YouVersion Logo
Search Icon

1 SAMUELE 1

1
Elekana le ba lolwapa kwa Shilo
1Jaana ga bo go le monna mongwe wa Ramathaime-sofime, wa lefatshe la Eferaime la makgabana, leina la gagwe go twe, Elekana, morwa Jerohame, morwa Elihu, morwa Tohu, morwa Sufe, wa Moeferaime: 2O ne a na le basadi ba le babedi; leina la mongwe go twe, Hana, mme leina la yo mongwe go twe, Penina o ne a na le bana, Hana ene a se na bana. 3Monna yo, o ne a tle a tswe kwa motseng wa ga gabo ka ngwaga le ngwaga, a ya go obamela le go isetsa Jehofa wa masomosomo tlhabelo kwa Shilo. Bomorwa Eli ba babedi, Hofeni le Finease, ba bo ba le gone, e le baperesiti ba ga Jehofa. 4E ne e tle e re letsatsi le fitlha le Elekana o isang tlhabelo ka lone, a neye Penina mosadi wa gagwe, le bomorwawe botlhe le bomorwadie, kabelo; 5mme Hana ene, a mo neye kabelo sebedi, gonne a rata Hana, mme Jehofa o ne a tswadile sebopelo sa gagwe. 6Mme mogadikae a mo gakatsa mo go botlhoko, gore a ba a mo garubise pelo, ka Jehofa a tswadile sebopelo sa gagwe. 7Jaaka monna a ntse a dira jalo ka ngwaga le ngwaga, e re mosadi a tlhatlogela kwa ntlong ya ga Jehofa, jalo yole a mo gakatse; mme a lele ka ntlha ya gone, a se ke a je. 8Elekana monna wa gagwe a mo raya a re: “Hana, o lelelang? Ga o jeleng? Le pelo ya gago e hutsafaletseng? A ga ke molemo mo go wena bogolo go bana ba basimane ba le some?”
Hana le Eli
9Jalo Hana a nanoga ba sena go ja mo Shilo, le ba sena go nwa. Jaana moperesiti Eli o ne a dutse mo sennong sa gagwe fa mophakwaneng wa tempele ya ga Jehofa. 10Hana a bo a le mo bogalakeng jwa mowa, a rapela Jehofa, a ba a lela mo go botlhoko. 11 A ikana ka ikano a re: “Jehofa wa masomosomo, fa ruri o tlaa leba patikego ya lelata la gago, wa nkgakologelwa, o sa lebale lelata la gago, mme wa naya lelata la gago ngwana wa mosimane, foo ke tlaa mo naya Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, mme ga go ketla go tla logare mo tlhogong ya gagwe.”
12Ya re a ntse a rapela fa pele ga Jehofa, Eli a leba molomo wa gagwe. 13Jaana Hana ene, a bo a bua ka pelo fela, go tsikinyega dipounama tsa gagwe fela, lentswe la gagwe lone le sa utlwale; ke gone Eli o ne a gopola fa a tagilwe. 14Eli a mo raya a re: “Ana o tlaa nna o tagwa goleele go le kae? Tlogela bojalwa.”
15Hana a mo fetola a re: “Nnyaa, morena wa me, ke mosadi yo o mowa o hutsafetseng: ga ke a nwa le fa e le bojalwa jwa mofine, le fa e le nno e e loileng, mme ke tsholotse mowa wa me fela fa pele ga Jehofa. 16O se ka wa kaya lelata la gago go re ke mosadi yo o seramatla; gonne ke buisitswe ke bohutsana le go ngomoga ga pelo ya me.”
17Foo Eli a mo fetala a re: “Tsamaya ka kagiso; mme Modimo wa Iseraele o go neye topo ya gago e o e lopileng.”
18Hana a re: “A lelata la gago le bone botsalano mo matlhong a gago.” Jalo mosadi a itsamaela a ya tseleng ya gagwe, mme a ja, mme sefatlhogo sa gagwe sa se ka sa tlhola se tlhontse.
Botsalo le go abiwa ga Samuele
19Ba phakela go sa le ka moso, ba obama fa pele ga Jehofa, ba boa, ba fitlha kwa ntlong ya bone kwa Rama; mme Elekana a itse Hana mosadi wa gagwe; mme Jehofa a mo gakologelwa. 20Ya re lobaka lo sena go tla, Hana a nna moimana, a bona ngwana wa mosimane; a mo raya leina a re, Samuele, a re: “Ka gobo ke mo lopile mo go Jehofa.”
21Mme monna yoo Elekana, a na le ba ntlo ya gagwe botlhe fela, a tlhatloga a ya go isetsa Jehofa tlhabelo ya ngwaga, le ikano ya gagwe. 22Mme Hana, ga a ka a tlhatloga; gonne a raya monna wa gagwe a re: “Ga nketla ke ya, ngwana a ise a kgwisiwe, foo ke tlaa ya nae, gore a bonale fa pele ga Jehofa, mme a nne gone ka bosakhutleng.”
23Elekana monna wa gagwe a mo raya a re: “Dira se o se bonang se le molemo; nna fela go tsamaya o mo kgwisitse; fa e se go re, a Jehofa a tlhomamise lefoko la gagwe.” Jalo mosadi a nna fela a amusa morwawe ga tsamaya a mo kgwisa.
24E rile a sena go mo kgwisa a tlhatloga nae, a na le dikgomo di le tharo, le emere ya boupe, le mofalo wa bojalwa jwa mofine, a mo isa kwa ntlong ya ga Jehofa mo Shilo; ngwana a bo a sa ntse a le mmotlana. 25Ba tlhaba yone kgomo, ba isa ngwana kwa go Eli. 26Hana a re: “Morena wa me we, jaaka mowa wa gago o tshedile, morena wa me, ke nna mosadi yo nkileng ka ema fa, fa go wena ke rapela Jehofa. 27Ka rapela ka lopa ngwana yo; mme Jehofa o nneile topo ya me, e ke e lopileng mo go ene; 28ke gone le nna ke mo reboletseng Jehofa; ka lobaka lotlhe lwa go tshela ga gagwe, o reboletseng Jehofa.” Mme ba obamela Jehofa gone.

Currently Selected:

1 SAMUELE 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy