YouVersion Logo
Search Icon

LUKE 13

13
Ikwatlhaeng go sa na le nako
1Jaana e rile ka lobaka loo ga bo go le bangwe teng, ba molelela ka ga Bagalilea, ba madi a bone Pilato o a tlhakantseng le ditlhabelo tsa bone. 2Mme Jesu a ba fetola a re: “A lo itlhoma gore Bagalilea bao e ne e le baleofi bogolo go Bagalilea botlhe, ka ba bogile dilo tse? 3Ke a lo raya, nnyaa; fa lo sa ikwatlhaye, le lona lotlhe lo tlaa nyelela fela jalo. 4Kgotsa ba ba 18 bale, ba kago e e godileng e ba wetseng, ya ba bolaya mo Siloame, a lo itlhoma gore e ne e le baleofi go feta batho botlhe ba ba agileng mo Jerusalema? 5Ke a lo raya, nnyaa; fa lo sa ikwatlhaye, le lona lotlhe lo tlaa nyelela fela jalo.”
Setshwantsho sa mofeige o o sa ungweng
6A bua setshwantsho ke se, a re: “Monna mongwe o ne a na le setlhare sa mofeige se tlhomilwe mo tshimong ya gagwe ya mafine; mme a tla go batla loungo mo go sone, mme a se ka a fitlhela sepe. 7A raya mmaakanyi wa mafine a re: ‘Bona, dinyaga tse tharo tse, ke ntse ke tla go batla loungo mo setlhareng se, sa mofeige, mme ke sa fitlhele sepe; a se rengwe; se bile se emeletseng lefela mo mmung?’ 8A mo fetola a re: ‘Morena, a ko o se lese le ka ngwaga ono, ke tle ke se lemele, ke se tsenye motshotelo. 9E tlaa re fa se ungwa go tlaa nna molemo; fa go sa nne jalo, foo o tlaa itse go se rema.’ ”
Jesu o fodisa mosadi yo o segole ka Sabata
10Ya re ka letsatsi la Sabata a bo a ruta mo go nngwe ya matlo a thuto. 11Bonang, ga bo go le motsadi mongwe yo o sa leng a tsenwa ke mowa wa seemera, ka dinyaga di le 18; mme a bo a hutaganye; a sa ka ke a ikinamolola ka gope. 12Mme Jesu ya re a mmona, a mmitsa, a mo raya a re: “Mosadi, o golotswe mo seemereng sa gago.” 13Mme a baya diatla tsa gagwe mo go ene, mme a siamisiwa fela ka bonako; mme a galaletsa Modimo.
14 Molaodi wa ntlo ya thuto ka a gakaditswe ke Jesu, ka a fodisitse ka letsatsi la Sabata, a raya batho a re: “Go malatsi a le marataro a batho ba tshwanetseng go dira ka one; ke gone tlang lo fodisiwe ka one, e seng ka letsatsi la Sabata.” 15Mme Morena a mo fetola a re: “Baitimokanyi ke lona, a le mongwe le mongwe wa lona a e a re go le letsatsi la Sabata a golole kgomo ya gagwe le esela ya gagwe mo ntlong ya yone, a e goge a ye go e nosa? 16Mosadi yo e le morwadia Aberahame, yo Satane o sa le a mo golega ka dinyaga di le 18, a ga a a tshwanelwa ke go gololwa mo kgoleng e, ka letsatsi la Sabata?” 17Ya re a sena go bua dilo tse, baganetsi botlhe ba gagwe ba tlhabisiwa ditlhong; mme bontsi jotlhe jwa batho jwa itumela, ka ntlha ya dilo tsotlhe tsa kgalalelo tse di dirilweng ke ene.
Setshwantsho sa peo ya mosetara
(Math 13:31-32; Mar 4:30-32)
18Ke gone o ba reileng a re: “Ana bogosi jwa Modimo bo tshwana le eng? Mme ke tlaa bo tshwantsha ka eng? 19Bo tshwana le tlhaka ya peo ya mosetara, e motho o ne a e tsaya, a e latlhela mo tshimong ya gagwe; mme ya gola, ya tswa setlhare: dinonyane tsa loapi tsa aga mo dikaleng tsa sone.”
Setshwantsho sa sebediso
(Math 13:33)
20Gape a re: “Ke tlaa tshwantsha bogosi jwa Modimo ka eng? 21Bo tshwana le sebediso se mosadi o ne a se tsaya, a se tsenya mo dielong di le tharo tsa boupi, ga tsamaya jwa bela jotlhe fela.”
Kgoro e e pitlaganyeng
(Math 7:13-14,21-23)
22A nna a tsamaya a ralala metse le metsana, a ruta, a ntse a etela kwa Jerusalema. 23Mongwe a mo raya a re: “Morena, ba ba bolokwang a ba ba botlana?” Mme a ba raya a re: 24“Ganelang go tsena ka kgoro e e pitlaganyeng; gonne ke a lo raya, bantsi ba tlaa batla go tsena, mme ba tlaa retelelwa. 25E tlaa re fa mong wa ntlo a setse a nanogile, mme a tswadile ntlo, mme lo simolola go ema ka fa ntle, lo kgwanyakgwanya setswalo, lo re: ‘Morena, Morena, re bulele;’ mme fa a lo fetola a re: ‘Ga ke lo itse kwa lo tswang teng;’ 26e dira gone lo tlaa simololang go re: ‘Re kile ra ja ra nwa fa pele ga gago, mme o ne wa ruta mo mebileng ya rona.’ 27 Mme ene o tlaa re: ‘Ke a lo bolelela, ga ke lo itse kwa lo tswang teng; ntlogelang lona lotlhe badiri ba tshiamololo.’ 28 Go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno, mogang lo bonang Aberahame le Isake, le Jakobe, le baperofeti botlhe mo bogosing jwa Modimo, mme lona lo kgoromeleditswe kwa ntle. 29Mme ba tlaa tswa kwa botlhabatsatsi, le kwa bophirimatsatsi, le kwa botsheka le kwa borwa, mme ba tlaa dula mo bogosing jwa Modimo. 30 Bonang, go na le ba morago ba ba tlaa nnang ba pele, go bile go na le ba pele ba ba tlaa nnang ba morago.”
Jesu o hutsafalela Jerusalema
(Math 23:37-39)
31Ya re ka nako eo fela, ga tla bangwe ba Bafarisai, ba mo raya ba re: “Tswa mono o tsamaye, gonne Herote o rata gobo a ka go bolaya.” 32Mme a ba raya a re: “Yang lo reye phokoje eo lo re: Bona, ke kgoromeletsa mewa e e maswe ntle, ke fodisa gompieno le ka moso, mme e tlaa re ka letsatsi la boraro ke be ke dirwa boitekanelo. 33Le fa go ntse jalo ke na le go tswelela pela gompieno le ka moso, le ka moso o mongwe; gonne ga go ka ke ga nna go re moperofeti o ka swela kwa ntle ga Jerusalema.
34“Jerusalema we! Jerusalema we! Wena yo o bolayang baperofeti, o kgobotletsa ka maje ba ba rongwang kwa go wena; ke ka bo ke phuthile bana ba gago mmogo gantsi jang, jaaka koko e tle e phuthele mamphorwana a yone mo diphukeng tsa yone, mme lo ganne. 35 Bona, ntlo ya lona lo e tlogeletswe e le letlotla fela; ammaaruri ke a lo raya, ga lo ketla lo tlhola lo mpona, go tle go tsamaye lobaka lo tle, lo lo tlaa buang ka lone, lo re: ‘Go bakwe ene yo o tlang mo ineng la Morena.’ ”

Currently Selected:

LUKE 13: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy