolelela dilo tse di tlaa tlang. 14O tlaa nkgalaletsa; gonne o tlaa tsaya ga mo e leng ga me, o go lo bolelele. 15Dilo tsotlhe fela tse Rara o nang natso ke tsa me; ke gone ke rileng, o tsaya ga mo e leng ga me, mme o tlaa go lo bolelela.
Bohutsana bo tlaa fetoga boitumelo
16“E tlaa re ka lobakanyana, lo bo lo sa tlhole lo mpona; mme gape ka lobakanyana, lo tlaa mpona.”
17Foo bangwe ba barutwa ba gagwe ba raana ba re: “Mo o go buang le rona ke go reng, a re: ‘E tlaa re ka lobakanyana, lo bo lo sa mpone; mme gape, ka lobakanyana, lo tlaa mpona,’ gape, a re: ‘Ka gobo ke ya kwa go Rara’?” 18Ke gone ba reng: “Se o se buang ke eng, a re: ‘Ka lobakanyana’? Ga re itse se o se buang.”
19Jesu a lemoga fa ba rata go mmotsa, mme a ba raya a re: “A lo botsanya ka ga le, fa ke re: ‘E tlaa re ka lobakanyana lo bo lo sa mpone, mme gape ka lobakanyana, lo tlaa mpona’? 20Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, lona lo tlaa lela, lo hutsafala mme lefatshe le tlaa itumela; lo tlaa nna le bohutsana, mme bohutsana jwa lona bo tlaa fetoga boitumelo. 21Mosadi o na le bohutsana a le mo go belegeng, ka gobo lobaka lwa gagwe lo tsile; mme e a re a sena go belega ngwana, o a ba a sa tlhole a gakologelwa botlhoko, ka boitumelo jwa gore motho o tsaletswe mo lefatsheng. 22Ke gone le lona lo na le bohutsana gompieno; mme ke tlaa ba ke lo bona, dipelo tsa lona di tlaa itumela, mme ga go ope yo o tlaa lo tlosetsang boitumelo jwa lona.
23“Mo letsatsing leo ga lo ketla lo mpotsa sepe. Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa lo lopa Rara sengwe, o tlaa se lo naya ka leina la me. 24Ga lo ise lo ko lo lope sepe ka leina la me le gompieno; lopang, mme lo tlaa amogela, gore boitumelo jwa lona bo dirafale.
Jesu o fentse lefatshe
25“Dilo tse ke di buile le lona ka diane; motlha o etla o ke se ketlang ke tlhola ke bua le lona ka diane ka one, mme ke tlaa lo bolelela ka thanolo ka ga Rara. 26Mo tsatsing leo lo tlaa lopa ka leina la me; mme ga ke lo reye go re, ke tlaa lo rapelela Rara; 27gonne Rara ka esi o a lo rata, gonne lo nthatile, lo bile lo dumetse fa ke tswa kwa go Rara. 28Ka tswa kwa go Rara, mme ke tsile mo lefatsheng; gape, ke tlogela lefatshe, ke ya kwa go Rara.”
29Barutwa ba gagwe ba re: “Bona, jaanong o bua ka thanolo, ga o bue seane. 30Jaanong re a itse fa o itse dilo tsotlhe, mme o sa tlhoke gore motho ope a go botse; re a dumela ka mo fa o no o tswa Modimong.”
31Jesu a ba fetola a re: “A gompieno lo a dumela? 32Bonang lobaka lo etla, ee, lo setse lo fitlhile, lo lo tlaa faladiwang ka lone, mongwe le mongwe a ya ga gabo, lo ntlogela ke le nosi, le fa go ntse jalo ga ke nosi, ka ke na le Rara. 33Dilo tse ke di buile le lona, gore lo nne le kagiso mo go nna. Mo lefatsheng lo na le pitlagano; mme nametsegang; ke fentse lefatshe.”

Currently Selected:

JOHANE 16: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy