YouVersion Logo
Search Icon

LUKE 12

12
Tlhagiso kgatlhanong le boitemokanyi
(Math 10:26,27)
1 Gone foo, fela go sena go phuthega boidiidi jwa batho, ba ba ba tla ba ba katakalana, a simolola go raya barutwa ba gagwe sa ntlha a re: “Lo itise mo sebedisong sa Bafarisai, se e leng boitimokanyo. 2 Ga go ne sepe se se bipilweng, se se se ketlang se senolwa; le fa e le se se fitlhegileng, se se ketlang se itsege. 3Ke gone tsotlhe tse lo di buileng mo lefifing di tlaa utlwiwa mo leseding; le se lo se sebileng mo matlwaneng a a kwa teng, se tlaa kakanngwa mo ditlhoeng tsa matlo.
Go na le yo o tshwanetsweng ke go boifiwa
(Math 10:28-31)
4“Ke a lo raya ditsala tsa me ka re: Se boifeng ba ba bolayang mmele, mme kwa morago ba sa tlhole ba na le se ba ka se dirang. 5Ke tlaa lo tlhagisa ka ga yo lo tlaa mmoifang; ka re: Boifang ene yo e tlaa reng a sena go bolaya, a bile a na le thata go latlhela mo moleteng, ee, ke a lo raya, boifang ene.
6“Dithaga di le tlhano, a ga di rekwe ka madinyana a le mabedi? Mme go bo go se epe ya tsone e e lebalwang fa pele ga Modimo. 7Le meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe; ke gone, se boifeng; gonne lo molemo bogolo go dithaga di le dintsi.
Go ipolela Keresete fa pele ga batho
(Math 10:32-33; 12:32; 10:19-20)
8“Ke a lo raya ka re, le fa e le mang yo o tlaa impolelang fa pele ga batho, Morwa Motho le ene o tlaa mo ipolela fa pele ga baengele ba Modimo; 9mme yo o tlaa intatolang fa pele ga batho, o tlaa itatolwa fa pele ga baengele ba Modimo.
10 “Le mongwe le mongwe yo o tlaa buang lefoko le le tswitlang Morwa Motho, o tlaa go itshwarelwa; mme yo o tlhapatsang Mowa o o Boitshepo, ga a ketla a go itshwarelwa.
11 “Mogang ba lo isang fa pele ga ditsheko tsa matlo a thuto, le kwa balaoding, le bathata, lo se ka lwa tlhodiegela gore lo tlaa fetola jang, le fa e le gore lo tlaa reng, gongwe gore lo tlaa buang. 12Gonne Mowa o o Boitshepo o tlaa lo ruta mo lobakeng loo fela se lo tshwanetseng go se bua.”
Setshwantsho sa mohumi wa seeleele
13Mongwe mo bontsing a mo raya a re: “Moruti, bua le mogolole gore a kgaogane boswa le nna.” 14Mme a mo raya a re: “Monna, ke dirilwe e mang moatlhodi le moabi mo go lona?” 15A ba raya a re: “Tlhokomelang lo bo lo itise mo bopelotshetlheng; gonne botshelo jwa motho ga bo a ema mo letlotlong la dithoto tse o nang natso.”
16A bua setshwantsho nabo a re: “Lefatshe la mohumi mongwe la ungwisa segolo. 17Mme a ithaya a re: ‘Ke tlaa dirang ka ke se na mo ke ka bolokelang maungo a me teng?’ 18A re: ‘Ke tlaa dira jaana: Ke tlaa rutla matlo a me a mabolokelo, ke aga a sele a magolo; mme ke tlaa bolokela mabele a me le dithoto tsa me teng. 19Ke tlaa raya mowa wa me ke re: Mowa, o na le dithoto di tona, di boloketswe dinyaga di le dintsi; iketle, o je, o nwe, o dire mokete.’ 20Mme Modimo wa mo raya wa re: ‘Seeleele ke wena, mowa wa gago o lopiwa mo go wena sigong jono; mme dilo tse o di baakantseng di tlaa nna tsa ga mang?’
21“Le ene yo o ikhumelang fela a sa humele Modimo, o ntse fela jalo.”
Ikanye Modimo
(Math 6:25-33)
22A raya barutwa ba gagwe a re: “Ke gone ke lo rayang ke re: Se tlhobaeleng ka ga botshelo jwa lona, gore lo tlaa ja eng; le fa e le ka ga mmele gore lo tlaa apara eng; 23gonne botshelo bo gaisa dijo, le mmele disparo. 24Elang mahukubu tlhoko, lo bone fa a sa jale, a sa robe; ga a na letlole le fa e le sebolokelo; mme Modimo o a a jesa; lona lo tlhwatlhwa e kgolo jang go feta dinonyane! 25Ke ofe wa lona yo o ikoketsang boleele jwa letsogo, le fa e le le lengwe fela ka go tlhobaela? 26E ka re fa lo sa nonofa go dira se sennyennyane, ana lo tlhobaelelang tse dingwe? 27 Elang dithunya tsa masoma tlhoko, ka fa di golang ka teng; ga di dire, ga di otlhe; le fa go ntse jalo ke a lo raya, le ene Solomone, mo kgalalelong yotlhe ya gagwe, o ne a sa kgabe jaaka sengwe sa tseo. 28Fa e bo ne ne Modimo o apesa bojang jo bo mo nageng jalo, jo e a reng gompieno bo eme mo nageng, e re ka moso bo latlhelwe mo pesetsong; bogolo jang a ga o ketla o apesa lona, lona ba lo tumelo e potlana?
29“Se batleng se lo tlaa se jang, le se lo tlaa se nwang, le gone lo se ka lwa etsaetsega. 30Gonne dilo tsotlhe tse, di batlwa ke merafe ya lefatshe; mme Rraeno o a itse fa lo tlhoka dilo tse. 31Bogolo batlang bogosi jwa one, mme dilo tsotlhe tse, lo tlaa di okelediwa.
Dikhumo kwa legodimong
(Math 6:19-21)
32“Letsomanyane, se boifeng, gonne Rraeno o natefelwa ke go lo naya bogosi. 33Rekisang tse lo nang natso, mme lo ntshe maatso; itireleng dipatana tsa madi tse di sa onaleng, lohumo kwa magodimong lo lo sa tlhaeleng, kwa go sa atameleng legodu lepe teng, le fa e le motoutwana go senya teng. 34Gonne kwa lohumo lwa lona lo leng teng, dipelo tsa lona le tsone di tlaa nna teng.
Batlhanka ba ba tlhoko
35 “A ditheka tsa lona di tlangwe, le dipone tsa lona di tuke; 36 le lona lo nne jaaka batho ba ba lebeletseng morena wa bone, fa a boa kwa modirong wa nyalo; gore e tle e re a tla a kgwanyakgwanya, ba mmulele ka bofefo. 37Go sego batlhanka bao, ba e tlaa reng morena wa bone a tla, a ba fitlhele ba lebeletse; ammaaruri, ke a lo raya, o tlaa ikokwaela, a ba dudisa go ja, mme o tlaa tla a ba neela dijo. 38Fa a ka tla ka tebelo ya bobedi bosigo, le fa a ka tla ka tebelo ya boraro, mme a ba fitlhela jalo, ba bo ba le sego batlhanka bao. 39 Itseng se, gore fa mong wa ntlo a ka bo a itsile nako e legodu le tlaa tlang ka yone, o ka bo a disitse, mme a ko a se ka a leseletsa ntlo ya gagwe ya phunngwa. 40Le lona etleetsegang; gonne Morwa Motho o tla ka nako e lo sa e gopoleng.”
Motlhanka yo o boikanyo kgotsa yo o leferefere
(Math 24:45-51)
41Foo Petere a mo raya a re: “Morena, setshwantsho se, a o se bua le rona, kgotsa o se bua le botlhe fela?”
42Morena a re: “Molebalebi yo o ikanyegang, yo o botlhale, e be e le mang, yo morena wa gagwe o tlaa mo laodisang ba ntlo ya gagwe, gore a ba abele dijo mo lobakeng lo e leng lone? 43Go sego motlhanka yoo, yo e tlaa reng morena wa gagwe a tla, a mo fitlhele a ntse a dira jalo. 44Ammaaruri ke a lo raya, o tlaa mmaya molaodi wa dilo tsotlhe tse o nang natso. 45Mme fa motlhanka yo a ka ithaya mo pelong ya gagwe a re: ‘Morena wa me o diegile go tla;’ mme a simolola go betsa batlhanka le malata, le go ja le go nwa, le go tagwa; 46morena wa motlhanka yoo o tlaa tla ka letsatsi le o sa mo lebeleleng ka lone, le ka nako e o sa e itseng, mme o tlaa mo kgwathisa thata, a mo laolela kabelo ya gagwe le ba ba se nang boikanngo.
47“Mme motlhanka yo o itsileng go rata ga morena wa gagwe, mme a se ka a ipaakanya, le fa e le go dira ka fa go rateng ga gagwe, o tlaa bediwa dithupa di le dintsi. 48Mme yo o se kang a itse, mme a dira dilo tse di tshwanetseng dithupa, o tlaa bediwa dithupa di le dipotlana. Le gone, le fa e le mang yo o neilweng segolo, go tlaa lopiwa segolo mo go ene; le motho yo batho ba mo neetseng go le gotona, ba tlaa lopa mo go fetisang mo go ene.
Jesu o tsisitse molelo le kgaogano
(Math 10:34-36)
49“Ke tsile go latlhela molelo mo lefatsheng; mme ke sa eletsa eng fa jaana o setse o gotsitswe? 50 Ke na le kolobetso e ke nang le go kolobediwa ka yone; mme ke pitlaganye jang go tsamaye go dirafale! 51A lo itlhoma gore ke tsile go aba kagiso mo lefatsheng? Ke a lo raya, nnyaa; mme bogolo kgaogano. 52Gonne go tloga fano batho ba le batlhano, ba e leng ba ntlo e le nngwe fela, ba tlaa kgaogana, ba bararo ba ganele le ba babedi, le ba babedi ba ganele le ba bararo. 53 Ba tlaa kgaogana: Rra motho a ganele le morwawe, le morwa a ganele le rraagwe; mma motho a ganele le morwadie, le morwadi a ganele le mmaagwe; matsala a motho a ganele le ngwetsi ya gagwe; ngwetsi le matsalaagwe.”
Go lemoga ditshupo tsa dipaka
(Math 16:2-3)
54Le gone a raya matshutitshuti a batho a re: “E a tle e re lo bona leru le tlhatloga kwa bophirimatsatsi, lo re: ‘Go tla mookodi;’ mme go dirafale jalo. 55E re lo bona phefo ya borwa e foka, lo re: ‘Go tlaa nna mogote o o fisang;’ mme go dirafale. 56Baitimokanyi ke lona, lo itse go phutholola ponalo ya legodimo le ya lefatshe; mme go ntse jang lo sa itse go phutholola motlha ono?
Utlwana le moganetsi wa gago
(Math 5:25-26)
57“Ana, mme go ntse jang, lona ka losi ga lo sekasekeleng se se siameng? 58Gonne e a re fa o ya le moganetsi wa gago kwa molaoding, o tlhoafalele gore o re o sa ntse o le mo tseleng, o gololwe mo go ene; gore e se re kgotsa a go gogela fa pele ga moatlhodi, mme moatlhodi a go neela leotlana, mme leotlana le go latlhela mo ntlong ya kgolegelo.
59“Ke a go bolelela, ga o ketla o tswa teng gope, o ise o bo o lefe ledinyana la bofelo pele.”

Currently Selected:

LUKE 12: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy