YouVersion Logo
Search Icon

NAHUME 1

1
1Polelelopele ya petso ka ga Ninife. Lokwalo lwa pono ya ga Nahume wa kwa Elekoše.
Morena o betsa baba, o thusa ba ba mo ikanyang
2 Morena ke Modimo
o o lefufa o o busolosang;
Morena o a busolosa,
ke ene Rrabogale-jo-bo-tukang.
Morena o ipusolosetsa
mo baganetsing ba gagwe;
o bolokela baba ba gagwe bogale.
3 Morena o pelotelele,
mme o na le thata e kgolo;
ruri, ga a leseletsa moleofi ope,
a sa mmetse.
Ke Morena yo tsela ya gagwe
e leng mo phefong
le mo ledimong,
yo maru e leng dithole
tsa dinao tsa gagwe.
4O kgalemela lewatle, a le tšhese,
dinoka tsotlhe a di kgadise;
Basane le Karemele di swabe,
le sethunya sa Lebanone
se swabe.
5Dithaba di roroma
fa pele ga gagwe,
dithabana di a gakologa;
lefatshe le tshikinyega
fa pele ga sefatlhego sa gagwe,
ee, lefatshe le botlhe
ba ba agileng mo go lone.
6Ke mang yo o ka emang
fa pele ga kgakalo ya gagwe?
Ke mang yo o ka phelang
mo bogaleng jwa gagwe
jo bo tukang?
Kgalefo ya gagwe e tsholelwa
jaaka molelo;
mafika a phatloga
fa pele ga gagwe.
7 Morena ke yo o molemo,
ke botshabelo
mo letsatsing la tlalelo;
o itse ba ba mo ikanyang.
8O tla nyeletsa felo ga teng
ka morwalela wa metsi
o o penologang,
a ba a latelela baba ba gagwe
kwa lefifing.
9Lo logile maano afe
a go lwa le Morena?
Ene o tla nyeletsa.
Tlalelo ga e kitla e tla
lwa bobedi.
10Le fa ba tshwana le mitlwa
e e raraanyeng,
le fa ba le metsi
jaaka seno sa bona:
Ba tla šwa gotlhe
jaaka dirite tse di omeletseng.
11Mongwe o dule mo go wena Ninife, yo o neng a akantse bosula ka ga Morena, a loga maano a a senyang. 12Morena o bua jaana a re: “Le fa ba itekanetse, le fa e le ba bantsi jang, ba tla remiwa, ba nyelela fela jalo! Le fa ke ne ka go kokobetsa, ga nkitla ke tlhola ke go kokobetsa gape. 13Mme jaanong ke tla roba joko ya gagwe, ke e tlosa mo go wena; ke kgaola dikgole tse ò golegilweng ka tsona.”
14Mme Morena o tla laola ka ga gago gore go se ka ga tlhola go jwalwa leina la gago. “Ke tla nyeletsa setshwantsho sa modimo se se setilweng le se se bopilweng mo ntlong ya modimo wa gago; ke go epela lebitla, gonne ò fitlhetswe ò le botlhofo.”
15Bonang maoto a yo o bolelang tse di molemo mo dithabeng, yo o utlwatsang kagiso! Dira meletlo ya gago, Juta, dirafatsa maikano a gago; gonne mosenyi ga a kitla a tlhola a ralala naga ya gago gape; o nyeleditswe gotlhegotlhe.

Currently Selected:

NAHUME 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy