YouVersion Logo
Search Icon

ESEKIELE 1

1
PONATSHEGELO YA NTLHA YA GA ESEKIELE
(Esek 8:1 – 10:22)
Kgalalelo ya bogosi jwa Modimo
1 Jaana ga dirala e rile ka ngwaga wa 30, ka kgwedi ya bone, ka letsatsi la botlhano la kgwedi, ke le mo batshwarwing fa nokeng ya Kebare, magodimo a atlhamologa; mme ka bona diponatshegelo tsa Modimo. 2 Ya re ka letsatsi la botlhano la kgwedi, e le ka ngwaga wa botlhano wa botshwaro jwa ga Joiakine, 3lefoko la ga Jehofa la tla le siametse kwa go Esekiele, moperesiti, morwa Busi, mo lefatsheng la Bakalatea fa nokeng ya Kebare; mme seatla sa ga Jehofa sa nna gone mo go ene.
4Ka leba, mme bonang, sefefo sa tswa ntlheng ya botsheka, leru le legolo, le molelo o o imenaganyang, le na le phatsimo tikologong ya lone, mme mo gare ga lone ga tswa e kete mmala wa motsodutsokwane mo gare ga molelo. 5 Mo gare ga lone ga tswa setshwano sa ditshedi di le nne. Mme e ke yone ponalo ya tsone; di ne di na le setshwano sa motho. 6Sengwe le sengwe sa tsone sa bo se na le difatlhogo di le nne, e bile sengwe le sengwe sa tsone sa bo se na le diphuka di le nne. 7Maoto a tsone e ne e le maoto a a tlhamaletseng fela; mme pato ya dinao tsa tsone e ne e ntse jaaka pato ya tlhako ya namane; mme di tsabakela jaaka mmala wa kgotlho e e gotlhilweng. 8Tsa bo di na le diatla tsa motho fa tlase ga diphuka tsa tsone mo ditlhakoreng tsa tsone tsoo nne; mme difatlhogo le diphuka tsa tsone tsoo nne di ne di ntse jaana, ke go re: 9Diphuka tsa tsone di ne di tshwaraganye; fa di tsamaya di ne di sa retologe; sengwe le sengwe se ne se tle se tlhamalalele kwa pele fela.
10 Ka ga setshwano sa difatlhogo tsa tsone, di ne di na le sefatlhogo sa motho; mme mo ntlheng ya ka fa tsogong le legolo di ne di na le sefatlhogo sa tau tsoo nne; mme ka fa ntlheng ya la molema di ne di na le sefatlhogo sa kgomo tsoo nne; di bile di na le sefatlhogo sa ntswi yo motona tsoo nne. 11Kwa godimo difatlhogo tsa tsone le diphuka tsa tsone di ne di kgaoganye; diphuka di le pedi tsa sengwe le sengwe di tshwaraganye, mme di le pedi tsa bo di apesitse mebele ya tsone. 12Sengwe le sengwe sa siamela kwa pele fela; kwa mowa o ne o na le go ya gone, tsa ya gone; ga di a ka tsa re di tsamaya tsa menoga.
13 Mo gare ga ditshedi tseo ga bo go na le ponalo nngwe e e tshwanang jaaka magala a molelo a a tukang, jaaka ponalo ya ditime; mme ya tsamaya tsamaya mo gare ga ditshedi, mme molelo o ne o phatsima, mme ga tswa dikgadima mo molelong. 14Mme ditshedi tsa siana di ba di bowa jaaka go bebenya ga logadima.
15 Jaana ya re ke sa lebile ditshedi, bonang, lekoto le le dikologang le le lengwe fela fa fatshe fa ditsheding, la sengwe le sengwe sa difatlhogo tsa tsone tsoo nne. 16Ponalo ya maoto a a dikologang le ya tiro ya yone e ne e ntse jaaka mmala wa lentswe la berile; mme ao mane a le tshwano e le nngwe fela: ponalo ya one le tiro ya one go ne go ntse jaaka e kete ke lekotwana le le dikologang mo teng ga lekoto le lengwe. 17Fa di tsamaya, di bo di tsamaya ka dintlha tsa tsone tsoo nne; fa di tsamaya di be di sa dikologe. 18 Ka ga digogoropo tsa maoto di ne di godile di bile di boitshega; mme digogoropo tsa one ao mane di ne di tletse matlho mo tikologong. 19E ne e tle e re ditshedi di tsamaya, maoto a a dikologang a tsamaye fa go tsone; mme fa ditshedi di tsholediwa fa fatshe, maoto a tsholediwe. 20Kwa mowa o ne o na le go ya gone, tsa ya gone; mowa o ne o na le go ya gone fela; mme maoto a a dikologang a tsholediwa fa go tsone; gonne mowa wa setshedi o ne o le mo maotong a a dikologang. 21E ne e tle e re tseo di tsamaya, le one a tsamaye; mme fa tseo di ema, le one a eme; fa tseo di tsholediwa fa fatshe, maoto a tsholediwa fa go tsone; gonne mowa wa setshedi o no o le mo maotwaneng a a dikologang.
22 Godimo ga tlhogo ya setshedi go ne go okame setshwano sa phuthologo ya loapi, se tshwana jaaka mmala wa legakwa le le boitshegang, se tsharologetse tlhogo tsa tsone fa godimo. 23Ka fa tlase ga phuthologo ya loapi diphuka tsa tsone di ne di tlhamaletse, longwe lo lebaganye le lo longwe: sengwe le sengwe se ne se na le di le pedi tse di apesang mebele ya tsone ka fa ntlheng e, le sengwe le sengwe se ne se na le di le pedi tse di apesang mebele ya tsone ka fa ntlheng e nngwe. 24 E ne e re di tsamaya, ka utlwa mosumo wa diphuka tsa tsone o ntse jaaka mosumo wa metsi a magolo, jaaka lentswe la Mothatayotlhe, e le mosumo wa pheretlho o ntse jaaka mosumo wa ntwa; e ne e re di ema, di losolole diphuka. 25Ga bo go le lentswe fa godimo ga phuthologo ya loapi e e okameng ditlhogo tsa tsone; e ne e re di ema, di losolole diphuka.
26 Kwa godimo ga phuthologo ya loapi e e okameng ditlhogo tsa tsone go ne go le setshwano sa setulo sa bogosi, se ntse jaaka ponalo ya lentswe la safire: mme mo godimo ga setshwano sa setulo sa bogosi go ne go le setshwano se se ntseng jaaka ponalo ya motho mo go sone fa godimo. 27 Ka bona ekete mmala wa motsodutsokwane, ekete ponalo ya molelo mo teng ga sone ka ntlha tsotlhe, go simolola ka ponalo ya lotheka lwa gagwe go ya kwa godimo; mme go simolola ka lotheka lwa gagwe go ya kwa tlase ka bona ekete ponalo ya molelo, mme go le phatsimo ntlheng tsotlhe tsa gagwe. 28Jaaka ponalo ya mola wa godimo o o mo lerung mo motlheng wa pula, ponalo ya phatsimo e ne e ntse jalo mo tikologong. Eo e ne e le ponalo ya kgalalelo ya ga Jehofa. Mme ya re ke e bona, ka wela ka sefatlhogo fa fatshe, mme ka utlwa lentswe la mongwe yo o buang.

Currently Selected:

ESEKIELE 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy