YouVersion Logo
Search Icon

JOŠUA 1

1
Jehofa o laola Jošua go fenya Bakanana
1Jaana ga dirala e rile morago ga loso lwa ga Moše motlhanka wa ga Jehofa, Jehofa a bua le Jošua morwa Nune, modiredi wa ga Moše, a re: 2“Moše motlhanka wa me o sule; jaana nanoga o kgabaganye Joretane ono, wena le tšhaba e yotlhe, lo ye kwa lefatsheng le ke le ba nayang, e bong bana ba Iseraele. 3 Gongwe le gongwe fa pato ya lonao lwa lona e tlaa go gatang, ke go lo neile jaaka ke buile le Moše. 4Go simologa kwa nageng, le Lebanone yo, go ya fela kwa nokeng e kgolo, noka ya Euferatese, lefatshe lotlhe la Bahite go ya kwa lewatleng le legolo ntlheng ya bophirimatsatsi, e tlaa nna molelwane wa lona. 5 Ga go ketla go nna motho ope yo o tlaa nonofang go ema fa pele ga gago malatsi otlhe a botshelo jwa gago; jaaka ke ne ka nna le Moše, ke tlaa nna nao jalo; ga nke ke go latlha le fa e le go go tlogela. 6 Nna thata le pelokgale, gonne ke wena yo o tlaa nayang setšhaba se lefatshe le ke neng ka ikanela go le naya borraabo. 7Fela o nne thata le pelokgale, go tlhokomela go dira ka fa molaong otlhe, o Moše motlhanka wa me o o go laoletseng; o se ka wa o fapoga wa ya ka fa ntlheng ya le legolo kgotsa go la molema, gore o tle o bone go segofala sentle kwa le kwa o yang teng. 8Lokwalo lo lwa molao, lo se tloge mo molomong wa gago, o akanye mo go lone motshegare le bosigo, gore o tlhokomele go dira ka fa go tsotlhe tse di kwadilweng mo go lone, gonne tsela ya gago e tlaa nna le letlhogonolo jalo, mme o tlaa bona go segofala sentle. 9A ga ke a go laola? Nna thata le pelogale; o se boifisiwe, le gone o se ka wa raraana, gonne Jehofa Modimo wa gago o na nao kwa le kwa o yang gone.”
Jošua o ntsha taolo ya go re batho ba tshele noka ya Joretane
10Foo Jošua a laola bagolo ba batho, a re: 11“Ralalang bothibelelo, lo laole batho, lo re: ‘Lo ipaakanyetseng mefago; gonne e tlaa re malaatsi e le mararo a ise a fete lo tlaa bo lo kgabaganya Joretane ono, lo ya go tsena lo rua lefatshe le Jehofa Modimo wa lona o le lo nayang go le rua.’ ”
12 Jošua a bua le Barubene, le Bagate, le ba ntlhanngwe ya lotso lwa ga Manase, a re: 13“Gakologelwang lefoko le Moše motlhanka wa ga Jehofa o le lo laoletseng, a re: ‘Jehofa Modimo wa lona o lo naya boikhutso, o tlaa lo naya lefatshe le.’ 14Basadi ba lona, le banyana ba lona, a ba nne le dikgomo tsa lona, mo lefatsheng le Moše o le lo neileng moseja ono ga Joretane; mme lona lo kgabaganye fa pele ga bana ba rraeno lo tlhometse, e bong banna botlhe ba ba diganka ba ba pelokgale, mme lo ba thuse; 15go tsamaya Jehofa a naya bana ba rraeno boikhutso, jaaka a neile lona, le bone ba rua lefatshe le Jehofa Modimo wa lona o le ba nayang; foo lo tlaa boela lefatsheng la thuo ya lona, lo le rua, e bong Moše motlhanka wa ga Jehofa o le lo neileng moseja ono ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi.”
16Ba fetola Jošua, ba re: “Tsotlhe tse o di re laoletseng re tlaa di dira, le kwa le kwa o re romang teng re tlaa ya. 17Jaaka re reeditse Moše mo dilong tsotlhe, le wena re tlaa go reetsa jalo: ra re: A Jehofa Modimo wa gago o nne nao, jaaka o ne a nna le Moše! 18Le fa e le mang yo o tlaa tsuololelang taolo ya gago, a gana go reetsa mafoko a gago mo go tsotlhe tse o di mo laolelang, o tlaa bolawa; fela, o nne thata le pelokgale.”

Currently Selected:

JOŠUA 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy