YouVersion Logo
Search Icon

BAROMA 1

1
Tshiamo ga e bonwe ka molao le e seng ka ditiro tsa ona; gonne batho botlhe ke baleofi le basiamolodi. Tumediso
1Nna Paulo, motlhanka wa ga Jesu Keresete, yo ke biditsweng go nna moapostolo, ka tlhaolelwa Efangele ya Modimo 2e o e solofeditseng ka baporofeti ba ona mo Dikwalong tse di boitshepo, 3ka ga Morwaa-ona yo o tsetsweng e le wa losika lwa ga Dafita ka fa nameng; 4yo o beilweng go nna Morwa Modimo yo o tletseng thata ka fa Moweng o o Boitshepo ka tsogo mo baswing, e bong Jesu Keresete, Morena wa rona, 5yo re amogetseng bopelotlhomogi le boapostolo ka ene gore go nne kutlo ya tumelo mo merafeng yotlhe ka ntlha ya leina la gagwe, 6e le lona lo leng ba yona lo le ba ba biditsweng ke Jesu Keresete.
7Ke kwalela lona lotlhe ba lo kwa Roma, lona baratwi ba Modimo, lona baitshepi ba lo biditsweng:
A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete!
Keletso ya ga Paulo ya go ka kopana le Baroma
8Ke simolola ka go leboga Modimo wa me ka Jesu Keresete ka ntlha ya lona lotlhe, ka gonne tumelo ya lona e bolelwa mo lefatsheng lotlhe; 9kana Modimo o ke o direlang ka mowa wa me ka go rera Efangele ya Morwaa-ona, ke mosupi wa me wa gore ga ke khutle go lo gopola. 10Ga ke bolo go kopa mo merapelong ya me gore ke bone phatlha ya go tla koo go lona, fa go ka nna jalo ka fa go rateng ga Modimo; 11gonne ke tlhologeletswe go lo bona gore ke lo abele neo nngwe ya Mowa, lo tle lo tiisiwe; 12e le gore re tle re gomotsege mmogo ke le koo go lona, mongwe ka tumelo ya yo mongwe, e bong nna ka ya lona le lona ka ya me.
13Ba ga etsho, ga ke rate lo tlhoka go itse gore ke ikaeletse gantsi go tla koo go lona, mme ke kganelesegile go fitlha jaanong, gore le mo go lona ke tle ke nne le maungonyana jaaka mo merafeng e mengwe. 14Ke tshwanetse go direla Bagerika le ba e leng batho fela, ba ba botlhale le ba ba seng botlhale. 15Fa e le nna, ke eleditse ka ntlha ya moo gore le lona ba lo leng kwa Roma, ke lo rerele Efangele.
Kakaretso ya thuto ya ga Paulo
16Gonne ga ke tlhajwe ke ditlhong ka Efangele ya ga Keresete, ka e le thata ya Modimo e e pholosang mongwe le mongwe yo o dumelang, Bajuta pele, le bone Bagerika; 17gonne tshiamo ya Modimo e senolwa mo go yona ka tumelo go isa tumelong, jaaka go kwadilwe ga twe: “Mosiami o tla phela ka tumelo.”
Tshenyego ya baheitane, bogale jwa Modimo
18Kana bogale jwa Modimo jo bo tswang kwa legodimong bo a bonala, bo wela boikepo jotlhe le tshiamololo tsa batho ba ba kgoreletsang boammaaruri ka tshiamololo; 19gonne se se ka itsiweng ka ga Modimo se senogile mo go bone, ka Modimo o se ba senoletse. 20Kana go tswa tlholegong ya lefatshe bosabonweng jwa ona, e bong thata e e sa khutleng ya ona le Bodimo jwa ona, bo lemogwa sentle ka ditiro tsa ona gore ba se nne le seipato; 21gonne e rile ba ntse ba itse Modimo, ba se ka ba o galaletsa jaaka Modimo, le e seng go o leboga, mme ba fetoga masilo mo dikakanyong tsa bone, dipelo tse di se nang tlhaloganyo tsa bone tsa fifala. 22Ya re ka ba itshema matlhale, ba direga masilo. 23Mme kgalalelo ya Modimo o o sa nyeleleng ba e fetola go tshwana le setshwano sa motho yo o nyelelang, le sa dinonyane le sa tse di maoto-mane le tse di gagabang.
24Ka ntlha ya moo Modimo o ba neeletse mo masweng ka dikeletso tsa dipelo tsa bone gore ba tlotlololane mebele; 25ba ba fetotseng boammaaruri jwa Modimo maaka, mme ba tlotla setlhodiwa, ba se direla bogolo go Motlhodi yo o tshwanetsweng ke pako ka bosakhutleng. Amen.
26Ka ntlha ya moo Modimo o ba neeletse mo dikeletsong tse di tlhabisang ditlhong; gonne mokgwa o e leng wa tlholego, basadi ba bone ba o fetotse o e seng wa tlholego. 27Fela jalo le banna ba tlogela go dira le mosadi ka fa mokgweng wa tlholego, ba tukelana ka dikgatlhego tsa bone, banna ba dira matlhabisa-ditlhong le banna ba bangwe, ba amogela tuelo e e tshwanetseng timelo ya bone mo go bona ka bosi.
28Mme ka ba ne ba sa re sepe go itse Modimo, Modimo o ba neeletse mo maitlhomong a bokgopo go dira dilo tse di sa tshwanelang, 29ba tletse tshiamololo yotlhe le boaka le bosula le bopelotshetlha le bokgopo; ba tletse lefufa le polao le ntwa le boferefere le bolotsana; 30ke basebi le basenya-maina le ba ba tlhoang Modimo le bagateledi le baikgodisi le baikgantshi le batlhalefedi ba bosula le ba ba sa utlweng bagolo, 31le masilo le ba ba sa ikanyegeng le ba ba se nang lorato le ba ba sa itshwareleng le ba ba sa utlweleng botlhoko; 32ba e reng ba ntse ba itse molao wa Modimo wa go re, bone ba ba dirang dilo tseo ba tshwanetswe ke loso, ba sa di direng fela, mme e bile ba itumelela ba bangwe ba ba di dirang.

Currently Selected:

BAROMA 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy