YouVersion Logo
Search Icon

SEKARIA 1

1
Jehofa o bitsa batho go boela kwa go ene
1 E rile ka kgwedi ya bofera mebedi, ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario, lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Sekaria morwa Berekia, morwa Ido moperofeti, la re: 2“Jehofa o ntse a itumologetse borraeno thata. 3Ke gone jaana o ba reye o re: ‘Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: Boelang mo go nna, go bua Jehofa wa masomosomo, mme ke tlaa boela mo go lona,’ go bua Jehofa wa masomosomo. 4Lo se ka lwa nna jaaka borraeno, ba baperofeti ba pele ba ne ba kua mo go bone, ba re: ‘Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: Boang jaana mo ditseleng tsa lona tse di bosula, le mo ditirong tsa lona tse di bosula;’ mme ga ba a ka ba utlwa, le fa e le go ntheetsa, go bua Jehofa. 5Borraeno ba kae? Le baperofeti a ba tshela ka bosakhutleng? 6Mafoko a me le ditao tsa me tse ke di laoletseng baperofeti, batlhanka ba me, a ga di a ka tsa latela borraeno tsa ba tshwara? Mme ba boa, ba re: ‘Fela jaaka Jehofa wa masomosomo a ne a gopotse go re direla, ka fa mekgweng ya rona le ka fa ditirong tsa rona, o re diretse fela jalo.’ ”
Ponatshegelo ya moperofeti, ya dipitse
7E rile ka letsatsi la 24 la kgwedi ya 11, e e leng kgwedi ya Sebate, ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario, lefoko la ga Jehofa, la tla kwa go Sekaria morwa Berekia, morwa Ito moperofeti la re:
8 Ka leba bosigo, mme bonang, motho a palame pitse e le khunou, mme a bo a eme mo gare ga ditlhare tsa maretela tse di kwa tlase; morago ga gagwe go ne go le dipitse tse di khunou, le tse dikwebu, le tse di tshweu.
9Foo ka re: “Morena wa me, ke eng tse?” Mme moengele yo o buang le nna a nthaya, a re: “Ke tlaa go supetsa gore dilo tse ke eng.” 10Mme monna yo o ne a eme mo gare ga ditlhare tsa maretela a mphetola, a re: “Ba ke bone ba Jehofa o ba romileng, ba tlaa go ya kwa le kwa ba ralale lefatshe.”
11Mme ba fetola moengele wa ga Jehofa yo o emeng mo ditlhareng tsa maretela ba re: “Re sepeletse kwa le kwa re raletse lefatshe, mme bonang, lefatshe lotlhe le dutse fela, le mo boiketlong.”
12Foo moengele wa ga Jehofa a fetola, a re: “Jehofa wa masomosomo, e tlaa nna lobaka lo lokae o ntse o sa utlwele Jerusalema botlhoko le metse ya Juta, e o ntseng o le bogale nayo ka dinyaga tse di 70 tse?”
13Mme Jehofa a fetola moengele yo o buang le nna ka mafoko a a molemo, e bong mafoko a a gomotsang. 14Jalo moengele yo o buang le nna a nthaya a re: “Kua, o re: Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: ‘Ke lefufa le legolo ka ga Jerusalema le Sione. 15Ke itumologetse thata merafe e e ntseng ka boiketlo fela; gonne ke ne ke itumologile go le gonnye, mme ya tlhotlheletsa patiko.’
16“Ke gone ka moo, go bua Jehofa, a re: ‘Ke boetse mo Jerusalema ka mautlwelobotlhoko; ntlo ya me e tlaa agiwa mo go one.’ Go bua Jehofa wa masomosomo; mme mogala o tlaa namalalediwa Jerusalema.
17“Kua gape, o re: Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: ‘Metse ya me e tlaa nama e anama ka ntlha ya go tlhogonolofala; Jehofa o tlaa nama a gomotsa Sione, o tlaa nama a itshenkela Jerusalema.’ ”
Ponatshegelo ya moperofeti ya dinaka
18Mme ka tsholetsa matlho a me, ka leba, mme bonang, ga bo go le dinaka di le nne. 19Ka raya moengele yo o buang le nna, ka re: “Ke eng tse?” Mme a mphetola, a re: “Tse ke dinaka tse di phatlaladitseng Juta, le Iseraele le, Jerusalema.”
20Jehofa a ntshupetsa bathudi ba le bane. 21Foo ka re: “Bao ba tla go dirang?” Mme a bua a re: “Tseo ke dinaka tse di phatlaladitseng Juta, ga tsamaya ga se ka ga sala motho ope yo o tsholetsang tlhogo; mme bao ba tsile go di kgobola go latlhela fa fatshe dinaka tsa merafe e e kileng ya tsholeletsa lefatshe la Juta lonaka go le phatlalatsa.”

Currently Selected:

SEKARIA 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy