YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 10

10
Lesaka la dinku
1“Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o sa tseneng ka kgoro ya lesaka la dinku, mme a tlolela go sele, ke legodu le senokwane. 2Mme yo o tsenang ka kgoro ke modisa wa dinku. 3Modisa wa kgoro o a mmulela, dinku di utlwa lentswe la gagwe, o bitsa dinku tse e leng tsa gagwe ka maina, a di bolotse. 4Fa a sena go bolotsa dinku tsotlhe tse e leng tsa gagwe, a di etelele pele, dinku di mo sale morago; gonne di itse lentswe la gagwe. 5Moeng ga di ka ke tsa mo sala morago, mme di tla mo tshaba, ka di sa itse mantswe a baeng.”
6Jesu a bua nabo ka setshwantsho seo; mme bone ba se ka ba tlhaloganya gore ke eng se a se buang nabo.
Jesu ke kgoro ya lesaka le modisa
7Foo Jesu a bua gape nabo a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Ke nna kgoro ya dinku. 8Botlhe ba ba tlileng pele ga me ke magodu le dinokwane, mme dinku ga di a ka tsa ba utlwa. 9Ke nna kgoro. Fa mongwe a tsena ka nna, o tla pholosiwa; o tla tsena, a tswa, e bile o tla bona mafulo. 10Legodu le tla fela go utswa le go bolaya le go senya. Nna ke tsile gore di baane le bophelo, di be di nne le letlotlo.
11“Ke nna modisa yo o molemo; modisa yo o molemo o beela dinku bophelo jwa gagwe. 12Yo e leng morapiwa, e se modisa, yo dinku e seng tsa gagwe, fa a bona phiri e tla, o tlogela dinku, a tshabe, phiri e di tshware, e di falatse. 13Yo o rapilweng o a tshaba, ka e le morapiwa, mme a sa kgathalele dinku. 14Ke nna modisa yo o molemo; ke itse tsa me, e bile ke itsiwe ke tsa me, 15jaaka Rara a nkitse, le nna ke itse Rara; ke bile ke beela dinku bophelo jwa me. 16Ke na le dinku di sele, tse e seng tsa lesaka le; le tsona ke tshwanetse go di tsisa; di tla utlwa lentswe la me, mme e tla nna letsomane le le lengwe fela le modisa a le mongwe fela.
17“E re ka nna ke neela botshelo jwa me gore ke be ke bo tsee gape, ke ka moo Rara a nthatang. 18Ga go ope yo o ka bo nkamogang, ke nna ke bo neelang ka bogame. Ke na le thata go bo neela, ke bile ke na le thata go bo tsaya gape. Taolo e ke e amogetse mo go Rre.”
19Phapaano ya nna teng gape mo gare ga Bajuta ka ntlha ya mafoko ao. 20Ba bantsi ba bone ba re: “O na le modemone, o tlhakanye tlhogo; lo mo reeletsang?”
21Ba bangwe ba re: “Mafoko a ga se a motho yo o nang le modemone. A modemone o ka kgona go foufolola matlho a difofu?”
Jesu ke Morwa Modimo
22Jaanong ga bo go le moletlo wa Ntšhwafatso ya Tempele mo Jerusalema, go le mariga. 23Jesu a tsamaya mo lapeng la Tempele, mo leobong la ga Salomo. 24Foo Bajuta ba mo dikanyetsa, ba mo raya ba re: “O tla belaetsa mewa ya rona goleele go le kae? Fa o le Keresete, re bolelele ka thanolo.”
25Jesu a ba fetola a re: “Ke lo boleletse, mme lona ga lo dumele. Ditiro tse ke di dirang mo leineng la ga Rre ke tsona tse di supang ka ga me. 26Mme lona ga lo dumele, ka gonne ga lo dinku tsa me, jaaka ke lo boleletse. 27Dinku tsa me di utlwa lentswe la me, ke a di itse, mme di ntshala morago. 28Ke di naya bophelo jo bo sa khutleng. Ga di ka ke tsa latlhega, le fa e le ka motlha ope; le gona ga go ope yo o ka di phamolang mo seatleng sa me. 29Rre yo o di nneileng o mogolo go botlhe, mme ga go ope yo o ka di phamolang mo seatleng sa ga Rre.
Bongwefela jwa ga Jesu le Modimo
30“Nna le Rara re bongwefela.”
31Jaanong Bajuta ba sela majwe gape gore ba mo kgobotletse. 32Jesu a ba fetola a re: “Ke lo bontshitse ditiro tse di molemo di le dintsi tse di tswang go Rara; lo nkgobotleletsa tiro efe ya tsona?”
33Bajuta ba mo araba ba re: “Ga re go kgobotleletse tiro e e molemo; mme ke ka ntlha ya kgalo, ka e re ò le motho, ò itshema Modimo.”
34Jesu a ba araba a re: “A ga go a kwalwa mo molaong wa lona ga twe: ‘Ke rile, lo medimo’? 35Fa molao o biditse bone medimo ba Lefoko la Modimo le tlileng kwa go bone – mme Lokwalo lo sa ka ke lwa dirololwa – 36a lo bolela ka ga gagwe yo Rara a mo itshepisitseng, a mo romela mo lefatsheng, lo re: ‘O a kgala,’ ka ke buile ka re: ‘Ke Morwa Modimo’? 37Fa ke sa dire ditiro tsa ga Rre, lo se ka lwa ntumela. 38Mme fa ke di dira, dumelang ditiro, le fa nna lo sa ntumele, gore lo lemoge le go itse gore Rara o mo go nna, le nna ke mo go Rara.”
39Ba fela ba batla go mo tshwara, mme a falola mo diatleng tsa bone.
40A ba a boela kwa moseja ga Joretane, kwa Johane a neng a kolobetsa teng pele, a nna teng. 41Mme ba bantsi ba tla go ene ba re: “Johane ga a a ka a dira sesupo sepe, mme tsotlhe tse Johane o di buileng ka ga yo, e ne e le tsa nnete.” 42Teng ba bantsi ba dumela mo go ene.

Currently Selected:

JOHANE 10: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy