YouVersion Logo
Search Icon

MIGA 5

5
Motse wa botsalo jwa Mesia (Keresete) le puso ya gagwe ya kagiso
1“Wena Betleheme-Eferatha, o mmotlana mo metseng ya Juta, mme yo o tla nnang mmusi mo Iseraeleng o tla ntswela mo go wena; mme matso a gagwe a tswa mo metlheng ya bogologolo le mo malatsing a a se nang tshimologo.”
2Ka moo o tla ba latlha go ya go fitlhelela sebakeng se mmelegi o belegeng ka sona. Foo masalela a bomorwa-rraagwe a tla boela kwa Baiseraeleng.
3Mme o tla ema, a ba fudisa ka thata ya Morena le ka bogolo jwa leina la Morena, Modimo wa gagwe; mme ba tla nna mo kagisong; gonne jaanong o tla nna mogolo go fitlha mafelelong a lefatshe. 4Mme ene yo, o tla nna kagiso ya rona. Fa Asiria a re, o tla mo lefatsheng la rona, o tsena mo matlong a borena a rona, re tla baya badisa ba supa le dikgosana tse di le robedi tsa batho go lwa nabo.
Pholoso le petso
5Bone ba tla senya lefatshe la Asiria ka tšhaka le lefatshe la ga Nimerote mo dikgorong tsa lone. O tla re golola mo go Baasiria, fa ba tla mo lefatsheng la rona; fa ba tsena mo teng ga molelwane wa rona. 6Mme masalela a Jakobe a tla nna mo merafeng e megolo jaaka monyo o o tswang mo Moreneng le jaaka mookodi wa pula mo dijwalong o o sa leteng ope, o o sa lebeleleng batho. 7Le gona masalela a Jakobe a a mo ditšhabeng a tla nna mo merafeng e megolo jaaka tau mo gare ga diphologolo tsa sekgwa le jaaka tawana mo matsomaneng a dinku; e e a reng e ralala, e gatake, e garole, go se yo o pholosang. 8Letsogo la gago le tla fenya baganetsi ba gago; baba botlhe ba gago ba tla nyelediwa.
9 Morena a re: “Ka letsatsi leo ke tla nyeletsa dipitse tsa gago mo go wena; ke fedisa dikoloi tsa gago tsa ntwa. 10Le gona ke tla nyeletsa metse e e femetsweng ya lefatshe la gago; ke rutla dikago tsotlhe tsa gago tsa phemelo. 11Ke tla nyeletsa mereo ya boloi gore e tloge mo seatleng sa gago; ga o kitla o nna le baroka. 12Ke tla nyeletsa medimo ya diseto ya gago le majwe a a motloutlo a kobamelo a gago gore di tlosiwe mo gare ga lona, mme ga o ka ke wa tlhola o obamela tiro ya diatla tsa gago. 13Ke tla kumola medimako ya gago ya Ašera gore e tlosiwe mo gare ga gago; ke tla senya metse ya gago e e femetsweng. 14Ke tla ipusolosetsa ka bogale le ka kgalefo mo ditšhabeng tse di ganang go utlwa.”

Currently Selected:

MIGA 5: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy