YouVersion Logo
Search Icon

TSHENOLO 1

1
Tshenolo ya ga Jesu Keresete
1Tshenolo ya ga Jesu Keresete, e Modimo o e mo neileng, gore a e bontshe batlhanka ba gagwe, e bong ya dilo tse di tlaa akofang di dirafala; mme a roma moengele wa gagwe, a e bolelela Johane motlhanka wa gagwe; 2yo o supileng ka ga lefoko la Modimo, le ka ga tshupo ya ga Jesu Keresete, ke go re ka ga dilo tsotlhe tse o di bonyeng. 3Go sego yo o balang, le ba ba utlwang mafoko a polelelopele e, ba ba ba boloka dilo tse di kwadilweng mo go yone; gonne lobaka lo atametse.
Ditumediso go diphuthego tse di supang
4 Nna Johane, ke kwalela diphuthego tse supa tse di mo lefatsheng la Asia, ka re: Tshegofatso e nne le lona le kagiso tse di tswang kwa go yo o gone, le yo o neng a ntse a le gone, le yo o tlaa tlang; le e e tswang mo Meweng e supa, e e fa pele ga setulo sa bogosi; 5 le mo go Jesu Keresete, yo e leng ene mosupi yo o ikanyegang, wa motsalwapele wa baswi, le molaodi wa dikgosi tsa lefatshe. Ene yo o re ratang, a re golola mo dibeng tsa rona ka madi a gagwe; 6 a re dira go nna bogosi le go nna baperesiti ba Modimo wa gagwe le Rraagwe; a kgalalelo e nne go ene, le puso ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.
7 Bonang, o etla a le mo marung; matlho otlhe a tlaa mmona, le ba ba mo tlhabileng; le ditso tsotlhe tsa lefatshe di tlaa mo leba di lela. Fela jalo, Amen.
8 “Ke nna ene Alefa le Omega,” go bua Morena Modimo o o gone, le o o ntseng o le gone, le o o tlang, e bong Mothatayotlhe.
Ponatshegelo ya ga Keresete mo go Johane
9Nna Johane, mogalona, le yo ke tlhakanetseng le lona pitlagano ya ga Jesu, le bogosi, le bopelotelele jwa gagwe, ke ne ke le mo setlhakeng se go tweng Patemose, ka ntlha ya lefoko la Modimo le tshupo ya ga Jesu. 10Ka bo ke tsenywe ke Mowa ka letsatsi la Morena, mme ka utlwa lentswe le legolo kwa morago ga me, e kete la lonaka, 11le bua, le re: “Se o se bonang, o se kwale mo lokwalong, mme o lo tsamaise le diphuthego tse supa; e bong kwa Efeso, le kwa Semurena, le kwa Peregamo, le kwa Thiatira, le kwa Saredise, le kwa Filatelefia, le kwa Laodikea.”
12Mme ka retologa, ka re ke bona lentswe le le mpuisang. Mme ya re ke retologile ka bona ditlhomo tsa gouta di supa tsa dipone; 13 mme mo gare ga ditlhomo ga bo go le mongwe yo o tshwanang le Morwa Motho, a apere kobo e e fitlhang kwa dinaong, a itlamile mo magetleng ka moitlamo wa gouta. 14 Tlhogo ya gagwe ya bo e le tshweu le moriri wa gagwe, jaaka boboa jo bosweu, go le gosweu jaaka kapoko; matlho a gagwe a bo a ntse jaaka kgabo ya molelo; 15 dinao tsa gagwe di ntse jaaka kgotlho e e gotlhilweng, jaaka e kete e ntlafaditswe mo leubeng; lentswe la gagwe ya bo e kete go suma ga metsi a le mantsi. 16A bo a tshotse dinaledi di supa ka seatla sa gagwe se segolo; mo molomong wa gagwe ga bo go tswa tšhaka e e lootsegileng, e e magale mabedi; sefatlhogo sa gagwe sa nna jaaka letsatsi fa le phatisma ka thata ya lone. 17 Ya re ke mmona ka wela fa dinaong tsa gagwe, ke ntse jaaka moswi fela. A mpaya seatla sa gagwe se segolo a re: “O se ka wa boifa; ke nna wa ntlha le wa bofelo, 18e bile ke nna Motshedi; ke ne ke sule, mme bonang, ke tshedile ka bosakhutleng; ke tshotse dikopololo tsa loso le tsa Bobipo. 19Ke gone o kwale dilo tse o di bonyeng, le dilo tse di le yong, le dilo tse di tlaa namang di dirafala; 20bokwateng jwa dinaledi tse supa tse o di bonyeng mo seatleng sa me se segolo, le jwa ditlhomo tsa dipone tse supa tsa gouta. Dinaledi tse supa ke baengele ba diphuthego tse supa; le ditlhomo tse supa tsa dipone ke diphuthego di supa.

Currently Selected:

TSHENOLO 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy