YouVersion Logo
Search Icon

MALAKI 1

1
Lorato lwa Morena mo go Iseraele
1Molaetso wa lefoko la ga Jehofa mo go Iseraele ka Malaki.
2“Ke lo ratile,” go bua Jehofa. Le fa go ntse jalo, lo a tle lo re: “O re ratile mo go eng?” “A Esau e ne e se ngwana wa ga rraagwe Jakobe?” Go bua Jehofa. “Le fa go ntse jalo ka rata Jakobe. 3Esau ene ka mo ila, ka dira dithaba tsa gagwe tshwafalo, ka naya bophokoje ba naga boswa jwa gagwe.”
4E re ka boo ra Etome ba re: “Re humanegisitswe, mme re tlaa bowa, re tlaa aga mafelo a a senyegileng;” Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: “Ba tlaa aga, mme nna ke tlaa rutla;” a re: “Batho ba tlaa ba raya leina ba re: Molelwane wa boikepo, le gone, tšhaba e Jehofa o leng bogale nayo ka bosakhutleng.”
5Matlho a lona a tlaa bona, mme lo tlaa re: “A Jehofa a godisiwe kwa moseja ga molelwane wa Iseraele!”
Morena o kgalemela Baperesiti
6“Ngwana wa mosimane o tle a tlotle rraagwe, le motlhanka mong wa gagwe; mme fa ke le rra batho, tlotlo ya me e kae? Fa ke le mong wa batho, go mpoifa go kae? Go bua Jehofa wa masomosomo, a raya lona baperesiti ba lo nyatsang leina la me. Mme lo a tle lo re: ‘Ana re nyaditse leina la gago mo go eng?’ 7Lo isa senkgwe se se itshekolotsweng mo sebesong sa me. Lo re: ‘Re go itshekolotse mo go eng?’ Ke ka lo tle lo re: Lomati lwa ga Jehofa lwa bojelo lo nyatsegile. 8Mogang lo isang setlhabelo ka se se foufetseng, lo tle lo re: Ga se bosula bope! Fa lo isa setlhabelo ka se se tlhotsang le se se lwalang, lo tle lo re: Ga se bosula bope! A lo ko lo ye go se naya molaodi; a o tlaa go itumelela, kgotsa a o tlaa amogela sebele sa gago?” Go bua Jehofa wa masomosomo.
9“Jaana ke a lo rapela, lo lope tlhogonolofatso ya Modimo, gore o tle o nne pelotshweu mo go rona: Se, ke se se diretseng ka lona, a o tlaa amogela bangwe ba lona?” Go bua Jehofa wa masomosomo. 10“Ke rata jang go bo go na le mongwe mo go lona yo o ka tswalang mejako, gore lo se gotse molelo mo sebesong sa me ka lefela! Ga ke na kgatlhego mo go lona.” Go bua Jehofa wa masomosomo. “Mme ga nketla ke amogela tshupelo mo seatleng sa lona. 11Gonne go tswa botlhabatsatsi go ya fela phirimong ya lone, leina la me le legolo mo Merafeng; mme mo felong gongwe le gongwe maswalo a isediwa leina la me, le tshupelo e e itshekileng; gonne leina la me le legolo mo merafeng.” Go bua Jehofa wa masomosomo. 12“Mme lona lo le tlhapaditse, ka lo re: ‘Lojelo lwa ga Jehofa lo itshekologile,’ le loungo lwa lone, e bong dijo tsa gagwe: ‘Di nyatsegile.’ 13Gape lo a tle lo re: ‘Bonang, ke letsapa le legolo jang!’ Mme lo le dupeletse fela,” go bua Jehofa wa masomosomo. “Lo lerile se se gapilweng ka thata, le se se tlhotsang, le se se lwalang; lo lere tshupelo jalo. A ke tshwanetse go amogela se mo seatleng sa lona?” Go bua Jehofa. 14“A go hutsege motsietsi yo o nang le e tona mo letsomaneng la gagwe, mme a ikane, a isetse Jehofa setlhabelo ka sengwe se se nang le bogole. Gonne ke Kgosi e Kgolo, go bua Jehofa wa masomosomo, mme leina la me le a boitshega mo merafeng.”

Currently Selected:

MALAKI 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy