YouVersion Logo
Search Icon

LUKA 24

24
Tsogo
(Math. 28:1-8; Mar. 16:1-8; Joh. 20:1-13)
1E rile ka letsatsi la ntlha la beke, e sa le phakela, ba tla kwa phupung, ba tshotse makga a ba a baakantseng. 2Ba fitlhela lentswe le pitikolotswe mo phupung. 3Ya re ba tsena mo teng, ba se ka ba fitlhela setoto sa Morena Jesu. 4Ya re ba sa ntse ba akabetse ka ntlha ya moo, ba bona banna ba le babedi ba eme fa go bone, ba apere diaparo tse di phatsimang. 5Mme ya re ka ba boifa, mme ba obela difatlhego fa fatshe, banna bao ba ba raya ba re: “Lo batlelang mophedi mo baswing? 6Ga a yo fa, mme o tsositswe. Gakologelwang ka fa a buileng le lona ka teng, a sa ntse a le kwa Galelea 7a re: ‘Morwa-Motho o tshwanetse go neelwa mo diatleng tsa batho ba ba boleo, le go bapolwa le go tsoga ka letsatsi la boraro.’ ”
8Foo ba gakologelwa dipolelo tsa gagwe. 9Ya re ba sena go boa kwa phupung, dilo tsotlhe tseo ba di bolelela ba ba 11 le ba bangwe botlhe. 10E ne e le Maria Magtalena le Johana le Maria mma Jakobo le ba bangwe ba ba nang nabo, ba ba boleletseng baapostolo dilo tseo. 11Mme dipolelo tse tsa utlwala mo go bone jaaka e kete ke ditlotlo fela mme ba se ka ba dumela basadi. 12Petoro a nanoga, a sianela kwa phupung. Ya re a okomela mo teng, a bona masela a masweu a beilwe a le osi, a ba a boela kwa gae, a gakgamaletse se se dirafetseng.
Barutwa ba Emause
(Mar. 16:12,13)
13Jaanong ka lone letsatsi leo ba babedi ba bone ba ya kwa motsaneng wa Emause, o bokgakala jwa ona go tswa Jerusalema e neng e le dimaele tse di le robedi. 14Ba buisanya ka ga dilo tsotlhe tseo tse di dirafetseng. 15Ya re ba ntse ba buisanya, ba botsanya, Jesu ka esi a atamela, a tsamaya nabo. 16Mme matlho a bone a bo a siregile, mo ba se kang ba mo itse. 17A ba raya a re: “Mafoko a ke afe a lo a buisanyang lo ntse lo tsamaya?”
Mme ba ema, ba hutsafetse. 18Yo mongwe wa bone, e bong Keleopa, a mo araba a re: “A ke wena moeng o le wesi mo Jerusalema yo o sa itseng tse di dirafetseng teng mo malatsing ano?”
19A ba raya a re: “Dilo dife?”
Ba mo raya ba re: “Tsa ga Jesu wa Nasaretha, yo e neng e le monna wa moporofeti yo o thata mo tirong le mo lefokong fa pele ga Modimo le batho botlhe, 20ka fa baperesiti ba bagolo le ba lekgotla le legolo ba rona ba mo neetseng ka teng go atlholelwa loso, ba mmapola. 21Mme rona re ne re solofetse gore ke ene yo o tla gololang Iseraele. Le gona, kwa ntle ga dilo tsotlhe tse, kajeno e setse e le letsatsi la boraro, dilo tse di ntse di dirafetse. 22E bile basadi bangwe ba ga rona ba re gakgamaditse, ba ba neng ba phaketse, ba ya kwa phupung. 23Mme e rile ba sa fitlhele setoto sa gagwe, ba boa ba re, ba bonye pono ya baengele ba ba reng: ‘O phedile.’ 24Mme bangwe ba bone ba ba nang le rona ba ya kwa phupung, ba fitlhela go ntse fela jaaka basadi ba boletse; mme ene ba se ka ba mmona.”
25Foo Jesu a ba raya a re: “Ao, basena-tlhaloganyo ke lona, ba lo pelo di bonya go dumela tsotlhe tse baporofeti ba di buileng! 26A Keresete o ne a sa tshwanela go boga dilo tseo le go tsena mo kgalalelong ya gagwe.” 27Jaanong a simolola ka Moše le ka baporofeti botlhe, a ba rarabololela tse di builweng ka ga gagwe mo Dikwalong tsotlhe.
28Jaanong ya re ba atamela motsana o ba yang go ona, mme ene a dira jaaka e kete o fetela pele, 29ba mo emelela ba re: “Lala le rona; gonne go maitsiboa, letsatsi le setse le fetile.” Foo a tsena, a nna nabo. 30Ya re a ntse nabo fa dijong, a tsaya senkgwe, a leboga, a se nathoganya, a se ba abela. 31Ke fa matlho a bone a sirologa, mme ba mo itse; a ba a nyelela mo ponong ya bone. 32Jaanong ba raana ba re: “A dipelo tsa rona ga di a ka tsa tuka mo teng ga rona, fa a ntse a bua le rona mo tseleng, a re tlhalosetsa Dikwalo?”
33Mme ba nanoga ka yona nako eo, ba boela kwa Jerusalema, ba fitlhela ba ba 11 ba phuthegile le ba ba nang nabo, 34ba ba reng: “Ruri, Morena o tsogile, o bonywe ke Simone!”
35Jaanong bone ba babedi ba bolela tse di dirafetseng mo tseleng le ka fa ba mo itsileng ka teng ka go nathoganya senkgwe.
Iponatso go Baapostolo
(Mar. 16:14-18; Joh. 20:19-23; 1 Bakor. 15:5)
36E rile ba ntse ba bua dilo tseo, ene ka esi a ema mo gare ga bone, a ba raya a re: “A kagiso e nne le lona!”
37Mme ba tshoga, ba boifa, ba itlhoma ba bona sedimo. 38A ba a ba raya a re: “Lo huduegelang? Dipelaelo di tsogelang mo dipelong tsa lona? 39Lebang diatla tsa me le dinao tse me; gonne ke nna ka nosi; mphopholeng lo bone. Sedimo ga se na nama le marapo, jaaka lo mpona ke na le tsona.”
40Ya re a sena go bua jalo, a ba bontsha diatla le dinao. 41Ya re ba ise ba dumele ka ntlha ya boitumelo, mme ba gakgametse, a ba raya a re: “A lo na le se se jewang fano?” 42Ba mo naya lenatho la tlhapi e e besitsweng le la lomepe lwa dinotshe. 43A di tsaya, a di ja fa pele ga bone.
44A ba a ba raya a re: “Mafoko a me a ke a buileng le lona, fa ke sa na le lona, ke a go re: Tsotlhe tse di kwadilweng ka ga me mo molaong wa ga Moše le mo baporofeting le mo dipesalomeng di tshwanetse go dirafala.”
45Ya baa gona o sedimosang tlhaloganyo ya bone gore ba tlhaloganye Dikwalo. 46A ba raya a re: “Go kwadilwe jalo, mme go ne go tshwanetse gore Keresete a boge, a be a tsoge mo baswing ka letsatsi la boraro, 47le gore go rerelwe merafe yotlhe boikwatlhao jo bo isang boitshwarelong jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema. 48Lona lo basupi ba dilo tse. 49Mme itseng, ke lo romela mpho e lo e solofeditsweng ke Rre. Lona lo nne mo motseng wa Jerusalema go tle go tsamae lo newe nonofo e e tswang kwa bogodimong.”
Tlhatlogo
(Mar. 16:19; Dit. 1:4-14)
50Jaanong a ba gogela kwa ntle go fitlha go lebagana le Bethania; a tsholetsa mabogo a gagwe, a ba tshegofatsa. 51Ya re a ntse a ba tshegofatsa, a kgaogana nabo, a tlhatlosediwa kwa legodimong. 52Foo ba mo obamela, ba be ba boela kwa Jerusalema ka boitumelo jo bogolo; 53ba nna mo Tempeleng ka gale, ba leboga Modimo, ba o baka.

Currently Selected:

LUKA 24: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy