YouVersion Logo
Search Icon

FILEMONE 1

1
Tumediso
1Ke nna Paulo, mogolegwi wa ga Keresete Jesu, ke na le Timotheo mokaulengwe. Ke kwalela Filemone moratwa wa rona, le modiri ka rona. 2 O na le Apefia kgaitsadia rona, le Arekipo motlhabani ka rona, le phuthego e e mo ntlong ya gago.
3Ka re: Tshegofatso e nne le lona le kagiso, e e tswang Modimong Rraetsho le Morena Jesu Keresete.
Lorato le tumelo ya ga Filemone
4Ke leboga Modimo wa me ka metlha yotlhe, ke ntse ke go umaka mo merapelong ya me, 5ka ke utlwela lorato lwa gago, le tumelo e o e supang ka ga Morena Jesu, le ka ga baitshepi botlhe. 6Ke rapela gore bolekane jwa tumelo ya gago nabo bo tle bo nne le tiro, gore ba itse sengwe le sengwe se se molemo, se se mo go rona ntlheng ya ga Keresete; 7gonne ke bonye boitumelo jo bogolo le kgomotso mo loratong lwa gago, ka dipelo tsa baitshepi di rudisitswe ke wena, ngwana a rra.
Paulo o rapelela Onesimo
8Ke gone, le fa ke ne ke ka nna le tshosologo mo go Keresete go go laolela se se tshwanetseng, 9le fa go ntse jalo, ka ntlha ya lorato bogolo ke go rapela fela, ke le yo o tshwanang le Paulo wa monnamogolo, jaanong ke bile ke le mogolegwi wa ga Keresete Jesu. 10 Ke go rapelela ngwanake, yo ke mo tsaletseng mo dikgolegong tsa me; 11ke raya Onesimo, yo e rileng gale a bo a se na thuso mo go wena, jaanong o na le thuso mo go wena le mo go nna; 12yo ke mmuseditseng koo go wena ka sebele sa gagwe, ke go re ke busa pelo ya me tota; 13yo ke ne ke rata e ka bo ne ne fano ke sa ntse ke na nae, gore a ntirele mo boemong jwa gago, ke le mo dikgoleng tsa Mafoko a a Molemo. 14Mme ga ke na go dira sepe kwa ntle ga mogopolo wa gago; gore molemo wa gago o se ka wa nna jaaka e kete o a o patelediwa, mme gore o nne wa go itatola ga pelo ya gago fela.
15Gonne motlha mongwe o ne a kgaogantswe nao ka lobaka, ka ntlha ya gone moo, gore o tle o nne nae ka bosakhutleng; 16e sa tlhole e le motlhanka, mme go gaisa motlhanka; e le mokaulengwe yo o rategang thata mo go nna, bogolo jang mo go wena, mo nameng le mo Moreneng.
17Foo, fa o nkaya gore ke monkana wa gago, mo amogele fela jaaka e ka bo e le nna. 18Mme fa a go senyeditse ka gongwe, kgotsa fa a le molato nao, o tle o se beye kwa go nna. 19Ke nna Paulo ke kwalang ka seatla sa me, ka re, ke tlaa se lefa, ke sa go reye jaaka le wena ka wesi o le molato sebele sa gago mo go nna. 20Ee, ngwana a rra, a nke ke bone boitumelo ka ga gago mo Moreneng; rudisa pelo ya me mo go Keresete.
21E re ka ke ikantse kutlo ya gago, ke a go kwalela, ke ntse ke itse fa o tlaa dira fela o ba o fetisa mo ke go buang. 22O tle o mpaakanyetse bonno; gonne ke solofetse gore ke tlaa lo neelwa ka merapelo ya lona.
Ditumediso tsa bofelo
23 Epaferase, mogolegwi ka nna mo go Keresete Jesu, o a go dumedisa. 24 Le Mareko le Arisetareko, le Demase, le Luke, badiri ka nna ba bua jalo. 25A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le mewa ya lona. Amen.

Currently Selected:

FILEMONE 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy