YouVersion Logo
Search Icon

JOŠUA 7

7
Bogodu jwa ga Agane le petso ya gagwe
1Mme Baiseraele ba utswa tse di hutsitsweng: Agane morwa Karemi, morwa Sabedi, morwa Sera wa lotso lwa Juta, a tsaya dingwe tsa tse di hutsitsweng. Ke fa bogale jwa Morena bo tukela Baiseraele.
2E rile ba le kwa Jerigo, Jošua a roma banna kwa Ai. Ke motse o o bapileng le Bethawene o o mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Bethele, a ba laela a re: “Bololang lo tlhole lefatshe!” Banna bao ba bolola, ba ya go tlhola Ai. 3Ya re ba sena go boela kwa go Jošua ba mo raya ba re: “A go se ka ga bolola batho botlhe, a go bolole banna ba e ka nnang ba dikete di le pedi gongwe di le tharo; ba tla fenya Ai. Se lapise batho botlhe ka go ba isa teng gonne ba Ai ke setlhophanyana fela.” 4Banna ba e ka nnang kete tse tharo ba bolola jalo, ba ya teng, mme ba feta ba tshaba banna ba Ai. 5Banna ba Ai ba bolaya banna ba e ka nnang ba le 36 ba bone, ba ba leleka ka kwa ntle ga kgoro go ya kwa meepong ya mafika, ba ba bolaya mo mokgokoloseng wa thaba. Ke fa batho ba nyema moko, dipelo tsa nna jaaka metsi.
6Mme Jošua a ikgagola diaparo, a wela fa fatshe ka sefatlhego fa pele ga Letlole la Morena go ya mantsiboeng, ene le bagolo ba Iseraele, ba itshela lerole mo ditlhogong. 7Jošua a rapela a re: “Ao, Morena Modimo! Ke ka ntlha ya eng fa o tshedisitse morafe o noka ya Joretane go re neela mo diatleng tsa Baamori gore ba re nyeletse? Ao, re ka bo re itumeletse go nna kwa moseja ga Joretane! 8Ka thapelo, Morena, ke tla reng, ka Baiseraele ba tshabile baba ba bone? 9Kana Bakanana le baagi botlhe ba lefatshe le ba tla utlwa; mme ba tla tla go re dikanyetsa, ba fedisa leina la rona mo lefatsheng. Foo o tla direla leina le legolo la gago eng?”
10Mme Morena a raya Jošua a re: “Tsoga! O weletseng fa fatshe ka sefatlhego? 11Baiseraele ba leofile. Le gona ba tlodile kgolagano ya me e ke e ba laetseng ka go tsaya tse dingwe tse di hutsitsweng; ba utswile, ba bile ba di lobile, ba di fitlha mo dilong tsa bone. 12Baiseraele ba tla palelwa ke go ema fa pele ga baba ba bone. Ba tla tshaba baba ba bone, gonne ba hutsegile. Ga nkitla ke tlhola ke nna le lona, fa lo sa tlose tse di hutsitsweng mo go lona. 13Tsoga o itshepise morafe, o o ree o re: ‘Ipaakanyetseng kamoso lo nne boitshepo, gonne Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Go na le tse di hutsitsweng mo gare ga lona, Baiseraele; lo tla palelwa ke go ema fa pele ga baba ba lona go fitlhelela lo be lo tlose tse di hutsitsweng mo go lona. 14E re mo mosong lo atamele ka fa ditsong tsa lona, mme a lotso lo Morena o tla lo supang ka tengwa lo atamele ka fa ditshikeng, mme a losika lo Morena o tla lo supang lo atamele ka fa malapeng, mme a lelapa le Morena o tla le supang le atamele ka banna. 15Mme a ene yo o fitlhelwang a na le tse di hutsitsweng a fisiwe ka molelo, ene le tsotlhe tse o nang natso; gonne o tlodile kgolagano ya Morena, a dira boleo jo bogolo mo go Iseraele.’ ”
16Jaanong Jošua a phakela mo mosong, a atametsa Baiseraele ka fa ditsong tsa bone; ga supiwa lotso lwa Juta. 17Ya re a atametsa ditshika tsa Juta, tengwa ya supa losika lwa ga Sera; ya re a atametsa losika lwa ga Sera ka tatelano ya banna, ga supiwa lelapa la ga Sabedi. 18Ya re a atametsa lelapa la gagwe ka tatelano ya banna, ga supiwa Agane morwa Karemi, morwa Sabedi, morwa Sera, wa lotso lwa Juta. 19Ke fa Jošua a raya Agane a re: “Morwaaka, a ko o nee Morena, Modimo wa Iseraele, tlotlo, o mo nee pako; a ko o mpolelele se o se dirileng; o se ka wa se ntobela.”
20Agane a araba Jošua a re: “Ka nnete, ke leofetse Morena, Modimo wa Iseraele; ke dirile jaana le jaana: 21Mo thopong ka bona kobo e ntle e le nngwe ya kwa Sineare le dišekele di le 200 tsa selefera le lekwete la gouta; bokete jwa lone e le dišekele di le 50; ka di eletsa, ka di tsaya. Bona, di epetswe fa fatshe mo gare ga tente ya me. Selefera e ka fa tlase.”
22Ke fa Jošua a roma barongwi, ba sianela kwa tenteng ya gagwe, ba fitlhela di epetswe mo tenteng ya gagwe, selefera e le ka fa tlase. 23Ba di tsaya, ba di ntsha mo tenteng, ba di isa kwa go Jošua le kwa Baiseraeleng botlhe, ba di baya fa pele ga Morena. 24Ke fa Jošua le Baiseraele botlhe ba ba nang nae ba tsaya Agane morwa Sera le selefera le kobo le lekwete la gouta le bomorwawe le bomorwadie le dikgomo tsa gagwe le diesele tsa gagwe le dinku tsa gagwe le tente ya gagwe le tsotlhe tse a nang natso, ba di isa nae kwa molapong wa Agore. 25Mme Jošua a re: “Ke go reng, fa o re isitse mo tatlhegong? Ka moo Morena o tla go isa mo tatlhegong kajeno.” Ke fa Baiseraele botlhe ba mo konopa ka majwe, ba ba fisa ka molelo, ba ba kgobotletsa ka majwe. 26Ba kgobokanya mokoa o mogolo wa majwe mo godimo ga gagwe o o sa ntseng o le teng kajeno. Ke fa Morena a rebega mo bogaleng jo bo tukang jwa gagwe. Ke ka moo leina la felo foo e leng Molapo wa Agore go fitlha letsatsing la kajeno.

Currently Selected:

JOŠUA 7: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy