YouVersion Logo
Search Icon

SEFANIA 1

1
1 Lefoko la ga Jehofa le le tsileng mo go Sefania morwa Kuši, morwa Getalia, morwa Amaria, morwa Hesekia, mo metlheng ya ga Josia morwa Amone, kgosi ya Juta.
Letsatsi la katlholo ya ga Jehofa
2“Ke tlaa nyeleletsa ruri dilo tsotlhe, di tloga mo lefatsheng,” go bua Jehofa.
3“Ke tlaa nyeletsa motho le setshedi; ke tlaa nyeletsa dinonyane tsa legodimo, le ditlhapi tsa lewatle, le dikgopiso le baikepi natso; mme ke tlaa kgaola motho a tloga mo mmung,” go bua Jehofa.
4“Ke tlaa otlololela Juta letsogo la me, le banni botlhe ba Jerusalema, ke tlaa kgaola masalela a ga Baale a tloga mo felong fa, le leina la Kemarime le baperesiti nalo! 5Le ba ba obamelang bontsi jwa legodimo ba le mo godimo ga matlo; le ba ba obamang, ba ikanelang Jehofa ba ba ba ikana ka Milekame; 6le ba ba menogileng mo go saleng Jehofa morago; le ba ba se kang ba batla Jehofa, le fa e le go botsa ka ga gagwe.”
7O tle o didimale fa pele ga Jehofa Modimo; gonne letsatsi la ga Jehofa le gaufi; gonne Jehofa o baakantse setlhabelo, o itshepisitse balalediwa ba gagwe. 8“Mme go tlaa dirala mo tsatsing leo la setlhabelo sa ga Jehofa, ke tlaa betsa dikgosana le bomorwa kgosi, le botlhe ba ba apereng diaparo tsa mafatshe a sele. 9Mo lefatsheng leo ke tlaa betsa botlhe ba ba tlolang serepudi, ba ba tlatsang ntlo ya mong wa bone ka thubako le tsietso.
10“Mo tsatsing leo,” go bua Jehofa, “go tlaa nna modumo wa go goa, o o tswang kgorong ya ditlhapi, le pokolelo e e tswang kgaoganong ya bobedi, le loratla lo logolo lo lo tswang kwa makhubung. 11Bokolelang, lona banni ba Makateše, gonne batho botlhe ba Kanana ba dirologile; botlhe ba ba neng ba belege selefera ba kgaotswe.
12“Go tlaa dirala mo tsatsing leo, go re, ke tlaa kheleisa Jerusalema ka dipone; ke tlaa betsa banna ba ba itshekileng mo dintshing tsa bone, ba ba buang mo pelong, ba re: ‘Jehofa ga a ketla a dira molemo, le gone ga a ketla a dira bosula.’ 13Khumo ya bone e tlaa tswa thopo, le matlo a bone tshwafalo; ee, ba tlaa aga matlo, mme ga ba ketla ba nna mo go one; ba tlaa tlhoma masimo a mafine, mme ga ba ketla ba nwa bojalwa jwa mofine jwa one.”
14Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi, le gaufi le akofa thata, e bong kodu ya letsatsi la ga Jehofa; motho wa seganka o gala mo go botlhoko gone. 15Letsatsi leo ke letsatsi la go goa, letsatsi la tlalelo le pitlagano, letsatsi la kgakgabalo le tshwafalo, letsatsi la lefifi le letobo, letsatsi la maru le lefifi le le kwenneng. 16Letsatsi la lonaka go lela, le mokgosi wa tshoso, go lelela metse e e thekeleditsweng, dikago tse di mo godimo ga dithako.
17“Ke tlaa lere pitlagano mo bathong, go tla ba sepela jaaka difofu, gonne ke leofetse Jehofa; le madi a bone a tlaa tshololwa jaaka lorole, le nama ya bone jaaka letshotelo.”
18Go le selefera sa bone le gouta ya bone, ga di kake tsa ba golola mo motlheng wa bogale jwa ga Jehofa; mme lefatshe lotlhe le tlaa lailwa ke molelo wa lefufa la gagwe; gonne o tlaa dira bokhutlo, ee, bokhutlo jo bo boitshegang jwa botlhe ba ba agileng mo lefatsheng.

Currently Selected:

SEFANIA 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy