YouVersion Logo
Search Icon

BAROMA 11

11
Tsholofelo ya Baiseraele
1Jaanong ka re: A ke go re, Modimo o latlhile morafe wa ona? Le go ka! Kana le nna ke Moiseraele wa losika lwa ga Aborahame, wa lotso lwa ga Benyamene. 2Modimo ga o a ka wa latlha morafe wa ona o o o itsileng pele. A kampo ga lo itse se Lokwalo lo se buang le Elia, fa a lela ka ga Baiseraele fa pele ga Modimo a re: 3“Morena, ba bolaile baporofeti ba gago, ba digile dialetare tsa gago, ke setse ke le nosi fela, mme ba batla go mpolaya.” 4Karabo ya Modimo e mo reile ya reng? Ya re: “Ke itshadiseditse banna ba le 7 000, ba ba iseng ba ke ba khubamele Baale.” 5Go ntse jalo le kajeno, go na le masalela ka fa tlhaolong ya bopelotlhomogi. 6Mme fa e le ka bopelotlhomogi, ga e tlhole e le ka ditiro; gonne foo bopelotlhomogi e ka bo e sa tlhole e le bopelotlhomogi; mme fa e le ka ditiro, ga e tlhole e le ka bopelothomogi; gonne foo tiro e ka bo e sa tlhole e le tiro.
7Go ntse jang jaanong? Se Baiseraele ba neng ba se batla ga ba a ka ba se bona; mme ba ba tlhaotsweng ba se bonye; ba bangwe bone ba thatafaditswe dipelo, 8jaaka go kwadilwe ga twe: “Modimo o ba file mowa wa kidibalo, le matlho a a sa boneng, le ditsebe tse di sa utlweng go fitlha mo letsatsing la gompieno.” 9Mme Dafita a re:
“A tafole ya bone
e nne mutlwane
le lemena le sekgopi
le pusoloso mo go bone.
10A matlho a bone a fifale
gore ba se ka ba bona;
mekokotlo ya bone
o e konele ruri.”
11Jaanong ka re: A ba kgopilwe gore ba tle ba we? Nnyaya! Ka go wa ga bone pholoso e tletse baheitane gore lefufa le tsoge mo Bajuteng. 12Mme fa go wa ga bone go humisa lefatshe, le boikepo jwa bone e le khumiso ya baheitane, go dirafatsa thato ya Modimo ga bone gona go ka humisa bogolo jang ne!
13Kana ke bua le lona baheitane ka re: E re ka ke le moapostolo wa baheitane, ke tlotla tiro ya me, 14e tle e re gongwe ke tsose lefufa mo go bone ba e leng ba morafe wa ga etsho, ke pholose bangwe ba bone. 15Gonne fa tatlhego ya bone e le thuanyo ya lefatshe, kana go tsholwa gape ga bone gona e ka nna eng fa e se bophelo jwa baswi?
16Mme fa senkgwe sa pele se le boitshepo, modubo wa sona le ona o tla bo o le boitshepo; fa medi e le boitshepo, dikala le tsona di tla bo di le boitshepo. 17Jaanong fa dikala tse dingwe di kgaotswe, mme wena yo o neng o le setlhare sa olefa sa naga, wa lomelelwa mo gare ga tsona, wa tlhakanela modi le monono wa setlhare sa olefa sa legae, 18foo o se ka wa belafalela dikala. Fa o ka belafala, itse gore kana ga se wena yo o rweleng modi, mme modi o rwele wena.
19Go gongwe o tla re: “Kana dikala di kgaotswe gore nna ke lomelelwe teng.” 20Go siame, di kgaotswe ka go tlhoka tumelo, mme wena o eme ka tumelo. O se ka wa ikgodisa, mme o boife. 21Gonne fa Modimo o sa rekegela dikala tse e leng tsona tota, le wena ga o kitla o go rekegela. 22A o ko o lemoge molemo le bogale jwa Modimo; bogale mo go bone ba ba oleng, molemo ona mo go wena, fa o ka sala mo molemong; go seng jalo le wena o tla kgaolwa. 23Gape, le bone, fa ba sa sale mo go sa dumeleng, ba tla lomelelwa; Modimo o nonofile go ba busetsa mo mannong a bone. 24Gonne fa wena o kgaotswe mo setlhareng sa olefa sa naga o le wa sona, mme wa lomelelwa mo setlhareng sa olefa sa legae o se wa sona, kana bogolo jang bone ba e ntseng e le ba sona tota ba ka busediwa mo setlhareng sa olefa sa legae sa bone!
25Ba ga etsho, ga ke rate go lo lobela bosaitsiweng jo, gore lo se itlhome lo le botlhale, e bong bosaitsiweng jwa go re: Boithatafatso bo tsile mo Baiseraeleng ka ntlha nngwe go ya baheitane ba tsene pele ka palo e e tletseng. 26Ke gona Baiseraele botlhe ba tla pholosiwang jaaka go kwadilwe ga twe:
“Mogolodi o tla tswa
mo go Sione,
a tlosa boikepo mo go Jakobe.
27Ke yona kgolagano ya me
le bone,
motlhang ke tlosang
dibe tsa bone.”
28Jaanong ka go gana Efangele ke baba ba Modimo ka ntlha ya lona; mme ka fa tlhaolong gone ke baratwi ka ntlha ya borraetsho. 29Gonne dineo tsa bopelotlhomogi le pitso ya Modimo ga di dirololwe. 30Gonne lona e rile pele lwa bo lo sa utlwe Modimo, mme jaanong lo utlwetswe botlhoko ka go sa utlweng ga bone, 31le bone jalo kajeno ga ba utlwe, gore le bone ba tle ba utlwelwe botlhoko ka boutlwelo-botlhoko jo lona lo bo bonyeng; 32gonne Modimo o ba tswaletse botlhe mo go sa utlweng gore o tle o ba utlwele botlhoko botlhe.
Loboko
33A boteng jwa khumo le jwa botlhale le jwa kitso ya Modimo! Dikatlholo tsa ona ga di na totolotso jang ne, le ditsela tsa ona ga di na tlhotlhomiso jang ne!
34“Gonne ke mang yo o itsileng
maikaelelo a Morena,
gongwe mogakolodi wa gagwe
e ne e le mang?”
35“Gape ke mang yo o mo neileng pele se o tla se busediwang?” 36Gonne dilo tsotlhe di tswa go ene, di teng ka ene, di ya go ene. Tlotlo a e nne ya gagwe ka bosakhutleng! Amen.

Currently Selected:

BAROMA 11: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy