YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 11

11
Bolwetse jwa ga Lasaro le loso lwa gagwe
1Go ne go le motho yo o lwalang, e bong Lasaro wa Bethania, motsana wa ga gabo Maria le Maretha mogolowe. 2Maria yo ke ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo, a mo phimola dinao ka moriri. Kgaitsadie Lasaro ke ene yo o neng a lwala. 3Jaanong bokgaitsadie ba roma go ene ba re: “Morena, bona, yo ò mo ratang o a lwala.”
4E rile Jesu a utlwa, a bua a re: “Bolwetse joo ga se jwa loso, ke jwa kgalaletso ya Modimo gore Morwa Modimo a galalediwe ka jona.”
5Jesu a bo a rata Maretha le monnawe le Lasaro. 6Jaanong ya re a sena go utlwa gore o a lwala, a nama a sa tlhotse malatsi a mabedi kwa a neng a le teng. 7Morago ga moo a raya barutwa a re: “A re yeng gape kwa Jutea.”
8Barutwa ba mo raya ba re: “Moruti, maloba Bajuta ba ne ba batla go go kgobotletsa, mme a ò boa o ya teng gape?”
9Jesu a araba a re: “A dinako ga di 12 mo letsatsing? Fa motho a tsamaya motshegare, ga a ka ke a kgotšwa; gonne o bona lesedi la lefatshe leno. 10Mme fa motho a tsamaya bosigo, o a kgotšwa, ka lesedi le se teng fa go ene.” 11A bua jalo, mme morago ga moo a ba raya a re: “Lasaro, tsala ya rona, o robetse; mme ke ya teng go mo tsosa mo borokong.”
12Foo barutwa ba mo raya ba re: “Morena, fa a robetse, o tla fola.”
13Mme Jesu o ne a bua ka ga loso lwa gagwe; bone ba gopola gore o bua ka ga thobalo ya boroko. 14Jaanong Jesu a ba bolelela ka thanolo a re: “Lasaro o sule. 15Mme ke itumela ka ntlha ya lona, fa ke ne ke se teng, gore lo tle lo dumele. Fela a re yeng go ene.”
16Thomase yo o bidiwang Lefatlha a raya barutwa-ka-ene a re: “Le rona a re tsamaeng, re ye go swa nae.”
Tsoso ya ga Lasaro
17E rile Jesu a goroga, a fitlhela a setse a na le malatsi a le mane mo phupung. 18Bethania o ne a le gaufi le Jerusalema, e ka nna dimaele di le pedi. 19Bajuta ba bantsi ba ne ba tsile go Maretha le Maria go ba gomotsa ka ntlha ya loso lwa ga kgaitsadia-bone.
20Ya re Maretha a utlwa gore Jesu o e tla, a ya a mo kgatlhantsha; Maria ene a sala a ntse mo ntlong. 21Ke fa Maretha a raya Jesu a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le teng, kgaitsadiake o ka bo a se ka a swa. 22Le jaanong ke itse gore tsotlhe tse o tla di kopang Modimo, Modimo o tla di go naya.”
23Jesu a mo raya a re: “Kgaitsadio o tla tsoga.”
24Maretha a mo raya a re: “Ke itse gore o tla tsoga ka letsatsi la bofelo motlhang botlhe ba tsogang.”
25Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsogo le bophelo; yo o dumelang mo go nna o tla phela, le fa a ka swa. 26Mongwe le mongwe yo o phelang, a dumela mo go nna, ga a ka ke a swa ka motlha ope. A o dumela jalo?”
27Ene a mo raya a re: “Ee, Morena, ke dumetse gore o Keresete, Morwa Modimo, yo o tlang mo lefatsheng.”
Jesu o bua le Maria
28Ya re a sena go bua jalo, a ya a bitsa monnawe Maria ka sephiri a re: “Moruti o fale, o a go bitsa.” 29Yoo e rile a utlwa, a nanoga ka pele, a ya go ene. 30Jesu o ne a ise a fitlhe mo motsaneng, mme a sa le fa Maretha a mo kgatlhantshitseng teng. 31Bajuta ba ba neng ba na nae mo ntlong, ba mo gomotsa, ya re ba bona Maria a nanoga ka pele, a tswela kwa ntle, ba mo sala morago, ka ba gopola gore o ya kwa phupung gore a lelele teng.
32Ya re Maria a fitlha kwa Jesu a leng teng, mme a mmona, a wela fa dinaong tsa gagwe a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le teng, kgaitsadiake o ka bo a se ka a swa.”
33Jaanong ya re Jesu a mmona a lela, le Bajuta ba ba tsileng nae ba lela, a tlhabega mo moweng, a huduega 34a re: “Lo mo laditse kae?”
Ba mo raya ba re: “Morena, tlaa o bone.”
35Jesu a tsholola dikeledi. 36Ke fa Bajuta ba re: “Bonang, o ne a mo rata jang ne!”
37Mme ba bangwe ba bone ba re: “A yo o foufolotseng matlho a sefofu o paletswe ke go dira gore ene yo a se ka a swa?”
Jesu o tsosa Lasaro
38Jaanong Jesu a ba a tlhabega, a tla fa phupung; mme ya bo e le legaga, le thibilwe ka letlapa. 39Jesu a re: “Tlosang letlapa!”
Mme Maretha, kgaitsadia yo o suleng, a mo raya a re: “Morena, o setse a na le monkgo; gonne e setse e le malatsi a mane a ntse a sule.”
40Jesu a mo raya a re: “A ga ke a ka ka go bolelela gore fa o ka dumela, o tla bona kgalalelo ya Modimo?” 41Jaanong ba tlosa letlapa fa moswi a letseng teng. Jesu a lelala godimo a re: “Rara, ke a go leboga, ka o nkutlwile; 42mme ke ntse ke itse gore o nkutlwa ka gale. Ke buile jalo ka ntlha ya batho ba ba ntikanyeditseng gore ba dumele fa o nthomile.” 43Ya re a sena go bua jalo, a goa ka lentswe le legolo a re: “Lasaro, tswela kwano!” 44Ke fa yo o neng a sule a tswa, a fapakilwe diatla le dinao ka masela a phupu, le sefatlhego sa gagwe se fapilwe ka lesela. Jesu a ba raya a re: “Mmofololeng, lo nte a tsamae.”
Polelelopele ya ga Kaifase
45Jaanong Bajuta ba bantsi ba ba neng ba tlile go Maria, ya re ba bona se Jesu o se dirileng, ba dumela mo go ene. 46Mme bangwe ba bone ba ya kwa Bafarisaing, ba ba bolelela tse Jesu a di dirileng. 47Jaanong baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba tsenya lekgotla le legolo ba re: “Re ka dirang, ka monna yoo a dira ditshupo tse dintsi? 48Fa re ka mo leseletsa jalo, botlhe ba tla dumela mo go ene, mme Baroma ba tla tla, ba re amoga lefatshe le morafe.”
49Mongwe wa bone, e bong Kaifase yo e neng e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo, a ba raya a re: “Lona ga lo itse sepe, 50le gona ga lo akanye, fa go le molemo mo go lona gore motho a le mongwe fela a swele morafe, mme go se ka ga latlhega morafe otlhe.” 51Fela a se ka a bua jalo ka bogagagwe, mme e rile ka e ne e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo, a bolelela pele gore Jesu o tla swela morafe; 52e seng morafe oo fela, mme le gona e le gore a phuthe bana ba Modimo ba ba faladitsweng, a ba kopanye.
53Go tloga ka letsatsi leo ba bo ba dumelanye gore ba mmolae. 54Ka lebaka leo Jesu a se ka a tlhola a tsamaya mo ponong ya Bajuta; a tloga teng a ya kwa nageng e e gaufi le sekaka, kwa motseng o o bidiwang Eferaime, a nna teng le barutwa ba gagwe.
55Tlolaganyo ya Bajuta ya bo e le gaufi, mme ba bantsi ba tswa kwa nageng, ba ya kwa Jerusalema pele ga Tlolaganyo gore ba iphepafatse. 56Jaanong ba batla Jesu, ba botsanya ba eme mo Tempeleng ba re: “Lo gopolang? A ga a nke a tla moletlong?” 57Mme baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba bo ba laetse gore e re fa mongwe a itse kwa a leng teng, a bolele, gore ba ye go mo tshwara.

Currently Selected:

JOHANE 11: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy