YouVersion Logo
Search Icon

1 SAMUELE 1

1
Elekana le ba lelapa la gagwe
1Go no go le monna mongwe wa kwa Rama wa losika lwa ga Sufe lwa kwa dithabeng tsa Eferaime. Leina la gagwe e ne e le Elekana morwa Jerohame morwa Elihu morwa Thohu morwa Sufe wa Moeferaime. 2O ne a na le basadi ba le babedi, leina la mongwe e le Hana, leina la yo mongwe e le Phenina. Phenina o ne a na le bana, mme Hana a se na bana. 3Monna yoo o ne a tloga ka ngwaga le ngwaga mo motseng wa ga gabo go ya go obamela Morena wa masomosomo le go mo tlhabela ditlhabelo kwa Silo. Teng go ne go le bomorwa Eli ba babedi, Hofeni le Phinehase, e le baperesiti ba Morena. 4Jaanong e ne ya re ka letsatsi le Elekana a dirang setlhabelo ka lone, a nee Phenina mosadi wa gagwe le bana botlhe ba gagwe ba basimane le ba basetsana dikabelo, 5mme a nee Hana kabelo e le nngwe e e kana ka tse pedi; gonne o ne a rata Hana bogolo, le fa Morena a mo timile bana. 6Mme mogadikae a bo a mo tlhoafaditse ka dikgobo gore a mo utlwise botlhoko, ka Morena a mo timile bana. 7Go ne go dirafala jalo ka ngwaga le ngwaga, fa go iwa kwa Ntlong ya Morena, Phenina a mo rumole, Hana a lele, a se ke a je. 8Mme Elekana monna wa gagwe a mo ree a re: “Hana, o lelelang? Ke eng fa o sa je? O utlwisitswe ke eng botlhoko? A ga ke molemo mo go wena go feta basimane ba le some?”
9E kile ya re ba sena go ja le go nwa kwa Silo, Hana a nanoga. Moperesiti Eli a ntse a dutse fa mojakong wa Tempelana ya Morena.
Hana le Eli
10Hana a lela thata, a rapela Morena ka pelo e e galakang, 11a ikana maikano a re: “Morena wa masomosomo, fa o ka leba pogisego ya lelata la gago, wa nkgopola, wa se ka wa lebala lelata la gago, wa naya lelata la gago ngwana wa mosimane, foo ke tla mo neela Morena ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe, mme ga a kitla a angwa ke logare mo tlhogong.”
12Jaanong ya re a ntse a rapela ka boleele fa pele ga Morena, Eli a ela molomo wa gagwe tlhoko. 13Gonne Hana o ne a bua ka pelo, go tshikinyega molomo fela, lentswe la gagwe le sa utlwale. Eli a gopola gore mosadi yo, o tagilwe. 14Jaanong Eli a mo raya a re: “O tla itshola jaaka letagwa go fitlha leng? Tlogela botagwa.”
15Mme Hana a fetola a re: “Nnyaya, morena wa me, ke mosadi yo o pelo e botlhoko. Weine le bojalwa ga ke a di nwa, mme ke tsholotse tsa pelo ya me fa pele ga Morena. 16O se ka wa kaya lelata la gago mosadi yo e seng wa sepe; gonne ke ntse ke buisiwa ke botlhoko jwa me le masetlapelo a magolo a me go fitlha jaanong.”
17Eli a mo fetola a re: “Tsamaya ka kagiso! Modimo wa Iseraele o tla go naya se o se kopileng mo go ona.”
18Hana a re: “A lelata la gago le bone bopelotlhomogi mo matlhong a gago.” Jaanong mosadi yoo a tsamaya, a feta a ja; sefatlhego sa gagwe sa bo se sa tlhole se tlhontse.
Botsalo jwa ga Samuele, a neelwa Morena
19Ka moso ba phakela, ba obamela fa pele ga Morena; jaanong ba tsamaya ba boela kwa ga bone kwa Rama. Elekana a itse Hana mosadi wa gagwe, mme Morena a mo gopola. 20Hana a ithwala, a belega ngwana wa mosimane ka bofelo jwa ngwaga, a mo taya leina la Samuele; gonne a re: “Ke mo kopile Moreneng.”
21Jaanong ya re isago Elekana, monna yoo, a tlhatloga le botlhe ba lelapa la gagwe go tlhabela Morena ditlhabelo tsa ngwaga le tsa maikano a gagwe, 22Hana a se ka a tlhatloga, a raya monna wa gagwe a re: “Ke tla ya teng mosimane a sena go kgwa gore ke tle ke mo supe fa pele ga Morena, a nne teng ka bosakhutleng.”
23Elekana, monna wa gagwe, a mo raya a re: “Dira ka fa o bonang go siame ka teng. Sala mo gae go tsamaya o be o mo kgwise. Fela a Morena a dirafatse lefoko la gago.” Mosadi a sala mo gae, a amusa morwawe ga tsamaya a mo kgwisa.
24Mme e rile a sena go mo kgwisa, a tlhatloga ka ene, a na le poo ya dinyaga tse tharo le efa ya bupe e le nngwe le lekuka la weine; a mo isa jalo kwa Ntlong ya Morena kwa Silo, mme ngwana a bo a sa le monnye. 25Jaanong ba tlhaba poo, ba isa mosimane kwa go Eli. 26Hana a re: “Ka thapelo, morena wa me! Ka bophelo jwa gago, morena wa me! Ke nna mosadi yole yo o kileng a ema fano go wena go rapela Morena. 27Ke kopile mosimane yo, mme Morena o nneile se ke se kopileng mo go ene. 28Ka moo le nna ke mo neela Morena ka malatsi aotlhe a bophelo jwa gagwe. Kana o kopilwe mo Moreneng.” Mme Hana a mo tlogela teng fa pele ga Morena.

Currently Selected:

1 SAMUELE 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy