YouVersion Logo
Search Icon

MORERI 1

1
Tsa lefatshe ga di na tiro
1Mafoko a Moreri morwa Dafite,
kgosi mo Jerusalema.
2Boithamako jwa maithamako,
go bua Moreri;
boithamako jwa maithamako,
gotlhe fela ke boithamako.
3Motho o bona thuso yang
mo tirong yotlhe ya gagwe
e o dirang mo go yone
tlase ga letsatsi?
4Kokomana nngwe e fetela koo,
mme go tle e nngwe;
mme lefatshe le nnetse ruri
ka bosakhutleng.
5Letsatsi le lone le tle le tlhabe,
le tloge gape le phirime,
mme le itlhaganelele felong
kwa le tlhabang gone.
6Phefo e ye ntlheng ya borwa mme
e retologele ntlheng ya botsheka;
e tlhole e ntse e retologa fela
mo tsamaong ya yone,
mme phefo e boele gape
kwa dipotologong tsa yone.
7Dinoka tsotlhe
di thelegela mo lewatleng,
le fa go ntse jalo
lewatle ga le a tlala;
felong kwa dinoka di yang gone,
di be di ye gone gape.
8Dilo tsotlhe di tletse letsapa;
motho ga a kake a le bolela;
leitlho ga le kgore ka go bona,
le tsebe ga e tlale ka go utlwa.
9Selo se se neng se ntse se leyo,
ke sone se se tlaa nnang;
le se se ntseng se dirilwe,
ke se se tlaa dirwang;
ga go na sepe se seša
tlase ga letsatsi.
10A go na le sengwe
se batho ba buang ka ga sone, ba re:
“Bonang, se ke se seša?”
Se ne se ntse se le gone
mo metlheng e e fetileng
pele ga rona.
11Ga go na kgakologelo epe
ya dikokomana tse di fetileng pele;
le gone ga go ketla go nna kgakologelo epe
ya dikokomana tsa morago
tse di sa ntseng di tlaa tla,
mo go bone ba ba tlaa tlang
kwa morago.
Maitemogelo a Moreri
12Nna Moreri ke ne ke le kgosi ya Iseraele mo Jerusalema. 13Mme ka ineela ka pelo go batla, le go tlhotlhomisa ka botlhale, ka ga tsotlhe tse di dirwang tlase ga legodimo; ke letsapa le le botlhoko le Modimo o le neileng bana ba batho go lekisiwa ka lone. 14Ke bonye ditiro tsotlhe tse di dirwang tlase ga letsatsi; mme gotlhe fela ke boithamako le go belebetlela phefo fela. 15Se se sokameng ga se kake sa siamisiwa; le se se tlhokafalang ga se kake sa balwa.
16 Ka bua le pelo ya me, ka re: “Bona, ke ipapaletse botlhale jo bogolo go feta botlhe ba ba neng ba le pele ga me mo Jerusalema; ee, pelo ya me e na le tlwaelano e kgolo le botlhale le kitso.” 17Mme ka ineela ka pelo go itse botlhale, le go itse botsenwa le bosilo; ka lemoga fa mo, le gone e le go belebetlela phefo fela. 18Gonne mo bogolong jwa botlhale go na le bogolo jwa mahumapelo; le gone yo o kokotletsang kitso o kokotletsa bohutsana.

Currently Selected:

MORERI 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy