YouVersion Logo
Search Icon

MALEAGI 1

1
Lorato lwa Morena le go sa lebogeng ga Baiseraele
1Taelo ya Modimo. Lefoko la Morena le le rerelwang Baiseraele ka Maleagi. 2Morena a re: “Ke lo ratile, mme lona lo botsa lo re: ‘O re ratile jang?’ A ga ke re: ‘Esau e ne e le mogoloa Jakobe?’ ” go bua Morena. “Mme ke ratile Jakobe, 3ka tlhoa Esau, mme dithaba tsa gagwe ke di dirile sekaka; ka dira boswa jwa gagwe naga ya diphokojwe. 4Fa Etomo a re: ‘Re thubakantswe, mme re tla tsosa marope.’ Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘A ba age, nna ke tla thuba, mme ba tla bidiwa naga ya boikepo le morafe o Morena a o galefetseng ka bosakhutleng.’ 5Matlho a lona a tla bona, mme lo tla re: ‘Morena o mogolo le ka kwa ntle ga molelwane wa Iseraele.’
Morena o kgalemela baperesiti
6“Morwa o tlotla rraagwe, motlhanka o boifa morena wa gagwe. Jaanong fa ke le Rara, tlotlo ya me e kae? Fa ke le Morena, go mpoifa go kae? Morena wa masomosomo o raya lona, baperesiti, ba lo nyatsang leina la me. Mme lo botsa lo re: ‘Re nyaditse leina la gago ka eng?’ 7Kana lo tlisa dijo tse di itshekologileng mo aletareng ya me, mme lo botsa lo re: ‘Re go tlotlolola ka eng?’ Kana ke ka polelo ya lona e e reng: ‘Lomati lwa bojelo lwa Morena lo a nyatsega.’ 8Gonne fa lo tlisa se se foufetseng go dira setlhabelo, a ga se molato? Le fa lo tlisa se se tlhotsang gongwe se se lwalang, a ga lo ipone molato? A ko ò se ise kwa moreneng wa gago! A ò tla mo kgatlha? Gongwe a ene o tla go itumelela? Legoka!” go bua Morena wa masomosomo.
9“Lekang he go kopa bopelotlhomogi mo Modimong lo re: ‘A o ko o re itshwarele!’ – Kana dilo tse di ntseng jalo di tswa mo diatleng tsa lona! – A o tla nna bopelonomi le lona?” go botsa Morena wa masomosomo. 10“E kete go ka bo go le mongwe mo go lona yo o tswalang dikgoro gore lo se ka lwa gotsa molelo mo aletareng ya me lefela! Ga ke kgatlhwe ke lona,” go bua Morena wa masomosomo. “Tshupelo e e tswang mo diatleng tsa lona ga e nnatefele. 11Gonne go tswa kwa botlhabong jwa letsatsi go fitlha kwa bophirimong jwa lone, leina la me le legolo mo ditšhabeng; mo felong gongwe le gongwe maswalo a fisediwa leina la me le tshupelo e e itshekileng; gonne leina la me le legolo mo ditšhabeng,” go bua Morena wa masomosomo. 12“Mme lona lo le itshepolola ka polelo ya lona e e reng: ‘Lobati lwa bojelo lwa Morena lo itshekologile le tse di tswang mo go lone ke dijo tse re di galalang.’ 13Lo buile lwa re: ‘Kana di lapisa jang!’ Mme lo a di nyatsa,” go bua Morena wa masomosomo; “mme lo tlisa se se thukhuthilweng le se se tlhotsang le se se lwalang, lo tlisa ditlhabelo jalo. A tse di tswang mo diatleng tsa lona di ka nkgatlha?” go botsa Morena. 14“Go hutsitswe motsietsi yo o nang le e tonanyana e e tshwanetseng mo letsomaneng la gagwe, mme le fa a dirile maikano, o tlhabela Morena e e sa tshwanelang. Kana, ke nna kgosi e kgolo,” go bua Morena wa masomosomo, “mme leina la me le boitshega mo ditšhabeng.

Currently Selected:

MALEAGI 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy