YouVersion Logo
Search Icon

MIGA 1

1
1Lefoko la Morena le le tsileng kwa go Miga wa kwa Morešethe mo malatsing a ga Jothame le Ahase le Hesekia, dikgosi tsa Juta, la tse o di bonyeng ka ga Samaria le Jerusalema.
Katlholo ka ga Samaria le Jerusalema
2Utlwang, lona merafe yotlhe!
Tlhokomela, wena lefatshe,
le lona dilo tse di mo go lone!
Morena Modimo o tla supa
ka ga lona,
Morena a le mo Tempeleng
e e Boitshepo ya gagwe.
3Gonne bonang, Morena
o tla tswa mo felong ga gagwe,
a fologa, a gata mafelo
a a kwa godimo a lefatshe.
4Dithaba di tla gakologa
fa tlase ga gagwe,
mabala a phatloga
jaaka mmotu mo molelong
le jaaka metsi a a fologang
mo thabeng.
5Tsotlhe tse, di tla ka ntlha ya boikepo jwa Jakobe le ka ntlha ya maleo a Baiseraele. Ke mang yo o leofisitseng Jakobe? A ga se Samaria? Dithota tsa tlhabelo tsa Juta di tswa kae? A ga di tswe kwa Jerusalema? 6“Ka moo ke tla dira Samaria marope a naga le tshimo fa ditlhare tsa moweine di tlhongwang teng; ke kgokolosetsa mafika a teng kwa leboeng, ke senola metheo ya teng. 7Medimo ya diseto yotlhe ya teng e tla thubaganngwa; dituelo tsotlhe tsa boaka tsa teng di tla fisiwa ka molelo; medimo yotlhe ya ditshwantsho ya teng ke tla e senya; gonne o di phuthile e le tuelo ya seaka, di tla ba di fetoga tuelo ya seaka gape.”
8Ka ntlha ya moo ke rata go hutsafala le go lela, ke rata go tsamaya, dinao di sa rwesiwa, ke sa apara; ke rata go lela jaaka diphokojwe le go hutsafala jaaka bontlokwe. 9Gonne dintho tsa teng tsa kotlo ya Morena ga di na go fola, ka di fetetse kwa Juta, di fitlhile kwa kgorong ya morafe wa ga etsho, kwa Jerusalema.
Baba ba a atamela
10Se itsiseng kwa Gathe, se leleng mo Ako , ipidikanyeng mo loroleng kwa Bethe-Leafera . 11Hudugang, lona baagi ba Safire , lo le bosaikatega jo bo tlhabisang ditlhong! Baagi ba Saanane ga ba tswe. Khutsafalo e mo Bethetshele : Mmaba o ikemisa go simolola kwa go lona. 12Ruri, baagi ba Marothe ba lelela tse di monate; gonne tatlhego e fologile mo Moreneng, ya fitlha kwa dikgorong tsa Jerusalema. 13Baagi ba Lagiše , golegelang dipitse tse di lobelo mo koloing! Motse o, o simolotse go leofisa morwadia Sione; gonne go fitlhetswe ditiro tsa boikepo tsa Iseraele mo go lona. 14Ka moo o na le go ntshetsa Morešethe-Gathe lokwalo lwa tlhalo. Matlo a Agesibe a tla aketsa dikgosi tsa Iseraele.
15Baagi ba Mareša , ke tla ba ke fitlhisa mothopi kwa go lona. Ba ba tlotlegang mo go Iseraele ba tla fitlha kwa Adulame. 16Ipeole o itire lefatla ka ntlha ya bana ba ba go natefelang; atlhamolosa lefatla la gago jaaka la lenong, gonne ba tlositswe mo go wena e le batshwarwi.

Currently Selected:

MIGA 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy