YouVersion Logo
Search Icon

HOSEA 1

1
1Lefoko la Morena le le tsileng kwa go Hosea, morwa Beeri, mo sebakeng sa ga Usia le Jothame le Ahase le Hesekia, dikgosi tsa Juta, le mo sebakeng sa ga Jerobeame morwa Joase, kgosi ya Iseraele.
Mosadi wa ga Hosea le bana ba gagwe
2E rile Morena a simolola go bua ka Hosea, a mo raya a re: “Tsamaya o tsee mosadi wa seaka le bana ba seaka; gonne lefatshe le ntse le akafala thata ka go tlogela Morena.”
3Ke fa a ya a tsaya Gomere, morwadia Dibelaime; Gomere a ithwala, a mo tsholela ngwana wa mosimane. 4Jaanong Morena a mo raya a re: “Mo tee leina la Iserele, gonne go setse sebaka se sekhutshwane fela, ke tla be ke beletsa melato ya polao ya kwa Iserele mo losikeng lwa ga Jehu, ke fedisa bogosi jwa Baiseraele. 5Mo motlheng oo ke tla roba bora jwa Iseraele mo lebaleng la Iserele.”
6Mosadi a ithwala gape, a tshola ngwana wa mosetsana. Morena a mo raya a re: “Mmitse Gaautlwelwa-botlhoko; gonne ga nkitla ke tlhola ke utlwela Baiseraele botlhoko le e seng go ba itshwarela. 7Bajuta bone ke tla ba utlwela botlhoko, ke ba golola ke le Morena, Modimo wa bone; ga nkitla ke ba pholosa ka bora gongwe ka tšhaka gongwe ka ntwa gongwe ka dipitse, le fa e le ka bapalami ba tsona.”
8Ya re a sena go kgwisa Gaautlwelwa-botlhoko, a boa a nna moimana gape, a tshola ngwana wa mosimane. 9Jaanong Morena a re: “Mmitse Gasebame; gonne ga lo batho ba me, le nna ga ke wa lona.”
Baiseraele ba tla tsosiwa gape
10Mme palo ya Baiseraele e tla tshwana le ya motlhaba wa lewatle o o sa ka keng wa lekanngwa ka sepe, le e seng go balwa. Mo boemong jwa go bidiwa “Galobame” ba tla bidiwa “bomorwa Modimo o o phelang.” 11Bajuta le Baiseraele ba tla kopana, ba ipeela tlhogo e le nngwe, ba bolola lefatsheng; gonne letsatsi la Iserele le legolo.

Currently Selected:

HOSEA 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy