YouVersion Logo
Search Icon

GENESISE 1

1
Modimo o tlhola lobopo le motho
1E rile mo tshimologong Modimo wa tlhola legodimo le lefatshe. 2Lefatshe la bo le tobekanye fela, go sa itsege sepe; mme lefifi la bo le ntse fa godimo ga boteng. Mowa wa Modimo wa elama fa godimo ga metsi. 3 Modimo wa re: “A go nne lesedi.” Ga nna lesedi. 4Modimo wa bona lesedi fa le le molemo; mme Modimo wa farologanya lesedi mo lefifing. 5Modimo wa raya lesedi leina wa re: “Motshegare”; mme lefifi wa le raya leina wa re: “Bosigo”, mme ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi le le lengwe fela.
6 Modimo wa re: “A go nne phuthologo fa gare ga metsi, e farologanye metsi le metsi.” 7Modimo wa dira phuthologo, wa farologanya metsi a a kwa tlase ga phuthologo le metsi a a kwa godimo ga phuthologo; ga nna jalo. 8Modimo wa raya phuthologo leina, wa re “Legodimo”. Ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi la bobedi.
9Modimo wa re: “A metsi a a kwa tlase ga legodimo a phuthegele felo go le gongwe, komelelo ya lefatshe e bonale.” Ga nna jalo. 10Modimo wa raya komelelo leina wa re “Lefatshe”; phuthegelo ya metsi wa e raya leina wa re: “Mawatle”. Modimo wa bona fa go le molemo. 11Modimo wa re: “A lefatshe le tlhoge bojang, morogo o o tsalang peo, le setlhare sa loungo se se ungwang ka fa losikeng lwa sone, se peo ya sone e leng mo teng ga lone mo lefatsheng.” Ga nna jalo. 12Lefatshe la tlhoga bojang, morogo o o tsalang peo ka fa losikeng lwa one, le setlhare se se ungwang loungo lo peo ya sone e leng mo teng ga lone, ka fa losikeng lwa sone. Modimo wa bona fa go le molemo. 13Ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi la boraro.
14Modimo wa re: “A go nne masedi mo phuthologong ya legodimo go farologanya motshegare le bosigo, a nne sesupo sa dipaka, le go nna malatsi le dingwaga. 15A nne masedi mo phuthologong ya legodimo, go bonesa lefatshe.” Ga nna jalo. 16Modimo wa dira masedi a magolo a mabedi: lesedi le legolo gore le laole motshegare, le lesedi le lebotlana gore le laole bosigo; wa dira le dinaledi. 17Modimo wa a tlhoma mo phuthologong ya legodimo gore a bonese lefatshe. 18Le gore a laole motshegare le bosigo, le go farologanya lesedi le lefifi; Modimo wa bona fa go le molemo. 19Ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi la bone.
20Modimo wa re: “A metsi a nyeudise thata dibopiwa tse di tsamayang, tse di nang le botshelo; a dinonyane di fofe fa godimo ga lefatshe, mo phuthologong e e atlhameng ya legodimo.” 21Modimo wa tlhola maruarua a magolo a lewatle, le dibopiwa dingwe le dingwe tse di tshelang tse metsi a di nyeudisang thata, ka fa ditshikeng tsa tsone; le nonyane, nngwe le nngwe e e diphuka, ka fa losikeng lwa yone. Modimo wa bona fa go le molemo. 22Modimo wa di segofatsa, wa re: “Atang, lo ntsifale, lo tlale ka metsi a a mo mawatleng; le dinonyane di ntsifale mo lefatsheng.” 23Ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi la botlhano.
24Modimo wa re: “A lefatshe le ntshe dibopiwa tse di tshedileng ka fa ditshikeng tsa tsone: diruiwa, le tse di gagabang, le diphologolo le dibatana tsa lefatshe ka fa ditshikeng tsa tsone.” Ga nna jalo. 25Modimo wa dira diphologolo le dibatana tsa lefatshe ka fa ditshikeng tsa tsone, le diruiwa ka fa ditshikeng tsa tsone, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe, ka fa losikeng lwa sone. Modimo wa bona fa go le molemo.
26 Modimo wa re: “A re direng motho mo setshwanong sa rona, ee, ka fa setshwanong sa rona; le gone a a laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le dikgomo, le lefatshe lotlhe, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe.” 27 Modimo wa tlhola motho mo setshwanong sa one tota, wa mo tlhola mo setshwanong sa Modimo; wa ba tlhola nona le tshadi. 28Modimo wa ba segofatsa; Modimo wa ba raya wa re: “Atang, lo ntsifale lo tlale ka lefatshe, lo le fenye, lo laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le sengwe le sengwe se se tshedileng se se tsamayang mo lefatsheng.” 29Modimo wa re: “Bonang, ke lo neile morogo mongwe le mongwe o o tsalang peo, o o mo lefatsheng lotlhe, le setlhare sengwe le sengwe se se nang le loungo lwa setlhare lo lo ntshang peo; e tlaa nna dijo tsa lona. 30Le phologolo nngwe le nngwe le dibatana tsa lefatshe, le nonyane nngwe le nngwe ya loapi, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe se botshelo bo leng mo go sone, ke di neile morogo mongwe le mongwe o motala go nna dijo.” Ga nna jalo. 31Modimo wa bona sengwe le sengwe se o se dirileng, mme bonang, ga bo go le molemo thata. Ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi la borataro.

Currently Selected:

GENESISE 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy