YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 12

12
Maria o tlotsa Jesu dinao
(Math. 26:6-13; Mar. 14:3-9)
1E rile go sa le malatsi a marataro pele ga Tlolaganyo, Jesu a ya kwa Bethania, kwa Lasaro a neng a le teng, yo Jesu a mo tsositseng mo baswing. 2Teng ba mo direla moletlo wa dijo, mme Maretha a ba tsholela, Lasaro e le mongwe wa ba ba ntseng nae fa dijong. 3Jaanong Maria a tsaya setlolo sa lookwane lwa narete lo lo sa tswakwang, sa tlhwatlhwa e kgolo sa bokete jwa ponto, a tlotsa dinao tsa ga Jesu, a ba a di phimola ka moriri; mme ntlo ya tlala monko wa setlolo seo.
4Ke fa mongwe wa barutwa ba gagwe, e bong Jutase Isekariote, morwa Simone, yo o tla mo tshwarisang, a re: 5“Naare setlolo se, se ne se sa rekisediweng ka diranta di le 100, tsa tla tsa newa bahumanegi?” 6A bua jalo, e se ka gonne a bapalela bahumanegi, mme e le ka e le legodu, a tshola sekgwama, mme a itseela tse di tsenngwang mo go sona.
7Ke fa Jesu a re: “Mo lese; o ne a se boloketse letsatsi la phitlho ya me. 8Kana bahumanegi bone lo na nabo ka gale, mme nna ga lo na le nna ka gale.”
Maano a go bolaya Lasaro
9Ya baa gona Bajuta ba bantsi thata ba itseng gore o teng; mme ba tla, e seng ka ntlha ya ga Jesu fela, mme le gona e le gore ba bone Lasaro yo o mo tsositseng mo baswing. 10Foo baperesiti ba bagolo ba rera mmogo gore ba bolae le ene Lasaro; 11gonne Bajuta ba bantsi ba ne ba ba tlogela ka ntlha ya gagwe, ba dumela mo go Jesu.
Jesu o tsena kwa Jerusalema
(Math. 21:1-11; Mar. 11:1-10; Luka 19:29-40)
12Kamoso ya re batho ba bantsi ba ba neng ba tsile moletlong ba utlwa gore Jesu o tla kwano Jerusalema, 13ba tsaya dikala tsa mekolane, ba tswela go mo kgatlhantsha, ba tlhaba mokgosi ba re: “Hosana! Go tshegofaditswe yo o tlang ka leina la Morena, yo e leng Kgosi ya Iseraele!”
14Ya re Jesu a bona eselana, a e palama, jaaka go kwadilwe ga twe:
15“Morwadia Sione,
o se ka wa boifa;
bona, Kgosi ya gago e e tla,
e palame eselana ya esele.”
16Dilo tseo barutwa ba gagwe ga ba a ka ba di tlhaloganya pele, mme ya re Jesu a sena go galalediwa, ya baa gona ba gakologelwang gore dilo tseo di kwadilwe ka ga gagwe, le gore ba di mo diretse.
17Jaanong batho ba ba neng ba na nae, fa a bitsa Lasaro go tswa phupung, a mo tsosa baswing, ba ne ba ntse ba supa ka ga moo. 18Ke ka ntlha ya moo batho ba ileng go mo kgatlhantsha, ka ba ne ba utlwile gore ke ene yo o dirileng sesupo seo. 19Jaanong Bafarisai ba raana ba re: “Lemogang tlhe gore ga lo kgone sepe; kana lefatshe lotlhe le mo setse morago.”
Jesu o mo Tempeleng
20Ga bo go le Bagerika bangwe mo go bone ba ba neng ba tlile go obamela mo moletlong. 21Bao ba tla go Filipo wa Betsaita wa Galelea, ba mo kopa ba re: “Morena, re batla go bona Jesu.”
22Filipo a ya a bolelela Andrea, mme Andrea le Filipo ba ya ba bolelela Jesu. 23Jesu a ba araba a re: “Nako e tsile ya gore Morwa-Motho a galalediwe. 24Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Fa tlhaka ya mabele e sa wele mo mmung ya swa, e tla nna e le yosi; mme fa e swa, e ungwa leungo le legolo. 25Yo o ratang bophelo jwa gagwe o bo isa tatlhegong, mme yo o tlhoileng bophelo jwa gagwe mo lefatsheng leno o tla bo bolokela bophelo jo bo se nang bokhutlo. 26Fa motho a ntirela, a a ntshale morago, mme kwa ke leng teng, modiredi wa me le ene o tla nna teng. Fa motho a ntirela, Rara o tla mo tlotla.
Puisanyo ya ga Jesu le Bajuta
27“Jaanong mowa wa me o huduegile, mme ke tla reng? ‘Rara, nkgolole mo nakong e’? Mme kana ke tlile mo nakong e ka ntlha ya moo. 28‘Rara, galaletsa leina la gago.’ ”
Foo ga utlwala lentswe le tswa mo legodimong le re: “Ke le galaleditse, le gona ke tla boa ke le galaletsa.”
29Ya re batho ba ba emeng teng ba utlwa, ba re: “Ke tumo ya maru.” Ba bangwe ba re: “Moengele o buile nae.”
30Jesu a fetola a re: “Lentswe le ga le a tla ka ntlha ya me, mme le tlile ka ntlha ya lona. 31Ka nako e lefatshe leno le a atlholwa; molaodi wa lefatshe leno o tla lelekelwa kwa ntle ka nako e. 32Mme nna, e tla re fa ke sena go tlhatlosiwa mo lefatsheng, ke ikgogele batho botlhe.” 33A bua jalo go supa mokgwa wa loso lo o tla lo swang.
34Batho ba mo fetola ba re: “Re utlwile mo molaong gore Keresete o tla nna ka bosakhutleng; mme o raya jang fa o re: ‘Morwa-Motho o tshwanetse go tlhatlosiwa’? Morwa-Motho yoo ke mang?”
35Jesu a ba araba a re: “Lesedi le sa ntse le na le lona ka sebaka se sekhutshwane. Tsamayang, ka lo sa ntse lo na le lesedi, gore lefifi le se ka la lo tshwara; kana yo o tsamayang mo lefifing ga o itse kwa a yang teng. 36A e re ka lo sa ntse lo na le lesedi, dumelang mo leseding gore lo nne bana ba lesedi.”
Jesu a bua dilo tseo, a ba a ya a ba iphitlhela.
Go sa dumeleng ga Baiseraele
37Le fa a ne a dira ditshupo tse dintsi fa pele ga bone, ga ba a ka ba dumela mo go ene, 38gore go dirafale lefoko la moporofeti Jesaya le a le buileng a re:
“Morena, ke mang
yo o dumetseng thero ya rona,
letsogo la Morena
le senoletswe mang?”
39Ka ntlha ya moo ba paletswe ke go dumela; gonne Jesaya o buile gape a re:
40“O foufaditse matlho a bone,
a thatafatsa dipelo tsa bone
gore ba se bone ka matlho
le e seng go tlhaloganya ka pelo,
ba tloga ba sokologa,
mme ka ba fodisa.”
41Dilo tse Jesaya o ne a di bua, ka a bona kgalalelo ya gagwe, mme a bua ka ga gagwe.
42Le fa go ntse jalo ba bantsi ba balaodi le bone ba dumela mo go ene; fela ba ne ba sa ipolele ka ntlha ya Bafarisai gore e se re gongwe ba kgaolwa mo senagogeng. 43Gonne ba ne ba rata go tlotlwa ke batho bogolo go go tlotlwa ke Modimo.
Jesu o a pholosa, ga a atlhole
44Foo Jesu a bua ka lentswe le legolo a re: “Yo o dumelang mo go nna ga a dumele mo go nna, o dumela mo go yo o nthomileng. 45Yo o mponang o bona ene yo o nthomileng. 46Nna lesedi, ke tlile mo lefatsheng gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go nna a se ka a nna mo lefifing. 47Fa mongwe a utlwa mafoko a me, a sa a tshegetse, nna ga ke mo atlhole; gonne ga ke a tla go atlhola lefatshe, ke tsile go le pholosa. 48Yo o nnyatsang, a sa amogele mafoko a me, o na le se se tla mo atlholang: Lefoko le ke le buileng ke lone le le tla mo atlholang ka letsatsi la bofelo. 49Gonne nna ga ke a ka ka bua ka bogame, mme Rara yo o nthomileng ke ene yo o nneileng taolo ya gore ke bue eng, ke bolele eng. 50Ke itse gore taolo ya gagwe ke bophelo jo bo sa khutleng; jaanong tse ke di buang ke di bua fela, jaaka Rara a mpoleletse.”

Currently Selected:

JOHANE 12: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy